>

>

BUISA GO FETA

 Mop Peet van der Merwe a re go tsoma diphologolo tse di tlhaga go ja Aforikaborwa madi a mantsi go feta ka fa go neng go fopholeditswe ka gone.

 

Go tsoma diphologolo tse di tlhaga go tura thata mo ikonoming ya Aforikaborwa go feta ka fa go neng go akanngwa ka gone.

Patlisiso e ntšha e e okametsweng ke Mop Peet van der Merwe wa yuniti ya Patlisiso ka tsa Bojanala mo Tikologong ya tsa Ikonomi le mo Loagong (Tourism Research in Economic Environs and Society (TREES), ka go dirisana mmogo le Batsomi ba Seporofešenale ba Aforika Borwa (Professional Hunters of South Africa [PHASA]), e bontshitse gore go ka ja bokana ka R1,98 bilione, kgotsa go feta.

 

"Patlisiso ya rona, e e neng e tsepile thata go bajanala ba dinaga di sele kgotsa go batsomi, e bontsha gore batsomi ba dirisa palogare ya didolara tsa US di le 10 300 mo leetong ka lengwe la go tsoma," go bolela jalo Mop Van der Merwe. “Madi ao e ka nna bokana ka R134 500. Patlisiso ya nako e e fetileng e re e dirileng ka 2013 e ne e batla e se ntsi go le kalo mme e ne ya bontsha gore go tsoma diphologolo tse di tlhaga go ne ga tsenyetsa ikonomi R1,3 bilione. Le fa e le madi a le mantsi, re nyatsa boleng jwa one."

 

"Gape seno se raya gore mmaraka o tshwanetse go tlogela go nyatsa batsomi," "Batsomi ga ba batle go tsiediwa ka go nna le seabe mo tirong e e seng ya mmatota ya go tsoma - ba batla maitemogelo a a boammaaruri a go dira seno mo Aforika. E re ka kgaisano ya teng e gola go tswa kwa Namibia, intaseteri e tshwanetse go tlamela ka tiro ya go tsoma ya boleng jo bo kwa godimo le maitemogelo."

 

Peet a re kgaisano go tswa kwa dinageng tse di jaaka Namibia e solegela molemo intaseteri ya go tsoma. "Go botlhokwa gore re tswelele pele re sekaseka boleng jwa kumo ya rona gore re nne baeteledipele mo intasetering eno."

 

"Ga go na tsela e e di gaisang tsotlhe ya go maketa go gaisa 'go maketa ka molomo', le go tlamela ka kumo le maitemogelo a boleng jo bo kwa godimo, seno se tla re baya mo boemong jo bo siameng. Le fa go ntse jalo, seo ga se a lekana. Lefapha la Bosetšhaba la Bojanala (National Department of Tourism [NDT]) le dira ka natla go maketa Aforikaborwa jaaka lefelo la bojanala le la ikonomi, mme le maketiwa thata ke setheo sa poraefete se e leng beng ba kumo e e maketiwang le PHASA.  Ke mmaraka o o nang le tlhopho, me go ka dirwa go le gontsi ka NDT go o tshegetsa.

 

diphologolo tse di tlhaga go ja Aforikaborwa bokana ka R1,98 bilione