>

>

BUISA GO FETA

YBB e tsaya maitshwaro
a a siameng a go dira patlisiso masisi

Fa re tla mo maitshwarong a go dira patlisiso, ga re repise letsogo. Seno se tlhalositswe sentle kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale e e neng e tshwaretswe kwa senthareng ya khonferense ya laeborari mo khamphaseng ya Mahikeng ka kgwedi ya Diphalane.

 

Kokoano ya go tlhabana botlhale ya malatsi a le mararo e ne e bua ka boitshwaro jo bo siameng jwa go dira patlisiso le mekgwa ya mo laboratoring ya baithuti ba morago ga gerata ya bongaka le ba morago ga kalogo, dimmenejara tsa laboratori le bategeniki mo teng ga yunibesiti le ka kwa ntle ga yone.

 

Kokoano ya go tlhabana botlhale e ne ya tshwara ka go dirisana mmogo le baakatemi ba babedi ba Iowa State University, e leng Mop Larry J Halverson le Mop Gwyn A Beattie, ka di 13, 16 le di 17 Diphalane.  Gareng ga tse dingwe, boikaelelo jwa yone e ne e le go rotloetsa go dirwa ga ditiro tsa laboratori tsa botsamaisi ka katlego le kwa ntle ga go fitlha sepe, go rotloetsa tiro ya seporofešenale mo tirong le tiro e e siameng/botshelo jo bo lekalekaneng, go rotloetsa mowa wa go ithuta o o tla dirang gore go dirwe patlisiso e e atlegileng le go rotloetsa dikgono tsa mekgwa e e siameng ya go rarabolola bothata.

 

Fa Mop Olubukola Babalola, mokaedi wa lefelo la patlisiso, Go Bolokwa ga Dijo di le Phepa e bile di Sireletsegile, o ne a re, “Patlisiso ke nngwe ya ditiro tsa konokono tsa yunibesiti nngwe le nngwe. YBB e lebeletse gore babatlisisi ba ikanyege le go itshwara sentle mo tirong ya bone ya patlisiso le go ruta ba bangwe kitso."

 

O ne a konela ka go gatelela gore jaaka setheo sa thutogodimo, boikaelelo jwa YBB ke go rotloetsa babatlisisi le baithuti go dira gore go nne le tikologo e mo go yone go nang le boitshwaro jo bo siameng jwa maemo a a kwa godimo le maitshwaro a a siameng a go dira patlisiso le gore seno ke se se lebeletsweng mo go bone.

 

Mop Olubukola Babalola o dumela gore maitshwaro a a siameng a go dira patlisiso a botlhokwa thata.