Bakaedi ba baša
ba HR ba tlhagafetse, ba ititeile sehuba e bile ba na le maitemogelo
Fa o le mosadi, ga go motlhofo go tlhatloga maemo mo tirong. Bakaedi ba bararo ba baša kwa Bathong le Setso (HR ya pele) ba bontshitse gore seno se ka dirwa ka go dira ka natla, go ikemisetsa le ka go rata thata se o se dirang.
Moh Vuyiswa Xoba o tlhomilwe go nna mokaedi wa tlhabololo ya setlamo, Moh Evalancia Jones jaaka mokaedi yo moša wa tsamaiso ya ditiro le ditirelo tsa badirelwa, mme Moh Prudence Mohoto jaaka mokaedi wa botsamaisi jwa ditalente.
Go tswa go maemo a modiredi wa tlhokomelo ya tsa kalafi go ya go a go nna mankge wa HR
Vuyiswa Xoba yo o tswang kwa Orkney, torotswana ya kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima, o ne a simolola tiro ya gagwe ya boitshediso ka go ithutela go nna mooki. Fa a sena go lemoga ka fa a ratang batho thata ka gone, o ne a tlogela booki mme a nna leloko la lefapha la tsa badiri.
Mo dingwageng di le 11 tse di fetileng, o dirile mo ditlamong tse di farologaneng tsa kgwebo mo maemong a a farologaneng a a amanang le lefapha la tsa badiri. Pele a tla yunibesiting, o ne a le mmenejara wa go ithuta le tlhabololo kwa Sun International kwa Bloemfontein. O ne a tlhomiwa go nna mokaedi wa YBB wa tlhabololo ya setlamo go simolola ka 11 Lwetse monongwaga.
"Ke batla go tsenya letsogo go thusa go aga setheo se se kitlaneng se se fetogileng ka go dirisa matsholo a a farologaneng a a dirwang mo setheong le go nitamisa setlamo," Vuyiswa bolela jalo. Mo tirong ya gagwe e ntšha, se a batlang go se eteletsa kwa pele ke go tokafatsa mekgwa le ditsamaiso tsa yunibesiti, jaaka karolo ya mokgwa o moša wa go dira tiro.
“Mo tirong yotlhe ya me ya boitshediso ke ile ka tlhopha ka kelotlhoko maikarabelo a a nnayang tšhono ya go direla ba bangwe. Ke motho yo o dumelang thata gore pele o ka nna moeteledipele, o tshwanetse go direla ba bangwe,"o bolela jalo.
Dilo tse di etelediwang kwa pele ke matswela a a siameng le boleng
Poifo ya rona e e tseneletseng ga se gore ga re na bokgoni. Poifo ya rona ke gore re nonofile go feta tekano." Nopolo eno ya mokwadi wa Moamerika yo gape e leng motlhatlheledi e leng Marianne Williamson ke yone e e rotloetsang Evalancia Jones gore a ntshe ga tshwene.
O simolotse go dira kwa YBB ka 2012 e le mokaedi wa lefapha la tsa badiri wa ditirelo tsa ditlelaente, a dira mo go se ka nako eo e neng e le Khamphase ya Potchefstroom le Ofisi ya Setheo. Ka kgwedi ya Phukwi, morago ga thulaganyo ya go rulaganngwa ga dilo boša, maphata a Ditirelo tsa Ditlelaente a Lefapha la tsa Badiri le a Tsamaiso ya Ditiro a ne a kopanngwa, mme a tlhomiwa go nna mokaedi wa one.
"Mo tirong e ntšha eno, ke ikaelela go dira gore dilo di dirwe sentle go tswa fela kwa tshimologong. Ke tla tshwanelwa ke go simolola dilo fela kwa tshimologong ke sekaseke bokgoni jwa badiri ba rona, ditsamaiso tse di leng teng tsa HR, ke sekaseke go bona gore a dipholisi tsa HR le dikaelo tsa teng di thusa ka se se tlhokwang ke kgwebo le go bona gore diphelelo e nna dife fa go dirwa tirelo eo," Evalancia o bolela jalo.
O ithutetse masetase ya tsamaiso ya bosetšhaba kwa Yunibesiti ya Kapa Bophirima le MBA ya gagwe kwa Yunibesiting ya Stellenbosch, mme ga jaanong jaana o ithutela gerata ya bongaka ya botsamaisi jwa kgwebo kwa Yunibesiting ya Bath kwa United Kingdom.
O ikemiseditse go isa yunibesiti kwa mankalengkaleng
E re ka Prudence Mohoto a na le maitemogelo a a fetang a dingwaga di le 12 mo lefapheng la tsa badiri, o dira tiro ka mokgwa o moša mo maemong a gagwe a go nna mokaedi wa botsamaisi jwa ditalente, ka a ile a dira mo maemong a go nna mo HR kwa ditlamong tse di jaaka Spar Group.
Fa a ne a botswa gore a ka rata go dira eng se seša mo tirong ya gagwe, o ne a re: "Ke batla gore setlhopha sa me se dire mmogo go ngoka, go tsoma, le go fudusetsa batho mo ditirong tse dingwe le go atswa talente e YBB e nang le yone."
Moagi wa nako e e fetileng wa kwa Pretoria o dumela fela thata gore thuto e isa kwa katlegong. O rulaganyetsa go tsweletsa pele dithuto tsa gagwe mo bogautshwaneng,.
YBB e lebile pele go solegelwa molemo ke talente eno, boineelo le mokgele o Prudence, Evalancia le Vuyiswa ba tlileng ka tsone mo maemong a bone a maša.
Moh Vuyiswa Xoba o tlhomilwe go nna mokaedi wa tlhabololo ya setlamo.
Mohumagadi Evalancia Jones ke mokaedi yo moša wa ditiro le ditirelo tsa badirelwa.
Moh Prudence Mohoto o ne a tlhomiwa go nna mokaedi wa botsamaisi jwa ditalente.