>

>

BUISA GO FETA

Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi la YBB le ne la tsaya maemo a ntlha gape ka nako ya Diawate tsa Patlisiso tsa Maemo a a kwa Godimo ka di 27 Diphalane. Legoro le fentse maemo a Mmatlisisimogolo yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe le Mmatlisisimmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe, fela jaaka ba dirile mo ngwageng o o fetileng.

Maloko a le mantsi a badiri ba ba tlhomologileng ba dirutwa tse dingwe gape a ne a akgolelwa tiro ya bone ya maemo a a kwa godimo ya patlisiso, tlhamosešwa, go tsaya karolo mo baaging le bokgoni jwa bone jwa go tlhama.

 

Bojanala kwa YBB bo tswelela pele go gapa diawate. Mop Melville Saayman wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo khamphaseng ya Potchefstroom ke mmatlisisimogolo yo o nang le matswela go ba gaisa botlhe wa YBB wa ngwaga wa 2016.

 

Jaanong Melville o e gapa lekgetlo la botlhano fa e sa le ka 2009, o bontsha tiro ya maemo a a kwa godimo e e sa fetogeng ya patlisiso ya gagwe. Ke mokaedi wa yuniti ya Tourism Research in Economic Environs and Society (TREES).

 

Mop Leon de Beer, yo le ene e leng wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, ke Mmatlisisimmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe.

 

Mo Ngwageng wa bone ka go latelana, awate ya Setheo sa Patlisiso se se Nang le Matswela go di Gaisa Tsotlhe se ne sa ya go Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Setšhaba sa Aforikaborwa, yuniti ya patlisiso mo Legorong la Thutabomodimo.

 

Yuniti eno e na le setlhopha sa maloko a badiri ba leruri ba le 19 mme se gatisitse diathikele tse di kgatlhang di le 103 mo makwalopakeng a a amogetsweng semmuso ka 2016.

Patlisiso ke seikokotlelo

 

Sebui sa moeng kwa Diawateng tsa Patlisiso tsa Maemo a a kwa Godimo e ne e le Mop Olive Shisana, moporofesa yo o tlotlegang wa Yunibesiti ya Cape Town.

 

Patlisiso ke seikokotlo sa tlhabololo mo nageng epe fela. E tlisa tharabololo ya dikgwetlho di le dintsi tse setšhaba se lebaneng le tsone mo ditheong tsotlhe." O ne a tlhomolola dikgwetlho di le tharo tsa lehuma, botlhokatiro le go sa tshwarweng ka tekatekano go go tshwanetseng ga rarabololwa le dilo tse babatlisisi ba ka thusang ka tsela e e botlhokwa mo go tsone gore NDP e fitlhelele mekgele ya yone.

 

Mo gare ga diyunibesiti tse dikgolo

 

Mop Nancy (Refilwe) Phaswana-Mafuya, mothusa motlatsa-mokanseliri wa patlisiso le tlhamosešwa, a re YBB e na le porofaele e e tlhomologileng ya boditšhabatšhaba le diphelelo. Yunibesiti e beilwe mo maemong a ntlha a a kwa godimo a le tlhano mo Aforikaborwa le mo maemong a ntlha a le 500 mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya tiro ya ka natla le boineelo jwa babatlisisi le batlhamasešwa ba yone.

 

A re YBB e ikemiseditse go oketsa palo ya babatlisisi bao NRF e ba neileng maduo, diporojeke tse di ntšha tsa tsa patlisiso, ditshenolo tsa tshedimosetso, ditshwanelo tsa semolao, ditlhogo tsa patlisiso le tlhamosešwa, baalogi ba gerata ya bongaka le baakatemi-bagolo ba morago ga gerata ya bongaka, mmogo le ditheo tsa patlisiso.

Tobetsa dinomore tse di fa tlase go reetsa bafenyi ba rona.

Click fano go bona lenaane le le feletseng la bafenyi ba diawate le ba ba nnileng le diphitlhelelo tse di rileng.

1

2

3

Babatlisisi

ba ba kwa

godimo ba YBB

Mop Melville Saayman ke Mmatlisisi yo o Nang le Matswela go Gaisa Botlhe wa YBB ngwaga wa boraro ka go latelana. Patlisiso ya gagwe e thusitse fela thata go tokafatsa botsamaisi jwa bojanala.

 

BAYA LERUMO LA PEBA FA GODIMO GA SETSHWANTSHO GORE O BUISE GO YA PELE.

Sejana sa Mmatlisisimmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe se ne sa newa Mop Leon de Beer  wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi.

 

Mop Ferdi Kruger, mokaedi wa yuniti ya patlisiso ya Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Setšhaba sa Aforikaborwa, o neilwe awate ya Setheo se se Nang le Matswela go di Gaisa Tsotlhe mo boemong jwa yuniti eno. E ne e le phenyo ya gagwe ya bone ka tatelano mo ya setheo.

 

Patlisiso ya ga Mop Melville Saayman e amana le go fedisa lehuma ka bojanala mme e amana le dikarolo dingwe tsa tiro eo tse di jaaka go tlhama ditiro le ka fa bojanala bo tokafatsang boleng jwa botshelo jwa batho ka gone. Gape e amana le go bona gore bajanala ba leba jang diphologolo tse di tlhaga mo Aforikaborwa. “Mo go nna, awate ke go akgolelwa boineelo jwa go dira patlisiso, ka gonne setlhopha seno se akaretsa dikarolo tse di farologaneng, go simolola ka diathikele di le mmala tse di gatisitsweng tsa saense go fitlha ka madi a a koleketsweng diporojeke tsa go dira patlisiso. "Gantsi ke dira tiro ya me ya go kwala ka mafelobeke, malatsi a boikhutso le mo maitseboeng – jaaka fa babatlisisi ba le bantsi ba itse – mme awate eno ke ya go akgolelwa maiteko a a ntseng jalo." Go ya ka Melville, awate eno gape e botlhokwa go setheo sa patlisiso se a se emelang, sa TREES. A re phitlhelelo eno ga se ya gagwe a le nosi fela mme ke ya bakwadi mmogo le ene le ya badiri.
Patlisiso ya ga Mop Leon de Beer e ne e tsepa mogopolo thata mo go rotloetsegeng ga badiri mo ditlamong tsa bone. O tswa kwa Yuniting ya Patlisiso ya WorkWell, e patlisiso ya yone e thusang kgwebo le intaseteri gore e atlege. “Go akgola babatlisisi ka diawate tse di jaaka tseno go ba dira gore ba ikutlwa ba atlegile e bile ba fitlheletse sengwe, le go anaanelwa. Ke batla go leboga badiri-ka-nna botlhe, mo nageng ya rona le ba ba kwa dinageng di sele tirisano mmogo ya bone, botlhale le kgakololo e ba nneileng yone. Gape ke itumelela gore YBB e na le lefelo le go kgonegang gore motho a dire patlisiso mo go lone e bile e a ntshegetsa mo go gateleng pele ga me jaaka mmatlisisi fa ke kopiwa gore ke dire patlisiso. “Ke batla go nopola mafoko a a botlhale a ga Albertg Szent- Györgyi, ‘Patlisiso ke go bona se botlhe ba se boneng, le go akanya ka se ba iseng ba se akanye’."
“Setheo sa rona sa patlisiso se itumeletse thata kakgolo e re e neilweng jaaka setheo se se nang le matswela go di gaisa tsotlhe mo YBB, go ya ka dipholo tsotlhe tsa patlisiso tsa 2016." A re le fa babatlisisi ba ka leba patlisiso ya bone e le thusonyana e nnye, boikaelelo jwa bone ke go dira gore e nne le diphelelo tse di siameng tsa go rarabolola dikgwetlho tse dikgolo tse Aforikaborwa e lebaneng le tsone. “Ruri boikaelelo jwa rona ke go thusa go tlisa tlhabololo mo Setšhabeng sa Aforikaborwa ka mekgwa ya go dira patlisiso le mekgwa ya saense. Ke batla go leboga babatlisisi botlhe go tswa pelong, ba naga ya rona le ba dinaga di sele, ba ba amanang le setheo sa patlisiso sa rona, ka ntlha ya tlhoafalo ya bone ya go tsaya karolo mo tirong eno."