BUISA GO FETA

DIKAKGELO TSA

MORULAGANYI

Eish! e tlotlomadiwa jaaka kgatiso e e di gaisang tsotlhe ya dijethale

Badiri ba ba rategang,

 

Ka 2017, setlhopha tsa borulaganyi, mmogo le badiri ba ditshwantsho ka khomphiutha, ba Tlhamo le Tlhabololo ya Kharikhulamo ba YBB: Ditirelo tsa Kerafiti, ba ne ba go tlisetsa ditokololo di le supa tsa Eish! Mo ditokololong tseno, re ne re nna re go beile leseding ka ditiragalo tsa YBB, go akaretsa le diphitlhelelo tsa yunibesiti le badiri ba yone.

 

Ka go dira jalo, re dirile bojotlhe jwa rona go lepalepana le ditiragalo tsa bošeng ka dikgatiso tsa dijethale – ka go kwala le ka go tlhama. Maiteko a rona a nnile le matswela, ka gonne go ne ga dirwa kitsiso ya gore Eish! ke kgatiso e e di gaisitseng tsotlhe ya dijethale kwa moletlong wa diawate wa Foramo ya Dikgatiso ya Aforika Borwa ka di 28 Lwetse kwa Johannesburg.

 

Kgaisano ya kgatiso ya ngwaga le ngwaga ya kgwebo ke ya dikgatiso tsa kgwebo tsa bobegadikgang, go simolola ka dimakasine, makwalodikgang le dikuranta go fitlha ka diwebosaete, dikgatiso tsa dijethale, di DVD le tse dingwe.

 

Se se dirang gore awate eno e nne e e kgethegileng le go feta ke gore Eish! e ne e sa gaisane le dikgatiso tsa badiri tsa diyunibesiti tse dingwe fela, mme gape e ne e gaisana le tsa dikgwebo tse dikgolo tse di jaaka MultiChoice South Africa (e e tsereng maemo a boraro mo setlhopheng seno) le tse dingwe tse di jaaka Anglo American, City of Cape Town, Absa le Sanlam.

 

Ntlha e nngwe ka YBB ke gore makasini wa rona wa baithuti ba nako e e fetileng, wa NWU & U, o ne wa tla fela ka fa morago ga Eish! ka go tsaya maemo a bobedi mo setlhopheng seno.

 

Baatlhodi ba ne ba ntsha ditshwaelo tse di siameng ka Eish!: "Seno ke sekai se se di gaisang tsotlhe sa kgatiso ya dijethale se se dirang sentle. Diteng tsa yone di opa kgomo lonaka mme di fitlhelela maikaelelo a kgatiso eno. Dinepe di le dintsi tsa badiri ke tsa ba go kwadilweng ka bone. Dikarolo tsotlhe tsa yone tsa tshedimosetsano di dira gore e nne sedirisiwa se se molemo se se tlhaeletsanang le mmadi. Baatlhodi ba ne ba kgatlhilwe fela thata ke dikgono tsa setegeniki tse kgatiso eno e nang le tsone."

 

Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, e tshwanetse go nna wena, mmadi wa rona, yo o itumelelang kgatiso eno ya badiri. Tsweetswee  re romelele ditshwaelo le ditshitshinyo tsa gago go dira gore kgatiso eno e nne botoka le go feta.

 

Setlhopha sa Eish! se eleletsa wena, mmadi wa rona, setlha sa meletlo se se boneseditsweng bontle ke lesedi la letsatsi le go itisa monate le baratiwa ba gago.

 

Buisang ka boitumelo, mme re tla lo bona gape mo ngwageng o o tlang.

 

 

 

 

>

>