>

>

BUISA GO FETA

Mop Elmarie van der Schyff  wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima wa Legoro la tsa Molao o ne a dira jaaka moatlhodi wa nakwana kwa lefapheng la Kgotlatshekelo e e Kwa Godimo ya Aforikaborwa go simolola ka di 9 tsa Diphalane go fitlha ka di 17 tsa Ngwanaitsele 2017. Eish! e ile ya mmotsa ka boitemogelo jono.

Go dira jaaka
moatlhodi

wa nakwana
e ne e le ntlhakgolo ya mokgele wa tiro

Go tlile jang gore go buiwe le wena?

Baatlhodi ba nakwana ba tlhomiwa go ya ka tshitshinyo ya moporesidente wa kgotlatshekelokgolo. O ne a sekaseka lenaane la dithutego tsa me a tshitshinya gore go tlhomiwe nna.

 

Ke mekgwa efe e mentle e o tsenang ka yone mo maemong ano a tiro?

Mokgwa o ke dirang dilo ka one o theilwe mo tseleng e ke lebang botshelo ka yone jaaka Mokeresete. Ke solofela gore ke tla kgona go tshela ka dinonofo tsa lerato, boipelo, kagiso, go itshokela ba bangwe, bopelonomi, bomolemo, boikanyego, bonolo le boikgapo, mme ka go dira jalo ke tla kgona go thusa go aga setšhaba se se theilweng mo mekgweng ya temokerasi, tshiamiso mo loagong le se se nang le ditshwanelo tsa batho.

 

Ke eng se o se ithutileng mo nakong eno?

Dibeke di le thataro tse di fetileng di tlile go nna nngwe ya dintlhakgolo tsa tiro ya me ya boitshediso. Ke ne ke dira ka natla ke sena boroko. Ke ne ke lemoga ka metlha gore tshwetso nngwe le nngwe e ke e dirang e ama batho ka tlhamalalo - seno ke boikarabelo jo bogolo tota. Ke ne ka kgatlhwa thata ke mekgwa ya boitshwaro ya tiro le boleng jwa yone jwa tsamaiso ya semolao le boineelo jwa baatlhodi botlhe ba ke kopaneng le bone.

 

O ithutile eng ka boitemogelo jono?

Ke a lemoga gape gore go rutega sentle go botlhokwa tota. Ke solofela go thusa ka boitemogelo jono jwa me mo ditlelaseng. Le fa gone re sa rute baithuti gore ba kgone go nna boramolao, go a tlhokega gore re ba tlhomelele ka kitso le ka dikgono gore ba dire ka katlego mo ditirong tsa bone.

 

Baithuti ba tshwanetse go kgona go emelana le dikgwetlho tsa tiro ya tsa semolao. Fa baithuti ba ntse ba ithuta bokgoni jwa tiro ya semolao, go botlhokwa gore ba ithute go ja marapo a tlhogo, go rulaganya, mekgwa e e siameng ya tiro le go laola nako. Go nna ramolao ga se matshamekwane e bile ga se tiro ya batho ba ba bobodu. Gape ke a lemoga gore thuto ga e golelwe. Kitso ya me e ile ya gola fela thata.

 

A o ne o ka sola sebaka seno molemo gape, mme o ne o tla dira eng gape se se farologaneng?

Ruri ke tla se sola molemo gape fa ke ka se newa. Go botlhokwa go ithuta ka maitemogelo a re nang le one mme mo nakong e e tlang ke tla tokafatsa dithulaganyo tsa me.

 

Ga lona ke kae mme o goletse kae?

My father is my professional role model. He is still a practising lawyer at the age of 77.  I went to court with him as a child, and even in childhood, he “indoctrinated” me with the principle that everyone is equal before the law. It is also from him that I learnt that legal practitioners do not keep office hours, but serve the law 24/7.

 

What do you do when you are not busy with the academic world?

Ke belegetswe le go godisetswa kwa Vereeniging. Ke ile ka ya kwa Overvaal High School mme ka wetsa didikirii tsa BA Law le LLB kwa PU ya CHE ya pele. Ka 1990, ke ne ka nyalwa ke Fanie van der Schyff, moruti wa Reformed Church mo Aforikaborwa.

Phuthego ya ntlha ya ga Fanie e ne e le kwa Pongola, mme ke teng koo ke neng ka simolola go dira jaaka ramolao gone. Moragonyana Fanie o ne a bilediwa mo Parys mme re le koo, ka nna leloko la YBB gape.  Ke ne ka tlhomiwa go nna motlhatlheledi wa nako e e tletseng ka 2002.

 

Ke ne ka tsweletsa dithuto tsa me mme ka nna le LLM ka 2003 le LLD ka 2007. Go sa ntse go ntse jalo, Fanie o ne a bilediwa kwa Potchefstroom. Ka 2009 o ne a bilediwa kwa  Reformed Church kwa Brooklyn kwa Pretoria. Fa e sa le ka 2009, ke ntse ke ya tirong kwa Pretoria kgotsa kwa Potchefstroom. Re na le bana ba le bararo: Veronica (25), Peet (23) le Cobus (17).

 

O simolotse leng go rata molao?
Rre ke motlhomasekao wa me wa seporofešenale. O na le dingwaga di le 77 mme o sa ntse a le ramolao.  Ke ile ka ya le ene kwa kgotlatshekelong ke sa ntse ke le ngwana, mme le fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, o ne a "nthuta" melaometheo ya gore batho botlhe ba a lekana fa pele ga molao. Gape ke ithutile mo go ene gore badiri ba semolao ga ba dire diura tsa tiro fela, ba dira 24/7.


O dirang fa o sa tshwarega ka dilo tsa akatemi?
Nna le lelapa la me re rata tlhago mme re palama dithaba fa re na le nako. Gape re rata lewatle fela thata.



 

 

Prof Elmarie van der Schyff says she gained a lot of valuable experience while acting as judge in the High Court of South Africa in Pretoria.