>

>

GeeXpo

koo botlhalemaleje botlhe ba kopanang gone

 

Lefoko "tlhalemaleje" le raya batho ba ba botlhajana. Botlhalemaleje botlhe ba tlile go tsaya karolo mo GeeXpo ya YBB.

Tobetsa mo setshwantshong go buisa go feta

Tiragalo ya ngwaga ono, e e neng e tshwerwe ka di ………….. kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark, e ne ya ngoka baithuti ba ka moso ba ba fetang 200 go tswa kwa dikolong go ralala Aforikaborwa bogare. Mo godimo ga go ithuta go le gontsi ka ditiragalo tsa bošeng tsa thekenoloji ya tshedimosetso, mmetshe le disaense tsa dipalopalo, barutwana ba nnile le tšhono ya go inaakanya le bomankge ba dirutwa mme bapala maitemogelo a a mosola. Ka go tsaya karolo mo dikgaisanong di le dintsi, gape ba ka nna ba leka kitso ya bone le dikgono ka go gaisana le dithaka tsa bone le go ikgapela meputso e e gakgamatsang le go e gapela dikolo tsa bone. Mengwe ya meputso e e tlileng go ikgapelwa ke dibasari tsa go ithuta kwa khamphaseng ya yunibesiti ya Vanderbijlpark, dingwe tsa tsone ke tsa R100 000. A re lebeng dikgaisano tse di farologaneng.