Bolo ya

STEFANIE

TSHIPI YA GA

e korotswe sentle

Morago ga dingwaga di le dintsi jaanong, Stefanie Greyling ke moithuti wa ngwaga wa bofelo wa go ithutela BCom ya Metshameko le Botsamaisi jwa Boitlosobodutu kwa khamphaseng kwa Vanderbijlpark Ka ntlha ya lerato la gagwe la go akgela bolo ya tshipi ya diatleletiki kgakala, o fetsa diura di le thataro ka letsatsi a ikatisa kwa lebaleng:  tse tharo mo lebaleng, tse pedi kwa jiming mme e le nngwe a itshidila mmele ka go terila.

"Ke nna ke tshogile gore dilo di ka nna tsa se tsamaye sentle. Ke nna ke ikgakolola gore ke tshwanetse go ema fa ke wele, le fa seno se ka direga makgetlo a le robedi kgotsa a le robongwe. Eo ke kgakololo e ke tla e nayang moatlelete yo o gagamalelang motshameko ono. Nna o leke. Le ka motlha o se ka wa latlhela seditse. O tla bulegelwa ke ditšhono. Nna o kgotlhelele!

Go bonala boitumelo fela mo sefatlhegong sa gagwe fa a bua ka motshameko ono o a o ratang thata ka ntlha ya motshameko ono le dinaga tse a tswang go o tshamekela kwa go tsone mo dingwageng di le lesome tse di fetileng: dikhutlo tse nne tsa Aforikaborwa, Zimbabwe, Ethiopia le Ukraine. “Nako e e di gaisitseng tsotlhe e ne e le ya dikgaisano tsa Bommampodi tsa Lefatshe Lotlhe tsa Baša kwa Donetsk kwa Ukraine,” o gakologelwa jalo ka boitumelo. "Ke ne ke santse ke le mo Mophatong 11. E ne e le tshiamelo e kgolo tota go emela naga ya gaetsho. ke akanya gore maitemogelo ao a ke nnileng le one ke one a dirang gore ke se ka ka nyema mooko le ka dinako tse di thata jaaka e ke sa tswang go nna le yone."

 

Ga a ikgogone le fa a gobetse

 

Jaaka leloko la setlhopha sa baatlelete sa YBB, o ne a na le dikgobalo di le dintsi ka 2017, sa ntlha e ne e le lengole mme ga latela legetla. Le fa dikgobalo tseno di se kile tsa mo thibela go dira ka mokgwa wa gagwe wa ka gale, o ne a se ka a kgona go tokafatsa sekgala se a latlhelang bolo kwa go sone.

 

Moragonyana dilo di ne tsa nna botoka. "Kwa bofelong, kwa Dikgaisanong tsa Baithuti tsa SA, ke ne ka fenya mogaisani ka nna yo mogolo," o a tshega, a raya  Letitia Janse van Rensburg, mongwe wa ditsala tsa gagwe tse dikgolo le leloko la setlhopha sa gagwe," Nna le Laetitia re rotloetsana gore re dire botoka re ntse re na le mowa wa go gaisana. Ke itumelela go bo a le tsala ya me.  Fa ke fenya, o itumela le nna. Fa a fenya, ke itumelela le ene."

 

Fa a botswa ka motlhomasekao wa gagwe, o bitsa ka bonako leina la ga Betty Heidler, Mojeremane yo o akgelang bolo ya tshipi ya diatleletiki kgakala. Stefanie o nnile le tshiamelo ya go kopana le mogaka yono wa gagwe kwa tliliniking ya metshameko kwa Sasolburg Technical High School, kwa a weditseng materiki ya gagwe gone. "Dilo di ntse di sa mo tsamaele sentle bošeng jaana, mme o sa ntse a le mogaka wa me.  O na le bokgoni jo bo gakgamatsang. Mme kwa jiming, o tsholetsa ditshipi lobaka lo lo fetang lwa me ka metsotso e le 20!" Stefanie o bolela jalo.

 

Basadi ba le bantsi ba tsenela metshameko

 

Go na le dilo di le dintsi go di ithuta mo go Bettie Heidler.  Motshameko ono o sa ntse o tshamekwa thata ke banna, mme Stefanie a re go bonala e kete go kgatlhegelwa ga one ke baatlelete ba basadi go a oketsega mo dingwageng tsa morago jaana. Go na le palo e e ntseng e gola ya basetsana ba ba nnang teng kwa tliliniking ya ngwaga le ngwaga e a e tshwarelang kwa Hoërskool De Kuilen kwa Kapa Bophirima.

 

"Ke ne ka simolola go ya Kapa Bophirima go ya go thusa baatlelete ba le mmalwa ka botegeniki. Jaanong e fetogile tliliniki ya ngwaga le ngwaga e bakatisi ba le bantsi le bone ba tlang kwa go yone go tla go utlwa gore go ntse jang go akga bolo eno tshipi.

 

Boikaelelo jwa gagwe ke go ikwadisetsa onase ya botsamaisa-kgwebo ka 2018 le go nna mokatisi fa a sena go aloga. "Ke batla go buelela motshameko ono mo Aforikaborwa," o bolela jalo.

 

Ka bokgoni jwa gagwe jwa go latlhela bolo eno ya tshipi ya boima jwa 4 kg sekgala sa 58,70, Stefanie o santse a buelela motshameko ono jaaka leloko la setlhopha sa baatlelete ba YBB le go rotloetsa baatlelete ba ba ipeetseng mokgele wa go o gagamela go gagamalela ditiro tsa bone.

 

>

>

BUISA GO FETA