>

>

BUISA GO FETA

Ngwaga wa 2017 e nnile o o tlhomologileng tota mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima mo metshamekong mo gae le kwa dinageng di sele.

 

Go na le dintlhakgolo di le dintsi tsa go gapa dimentlele ga nngwe le nngwe ya dikhamphase tsotlhe tse tharo.

edirile sentle

monongwaga

mo metshamekong

Go na le kgatlhego e e seng kana ka sepe e e ntseng e gola ya motshameko wa karate kwa khamphaseng ya Mahikeng. Mankge wa karate e leng Jiu-Jitsu le ramotshameko wa Ngwaga e leng Moses Radebe ba ne ba eteletse pele setlhopha sa karate se se neng sa fenya dimentlele tsa gauta, tsa diselefera tse tlhano le tse 12 tsa boronse kwa kgaisanong ya ngwaga le ngwaga ya USSA.

 

Mo godimo ga moo, Karabo Motlhabane, Xolani Tlhomedi le Onalenna Ndlangisa ba ne ba lalediwa go tla go nna maloko a setlhopha sa bosetšhaba sa karate le baatlelete ba bangwe ba le bane ba ba neng ba le maloko a setlhopha sa tlhabololo sa bosetšhaba sa Taekwando.

 

Go gogola dimentlele

 

A re se lebaleng motshameko wa mabole. Moote Lemogang o ne a itsisiwe jaaka Mmamotshameko wa Ngwaga mme a tsenngwa mo setlhopheng sa bosetšhaba sa mabole.  Setlhopha sa motshameko wa mabole le sone se ne sa gapa dimentlele di le tharo tsa gauta, o le mongwe wa selefera le tse tharo tsa boronse ka nako ya kgaisano ya USSA.

 

Setlhopha sa bolotlowa se ne sa bidiwa Setlhopha sa Motshameko sa Ngwaga mme karate e ne ya gapa awate ya Setlhopha sa Motshameko sa Ngwaga.

 

Dikabelokhuno di tswelela pele go tla.

 

"Re khamphase e e itsegeng ka motshameko wa kgwele ya dinao mme ka go tsaya maemo a boraro mo dikgaisanong tsa bommampodi tsa USSA re ne ra tshwanelegela go gaisana mo kgaisanong ya Varsity Football. Le fa re sa ka ra goroga kwa kgaisanong ya go tshamekela maemo a boraro, ke akanya gore setlhopha sa rona se ka kgona go gaisana kwa makgaolakgannyeng," go ne ga bolela jalo Rick van Rooyen, mmenejara wa motshameko mo khamphaseng ya Mahikeng.

 

"Ke akanya gore re dira tiro e e molemo tota mo metshamekong yotlhe mme re tla tswelela pele go gola mo ngwageng o o tlang. Leba setlhopha sa rona sa bolotlowa. Bošeng jaana ba ne ba tshameko mo karolong ya C mme jaanong ba tshameka mo karolong ya B," Rick o bolela jalo.

 

Mabaka a go itumela

 

 

Khamphase kwa Vanderbijlpark le yone e ne e na le mabaka a mantsi a go itumela. Ditlhopha tsa yone tsa kgwele ya dinao tsa banna le tsa basadi ke bommampodi ba kgwele ya dinao ba Karolo B ya USSA, mme setlhopha sa ntlha le sa bobedi sa bolotlowa di ne tsa fetsa mo maemong a bobedi mo llegeng ya Ranta Bophirima.

 

Bolotlowa e godile fela thata mo khamphaseng, fela jaaka go tsholetsa ditshipi. Tsholofelo Chabalala e ne e le mofenyi-kakaretso wa USSA, mme Dorcas Cassie Billa ene o ne a itsisiwe gore ke Moitsayasenepe yo o Gaisang Botlhe wa Mosadi mme Teboho Malebana ene jaaka Moitsayasenepe yo o Gaisang Botlhe wa Monna. Basadi e ne e le bafenyi-kakaretso mme banna bone ba le mo maemong a bobedi.

 

“2017 e ne e le ngwaga o o di gaisang tsotlhe mo metshamekong kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark.  Jaaka khamphase re itshupile gore re ka kgona go gaisana fela thata e bile re ka kgona go tlhagisa dipholo tse di tshwanang ka dinako tsotlhe mo kgaolong le mo nageng yotlhe.  Palo ya baithuti le badiri ba ba tlhophilweng gore ba tsene mo ditlhopheng mo kgaolong le mo nageng yotlhe ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore re tsweletse pele sentle," go ne ga bolela jalo  Sean Mccallaghan, modini wa baithuti kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Se gaisa botlhe mo lefatsheng

 

Go bonala Khamphase ya Potchefstroom e nnile le ngwaga e e di gaisang tsotlhe mo motshamekong wa kirikete mo YBB. Setlhopha sa ga Conrad de Swardt se ne sa nna bommampodi ka go fenya Varsity Cricket ka go fenya Red Bull Campus Cricket World Final kwa Colombo, Sri Lanka. Tseno ke diphitlhelelo tse dikgolo tse di dirileng gore YBB e itsege jaaka yunibesiti e e di gaisang tsotlhe ya kirikete mo lefatsheng.

 

Setlhopha sa khamphase sa bolotlowa se ne sa tsaya maemo a bobedi mo kgaisanong ya Varsity Netball fa se sena go fenya kgaisano ya 2016. Setlhopha sa hoki se ne sa fetsa mo maemong a boraro mo llegeng ya Varsity Hoki mme setlhopha sa diatleletiki sone maemo a bobedi.

 

Sekgantshwane sa Boditšhabatšhaba e leng Caster Semenya o ne a itsisiwe jaaka Mmamotshameko-Mogolo wa Ngwaga yo Mogolo mmogo le Rantso Mokopane (wa sekgala se se leele) le Wihan Lubbe (kirikete) yo o tlhakanetseng kabelokhuno le Rametshameko-Mogolo wa Ngwaga.

 

 "Khamphase e nnile le ngwaga o o molemo wa metshameko mme ke motlotlo fela thata ka ditlhopha tsa rona. Baatlelete ba rona ka bongwe ke bongwe le bone ba ne ba ntsha ga tshwene mo kgaisanong ya lefatshe ka bophara e bile setlhopha sa rona sa kirikete le sone ga se a ka sa ipona tsapa. Setlhopha sa rona sa bolotlowa se tlhoka go akgolwa fela thata le sone. Ka metlha ba tswelela e le sengwe sa ditlhopha se se di gaisang tsotlhe  kgotsa ke setlhopha se se di gaisang tsotlhe mo nageng ya rona. Ga ke kgone go letela go bona se se tlileng go direga ka 2018," go ne ga bolela jalo Mervyn Taylor, mokaedi wa nakwana wa metshameko kwa khamphaseng ya Potchefstroom.