Bana ba motho ba basetsana ba opela

dipina tse di nang le molaetsa

 

Mo motseletseleng wa rona wa ka gale wa Eish!, re tsepa mogopolo e seng fela mo bathong ba ba dirang ka natla mo YBB, mme gape ba ba nang le talente e ntsi e ba e dirisetsang go solegela  ba bangwe molemo ka yone.

 

Mo tokololong eno, re etela bana ba motho ba bararo ba basetsana bao go opela ga bone dikarolo tsotlhe tsa mmino go dirileng gore ba ipulele bente e e nang le mekgele e megolo e ba batlang go e fitlhelela. Ba babedi ba basetsana bano ke maloko a YBB mme botlhe ka boraro jwa bone ba ithutile mo yunibesiting eno

Pina ya pako ga se selo sa go tsamaisa nako fela mme ke mokgwa wa botshelo wa ga  Alta Fourie, yo o dirang mo lefapheng la tsa badiri kwa Ofising ya Setheo, le Roslyn Lodewyk, motlhatlheledi-mmotlana wa lefapha la tsa badiri kwa Legorong la

 

Disaense Tsa Ikonomi le Botsamaisi. Mmogo le kgaitsadiabone, Loretta Hendricks, motlatsamokaedi wa Ditirelo tsa Kgopololo yo gape e leng  moithuti ba nako e e fetileng wa YBB, ba opelela maloko a

Bana ba motho ba ba opelang mmogo. Roslyn Lodewyk, Loretta Hendricks and Alta Fourie ba baka Modimo ka go opela. Kgakololo ya bone go diopedi tsa mmino wa bodumedi ke gore ba ineele pele mo Modimong. "Fa o dira jalo, Modimo o tla go bontsha Boikaelelo jwa Gagwe ka wena le go go naya bopelokgale jwa go fenya poifo kgotsa ketsaetsego epe. Modimo o dira gore o se tshabe go palama mo seraleng mme o direle ba bangwe ka pina."

kereke mo baaging dipina tse di monate thata tse di kgothatsang.

Basetsana ba bararo bano ba simolotse go opela mmogo e sa ntse e le bana. "Re goletse mo kerekeng mme re ne re le maloko a setlhopha sa mmino sa Kereke ya Banasaretha, pele re nna maloko a Pinkster Protestante Kerk (Kereke ya Pentekosete ya Baporosetanta) e kwa go yone re ileng ra tlhama setlhopha sa RAL. Leina la setlhopha le bopilwe ka ditlhaka tsa ntlha tsa maina a rona."

>

>

BUISA GO FETA