>

Maloko ano a badiri a dira go feta tiro ya one

YBB e na le badiri ba ba ineetseng ba ka gale ba dirang tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone. Mo athikeleng eno ya motseletsele wa go sa ipone tsapa ya Eish!, re akgola badiri-ka-rona ba ba tlisang diphetogo mo matshelong a batho ba bangwe.

Fa o batla go tlhopha modiri-ka-wena yo gantsi a sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe, tsweetswee romela imeile kwa go willie.duplessis@nwu.ac.za. . Gakologelwa go supa maemo a gago a tiro le leina la lefapha la gago kgotsa sekolo sa gago, le tsa motho yo o mo tlhophang. Gape ntsha mabaka a gore ke eng fa o akanya gore motho yoo ga a ipone tsapa go thusa ba bangwe.

 

>