Batsadi ba bone, e leng Billy le Dinah, e ne e le balatedi ba bone ba bagolo mme seo se ile sa ba rotloetsa go tswelela ba opela ba le setlhopha. Fa e sa le ba simolola ka tirelo ya bone ya mmino mo setlhopheng sa RAL, setlhopha seno se ile sa tswelela pele go nonofa le go opela kwa Aardklop le ka Lenaneo la Kereke mo Radiong. Mmino wa bone o ba isitse kwa mafelong a a farologaneng mo Aforikaborwa, go akaretsa le kwa Bonteheuwel kwa Kapa, Eldorado Park le kwa Fochville mo Gauteng, le kwa Welkom kwa Foreisetata.

 

Go opela dipina tse di tlwaelegileng ka molodi o o tlhomologileng

 

Roslyn o tlhalosa molodi wa mmino wa bone jaaka mmino wa segompieno wa bodumedi mme gape ba opela mmino wa bodumedi wa Seaforikanse. "Se se re rotloetsang thata ke setlhopha se se itsegeng thata sa kwa Amerika sa mmino wa bodumedi, sa The Clark Sisters. Ke bagaka ba rona. A re le fa RAL e opela dipina tse di tlwaelegileng fela ka dikarolo tsotlhe tsa mmino jaaka the Clark Sisters, mmino wa yone o tlhomologile.

 

"Ke motlotlo fela thata go bo ke le leloko la setlhopha seno le bokgaitsadiake. Ke dumela gore re dirisiwa ke Modimo le gore re fetisa molaetsa ka dipina tsa rona wa gore Modimo o kgona go araba dithapelo," go bolela jalo Roslyn.

 

Nngwe ya dintlhakgolo go di feta tsotlhe e nnile ka kgwedi ya Phatwe fa setlhopha seno se ne se rola seopedi sa Aforikaborwa e leng Mahalia Buchanan wa Setlhopha sa Mmino wa Joyous Celebration. "Morago ga kopelo eo, go ne go sena pelaelo epe ya gore mmino ke pitso ya rona e e tswang kwa Modimong le gore re ama matshelo a ba bangwe ka go opela," go bolela jalo Roslyn. Ntlhakgolo e nngwe gape mo go bone e ne e le fa RAL e ne e tlhophilwe go opela mmogo le setlhopha sa mmino sa moreri wa Moamerika yo gape e leng seopedi, Hezekiah Walker.

 

Dithulaganyo tsa go gatisa mmino o o tlileng go anama

 

"Mmino o a golola e bile o ka kgona go gapa dipelo tse di phatlogileng le go kaela matshelo a batho. Fa ke ne ke ka kgona go itshedisa ka one, ke ne ke tla dira jalo," go bolela jalo Alta.

 

Roslyn a re moputso o mogolo mo go bone ke fa batho ba angwa ke mmino wa bone.  "Gantsi re utlwile go twe fa re opela mmogo batho ba utlwa dikarolo di le nne tsa mmino e seng di le tharo fela mme re dumela gore seno se bontsha gore Mowa o o Boitshepo o segofatsa go opela ga rona mme re naya Modimo ditebogo tsotlhe ka ntlha ya seno."

 

* Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe ka tsela e e gakgamatsang tota kgotsa e e kgatlhang fa a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Willie du Plessis tshedimosetso kwa atereseng ya willie.duplessis@nwu.ac.za.

Baopedi ba babedi ke Alta Fourie (molema) le Roslyn Lodewyk, badirimmogo ba YBB.

 

Gogela kwa tlase

READ MORE

>

>