Mo kgatisong e e fetileng ya Eish! re go boditse gore o ipoloka jang o thuthafetse bosigo.

 

 

 

TSWEETSWEE ARABA  POTSO YA RONA YA PATLISISO FA TLASE MME O LETELE EISH! E E LATELANG. GO BONA DIPHOLO.

Gore a selo seo se se tshwanang le kholifolawa se se golang mo seatleng sa gago se bakilwe ke go kgoma segwagwa kgotsa go se atla (gaa!), kgotsa gore a se bakilwe ke mogare o o tshwaeditseng llaga e e fa godimo ya letlalo la gago, ke selo se go ganetsanwang ka sone - e bile ke wena fela o itseng gore se bakilwe ke eng.

 

Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa ke gore ga go ope yo o batlang go nna le kgoto eno. Fa o na le yone, o ka nna wa kopa matwetwe go e tlosa ka maselamose a gagwe, kgotsa o ka nna wa tobetsa fano go bona gore Ramaele yo o Gaisitseng Botlhe e leng Kiewiet Scheppel, yo e leng mmegadikgang wa Khamphase ya Potchefstroom o go tsholetse kgakololo efe.

 

 

 

Fa e le gore le wena o na le leele le le lengwe kgotsa a mabedi a a gaisang a mangwe otlhe, a romele kwa atereseng ya nelia.engelbrecht@nwu.ac.za,(Fa o batla, o ka nna wa re bolelela gore o dirisitse leng leele leo le o le rometseng le gore o ne o le dirisetsa lebaka lefe.)

 

MAELE A A GAISANG OTLHE:

KGAISANO YA EISH!

Q:  Sedirisiwa sa mmedia wa botsalano se o se ratang go gaisa tse dingwe tsotlhe ke sefe?

>

>

Dipholo (tse di akaretsang maikutlo a lerato) ke tse:

Ka botlolo e e tshelwang

metsi a a belang                           10%

Ka kobo ya motlakase                  26%

Ka go ikhutaganya fa thoko ga

moratiwa wa me                           64%