TOBETSA  FA  GO BUISA GO FETA

Petlolela kwa tlase

Thulaganyo 
e e dirilweng ka kelotlhoko e tla pele ga go e tsenya tirisong

Fa e sa le Lekgotla le amogela semmuso leano le le ntšha la YBB kwa kopanong ya lone ya di 20 Ngwanaitseele mo ngwageng o o fetileng, le ne la tsenngwa tirisong ka bonako. Le fa go ntse jalo, eno ga se porojeke e e ka wediwang ka ponyo ya leitlho e bile e tshwanetse go dirwa ka kelotlhoko kwa ntle ga go ama ditiro dipe tsa rona ka tsela e e sa siamang.

 

Nngwe ya dikgato tsa ntlha e nnile go kwala Thulaganyo-Tiro ya Ngwaga go ya ka leano la rona le le ntšha. Kgato e nngwe e ne e le ya go abela maloko a setlhopha sa batsamaisi ba setheo diporojeke tse di logetsweng maano, ka sekai, go tlhabolola Molao wa YBB le ditokomane tse dingwe jaaka melao ya tsa akatemi, dipholisi, dikaelo le mekgwatsamaiso.

 

Thulaganyo-Tiro ya Ngwaga

 

A re lebeng Thulaganyo-Tiro ya Ngwaga kgotsa Annual Performance Plan (APP) pele. E re ka e kwadilwe go ya ka dikaelo tsa go ntsha pego ya Lefapha la Thutogodimo le Katiso (DHET), APP e tsaya sebaka sa Thulaganyo ya Setheo ya bogologolo kgotsa Institutional Plan (IP).

 

"Ga re a tlhabolola IP fela – re simolotse boša fa re ne re kwala APP," go bolela jalo Robert Kettles, motlhankedimogolo wa leano mo ofising ya motlhankedimogolo wa ditogamaano.

 

"Le fa go ntse jalo, ga re a phimola mekgele mengwe go tswa go IP e e neng e santse e le maleba mme re e kopantse le leano la rona le le ntšha."

 

APP, e e theilweng mo leanong le le ntšha, e na le maikaelelo le mekgele e e ka kgonang go fitlhelelwa.  Fa e sena go romelelwa DHET ka di 15 Tlhakole mo ngwageng ono, APP e ne ya lolamisiwa go ya pele mme e tla tlotlwa kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale ya Lekgotla ya di 10 Mopitlwe.

 

Diporojeke tse di logetsweng maano

 

Tshobokanyo ya ka bonako ke eno ya diporojeke tse di logetsweng maano tse di neilweng maloko a setlhopha sa botsamaisi sa setheo gore se tsweletse pele mekgele e mentšha.

 

Go Tlhabololwa ga Molao wa YBB

 

Nngwe ya diporojeke tse dikgolo tse di logetsweng maano ke go tlhabololwa ga Molao wa YBB.

"Molao o bua ka maemo mangwe a ditiro a a jaaka bareketoro ba khamphase, e leng ditiro tse di sa tlholeng di akarediwa mo thulaganyong ya rona. Leno ke lebaka la go bo e tshwanetse go tlhabololwa," go bolela jalo Robert.

 

Frans Kruger wa Ditirelo tsa Semolao, tse e leng karolo ya ofisi ya Mokwadisi wa mo Setheong, e leng Mop Marlene Verhoef, o ikarabela ka go tlhabololwa ga Molao ka go dirisana mmogo le ofisi ya motlatsa-mokanseliri le bomankge mo tirong eno.

 

Morago ga setlhopha sa botsamaisi sa setheo, Senete le Foramo ya Setheo di amogetse semmuso Molao o o Bopilweng, boikaelelo jwa teng ke gore go nne le Molao wa bofelo o o tlhabolotsweng o Lekgotla le o amogetseng semmuso le go o romela kwa DHET mo karolong ya bobedi ya ngwaga wa 2016.

 

Ditokomane tse dingwe tse di tshwanelwang ke go tlhabololwa

 

Mo godimo ga Molao, gape re tshwanetse go tlhabolola melao ya tsa akatemi le dipholisi dingwe tsa rona, melawana, dikaelo le mekgwatsamaiso gore di bontshe leano le le ntšha le thulaganyo ya YBB. Ka sekai, melao ya pele ya tsa akatemi e ne e na le ditaelo di le 15 tse di yang go magoro, mme thulaganyo e ntšha yone e tla nna le tse robedi fela.

 

Melao ya tsa akatemi e e tlhabolotsweng le ditokomane tse dingwe tse di tshwanetseng go amogelwa semmuso ke Senete le ke Lekgotla, di tshwanetse go felelediwa kwa bokhutlong jwa Lwetse.

 

 

 

 

 

TOBETSA  FA  GO BUISA GO BOELA MORAGO

>

>