Baithuti ba ngwaga wa ntlha ba goroga ka bontsi

Go sa le gale mo ngwageng ono baithuti ba le diketekete ba ngwaga wa ntlha ba ne ba simolola mekgele ya bone ya akatemi.  YBB e ne ya amogela baithuti ba ba fetang 9 000 ba ngwaga wa ntlha ba ba tlileng go ithutela mo setheong, mme Khamphase ya Potchefstroom e ba amogetse ka di 9 Ferikgong, Khamphase ya Mafikeng yone e ba amogetse ka di 18 Firikgong mme Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa yone e ba amogetse ka di 30 Firikgong.

“Diyunibesiti tsotlhe di nnile le ngwaga o o seng motlhofo wa 2015e bile re lebeletse gore ngwaga o o larileng kwa pele e nne o o gwetlhang ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, seno ke tshimologo e e gakgamatsang le e e botlhokwa ya botshelo jwa lona,” go bolela jalo Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri wa YBB kwa moletlong wa kamogelo.

 

O ne a tlhomamisetsa baithuti le batsadi ba bone gore, ka ntlha ya dikgwetlho tse di farologaneng, go akaretsa le tsa ditšhelete, YBB e tla dirisa madi a e nang le one ka kelotlhoko le gore yunibesiti e tla itsege ka go nna le taolo e e siameng ya kgwebo.

 

"Lo tla mo yunibesiting go tla nna le dithutego, mme gape le tlile go gola. Ka jalo ke lo laletsa fano gore lo nne batho ba ba amogelang dipharologano. Nnang batho ba ba amogelang dikgopolo tse di ntšha le go nna le ditsela tsa bokgoni jwa go tlhama tsa go direla naga ya rona le batho botlhe ba yone. "Ke lo rotloetsa gore lo nne le maikutlo a a siameng le go tsaya karolo mo go batleng ditharabololomathata tse re di tlhokang," o ne a bolela jalo.

 

>

>