Diphetogo 
di setse di 
direga

Go setse go dirilwe diphetogo dingwe di le mmalwa kwa YBB tsa leano le le ntšha le thulaganyo e Lekgotla le e amogetseng semmuso kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng.

 

Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo se amogetse semmuso tolamiso ya ditirelo di le tharo tse di botlhokwa. Tsone ke:

 

Go sireletsa YBB

 

ADikarolo tsotlhe tsa ditirelo tsa tshireletso mo YBB yotlhe di lolamisiwa ka fa tlase ga taolo e e logetsweng maano ya ga Des Ayob, mokaedi wa ga jaanong jaana wa ditirelo tsa tshireletso mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Malebana le bakaedi le dimmenejara tse di maleba tsa khamphase, Des o tla tlhotlhomisa gore thulaganyo e e dirang ke efe le go e tsenya tirisong go tlhomamisa gore tolamiso eo e e logetsweng maano e a diragadiwa.

 

Seno se tla tlhomamisa gore bokgoni jo badiri ba nang le jone bo dirisiwa ka botlalo e bile ba abelana botlhale jwa bone.

 

Go tsoma baithuti

 

Go tsoma baithuti le go dira patlisiso ya moo ba ka nnang mosola gone, e e akaretsang le leano la go maketa le didirisiwa, jaanong ke boikarabelo jwa ga Theo Cloete, yo e leng mokaedi wa go maketa le ditlhaeletsano wa ga jaanong jaana mo Khamphaseng ya Potchefstroom.  O tla ipega ka tlhamalalo go mokaedi-khuduthamaga wa ditlhaeletsano ka tsa kgwebo kwa Ofising ya Setheo.

Boikaelelo ke go lolamisa ditiro tsotlhe tsa go tsoma baithuti, go ema nokeng tsela ya go dira jalo le go tila go senya madi ka go dira ditiro tse di tshwanang.

 

Go bua lefoko le le lengwe fela

 

Go laola ditlhaeletsano tsotlhe tsa kwa ntle ga setheo le tsa mo teng ga setheo kwa YBB jaanong go tla direlwa mo lefelong le le lengwe fela mo lefapheng la ditlhaeletsano kwa Ofising ya Setheo. Louis Jacobs, yo ga jaanong jaana e leng mokaedi-khuduthamaga wa nakwana wa ditlhaeletsano ka tsa kgwebo, o neile tiro ya go tlhotlhomisa gore thulaganyo e e dirang ke efe le go e tsenya  tirisong ka go dirisana le bakaedi le dimmenejara tse di maleba tsa khamphase.

 

Seno se tla dira gore dilo di tlhaloganyesege botoka thata fa re tlhaeletsana le baamegi ba rona ba mo teng ga setheo le ba ba kwa ntle ga sone.

 

  • Go thaya motheo

 

Gape go theilwe motheo o o seng kana ka sepe wa go baakanyetsa ka thulaganyo ya setlhopha se se ntšha sa botsamaisi sa YBB. Fa gotlhe go tsamaya ka thulaganyo, go tla tsenngwa tirisong bontsi jwa diphetogo mo ngwageng ono, le fa dikarolo dingwe tsa thulaganyo di ka se kgone go fetolwa pele Molao wa YBB o fetolwa le go amogelwa semmuso.

 

Robert Kettles, motlhankedimogolo wa ditogamaano mo ofising ya motlatsa-mokanseliri, a re "thulaganyo ya go tlisa diphetogo e ka tlisa matshwenyego. Ka moo re ka kgonang ka gone, re batla go fokotsa lobaka lwa go sa tlhomamisege ka se se tlileng go direga.

 

Re tlhamile thulaganyo e re tlileng go e tsenya tirisong ya go rulaganngwa seša ga dilo le go kaelwa ke yone, re tlhama maikarabelo a maša, re dira ditšhate tsa thulaganyo le ditlhaloso tsa tiro, le go dira sengwe ka ditirelo tsa kemonokeng."

 

  • Go fetola badiri

 

Go simolola ka maemo a modini-mogolo, go bonala go tlile go tswelelwa pele ngwaga otlhe ka go fudusetsa badiri kwa ditirong tse dingwe le go tlhomiwa ga bone mo maemong a mangwe a tiro. Diphetogo tseno di dira gore gape re dire diphetogo mo ditsamaisong tsa rona, ka sekai mo tsamaisong ya lefapha la tsa badiri.

 

Thulaganyo yotlhe ya go rulaganngwa seša ga dilo e tla konelwa pele ga bokhutlo jwa 2016.

 

 

 

 

 

TOBETSA  FA  GO BUISA GO BOELA MORAGO

TOBETSA  FA  GO BUISA GO FETA

Petlolela kwa tlase

>

>