Dikakgelo
tsa Motseleganyi

A go ka kgonega go nna le thuto ya mahala ya thutogodimo

Petlolela kwa tlase

Kgonego ya go nna le thuto ya mahala ya thutogodimo mo Aforikaborwa e feditse nako e telele e ntse e tlotlwa ke baamegi ba ba farologaneng jaanong.

 

Bangwe ba dumela gore e ka kgonega, mme ba bangwe bone ba re "Ke kgopolo e e ka se kang ya direga" e e "ka tlisang tshiamiso mo loagong".

 

O ka nna wa fitlhela diathikele tse di mo digokeng tse di fa tlase fano e le tse di kgatlhang. Fa o di buisa, gakologelwa gore re ka se kgone go gatelela gore tshedimosetso eno e boammaaruri e bile o se ka wa lebala gore diathikele tseno ga di emele maikutlo a YBB mo kgannyeng eno.

 

 

Dintlha dingwe tse di kgatlhang tse di umakiwang mo diathikeleng tseno ke tse:

 

  • “Ruri ga go a siama gore mesola e e tlang le thutogodimo e e rutwang e duelelwe ke baduedi ba lekgetho mme e le thuto e e bonwang ke ba le mmalwa fela....  ga re a tshwanela go lebala kgopolo ya konokono ya dipolotiki tsa segompieno tsa loago tsa puso ya temokerasi: go tlamela setšhaba ka botlalo ka madi a se a tlhokang ga se gantsi go felelang ka tshiamiso mo loagong.”

 

  • "Yunibesiti ya Batho kgotsa University of the People(UoPeople) ke yunibesiti ya ntlha mo inthaneteng e e sa direng porofete, ya dithuto tse di sa duelelweng, e e neilweng tetlelelosemmuso...”

 

  • “...  diphopholetso tse di tlhagisitsweng ke Setheo sa Aforikaborwa sa Dikamano fa Gare ga Ditso tse di Farologaneng ... di tshitshinya gore thutogodimo ya mahala ya baithuti botlhe ba pele ga kalogo e a kgonega mo Aforikaborwa.”

 

  • "Puo ya ba metswedi ya dikgang le mmueledi wa baithuti e ebela fa gare ga 'thutogodimo ya mahala ya ba ba dikobodimagetleng' le 'thutogodimo ya mahala ya botlhe'. Tseno ke dikgopolo tse pedi tse dikgolo tse di farologaneng."

 

Gaufi le mo gae, re dira bojotlhe go thusa baithuti ba ba dikobodimagetleng. Re dira seno ka go dirisa madi a re a abetsweng a National Student Financial Aid Scheme (NSFAS) le  a a tswang kwa metsweding e mengwe e sele, le ka go dira dibasari go tswa mo matloleng a rona a madi.

 

Ka go akanyetsa thulaganyo ya rona ya go ikwadisa le go nna gone ga madi le dikago, boikaelelo jwa YBB ke go kgontsha baithuti ba le bantsi ka moo go ka kgonegang ka gone ba ba tshwanelwang ke go newa thuto le ba ba tlhokang madi gore ba kgone go ithuta. E bile, go dira gore baithuti ba kgone go fitlhelela thuto ke nngwe ya karolo ya ajenda ya rona e e logetsweng maano. (Mo tokololong eno ya Eish! O ka buisa go le gontsi ka go tsenngwa tirisong ga leano la rona le le ntšha mo athikeleng eno: Leano le le ntšha le a simolola.)

 

Buisa ka boitumelo.

 

>

>