Baithuta-Diphologolo ba ba gaisitseng botlhe ba newa

Mokgatlho wa boithuta-diphologolo wa Aforikaborwa o ne wa tlotla baithuti ba le babedi ba ba tlhomologileng ba setlhopha sa serutwa sa boithuta-diphologolo sa YBB ka ntlha ya tiro ya bone ya maemo a a kwa godimo mo dithutong tsa bone.

Geraldine Oosthuizen o sekaseka dirwe tsa leruarua gore a di na le dipharasaete kwa Botong ya Dishaka ya KwaZulu-Natal.

Chané Kleynhans o tsweletse ka patlisiso ya gagwe mo go nngwe ya dilaboratori tsa YBB.

Geraldine Oosthuizen (onase) le Chané Kleynhans (wa ngwaga wa boraro), yo o fitlheletseng dipholo tse di gaisitseng tsa botlhe mo ditlhopheng tsa bone ka 2019, ba ne ba newa diawate, tseo e nngwe ya tsone e le e mokgatlho o e nayang moithuti yo o ba gaisitseng botlhe wa ngwaga wa boraro mme e nngwe o e nayang baithuti ba onase ba ba ithutelang boithuta-diphologolo kwa diyunibesiting tsa Aforikaborwa ngwaga le ngwaga.

 

Kwantle fela ga gore tiro ya baithuti e tshwanetse go nna ya maemo a a kwa godimo, ba tshwanetse go bo ba na le dithutego tsa boeteledipele, ba kgatlhegela boithuta-diphologolo thata e bile maikaelelo a bone e le go tlhopha boithuta-diphologolo jaaka mokgele wa bone wa tiro.

 

O remeletse mo dipharasaeteng tsa lewatle

 

Ga jaanong jaana, Geraldine ke leloko la Setlhopha sa Patlisiso mo Lewatleng mme patlisiso ya gagwe ya go ithutela masetase e remeletse thata mo go ithuteng ka dibokwana mo maleng a diphologolo, e leng dipharasaete tse di tlhaselang losika lwa di elasmobranchii – setlhopha sa ditlhapi tse di akaretsang mefuta ya ditshedi tse di jaaka dishaka, di-stinggray le di-skate.

 

A re patlisiso ya bone e remeletse thata mo mefuteng ya ditshedi tse di tlhomologileng mo mawatleng a Aforikaborwa. Mookamedi wa gagwe ke Dr Bjoern Schaeffner, yo ga jaanong jaana e leng moakatemi-mogolo wa morago ga gerata ya bongaka wa Water Research Group. Mop Nico Smit ke mookamedi-mmogo.

 

“Ke tsaya gore batho ba go fitlhela e le selo se se sa tlwaelegang gore ke ithutela dipharasaete tsa mo mawatleng, mme ke tswa kwa torotswaneng e e kgakala le lewatle ke ithuta kwa yunibesiting ya teng, mme seno se bontsha gore motho a ka kgona go gagamalela ditoro tsa gagwe gongwe le gongwe mo lefatsheng.”

 

A re go rata diphologolo thata ga gagwe go simolotse fa a ne a santse a le ngwana, mme go dirile gore a feleletse a tsenetse thuto ya boithuta-diphologolo. O tswa kwa Middelburg kwa Mpumalanga mme o alogile kwa HTS Middelburg.

 

Go kgatlhegela dimela le ditshedi le tshomarelo ya tsone

 

Ga jaanong jaana Chané o ithutela dikirii ya onase ya disaense tsa tikologo, e e remeletseng thata mo thutong ya dimela le ditshedi le tikologo ya tsone.

“Ke tswa kwa Johannesburg, mme ga ke bolo go kgatlhwa ke tlhago ke sa ntse ke le monnye. Le fa ke goletse mo toropong, ke ne ke dirisa tšhono nngwe le nngwe e ke neng ke nna le yone gore ke tswele kwa mafelong a tlhago.

 

“Tsela e barutabana ba Sekolo se Segolo sa Linden ba neng ba rata tiro ya bone ka yone e nnile le diphelelo tse di molemo tota mo ditlhophong tse ke di dirileng mme ga ke kitla ke fetsa go ba lebogela go bo ba nkaetse mo tseleng eno.”

 

Chané a re o dumela gore go nna botlhale ga se gone gotlhe – go dira ka natla ke gone go, kwa bofelong, go dirang gore o nne le phitlhelelo e e atlegileng.

 

O rulaganyetsa go tswelela ka go ithutela masetase ya disaense tsa tikologo mo ngwageng o o tlang, mme morago ga moo o tla swetsa ka gore a o tswelela ka patlisiso kgotsa o tla tlogela dithuto tsa akatemi go dira tiro ya seporofešenale.

 

Baithuti ka bobedi e tlile go nna maloko a tlotlo ao Mokgatlho wa Boithuta-Diphologolo wa Aforikaborwa o ba neileng diawate mo ngwageng o o tlang.

TLOTLO YA

BOSETŠHABA