YBB e

Go sa kgathalesege dikgwetlho di le dintsi tsa ka 2020 ka ntlha ya totlelelo ya bosetšhaba le leroborobo la Covid-19, YBB e keteka phitlhelelo e nngwe gape ya yone ya go ruta le go ithuta. E fudusetsa thulaganyo ya go lekola baithuti mo polatefomong e ntšha ya inthanete.

E LEKOLA BAITHUTI KA INTHANETE

Batlhatlheledi ba simolotse ka 1 Diphalane go dirisa polatefomo e ntšha ya Cirrus ya go lekola baithuti, e e ba thusitseng go lekola baithuti ka inthanete.

 

Mokgwa ono o latelela thulaganyo e e simolotseng sebaka se se fetang ngwaga, fa YBB e ne e simolola go dira dipatlisiso ka dipolatefomo tsa go dira tekolo tse di leng teng mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele. (Leba lebokoso la mokwalo.)

 

Ka nako ya totlelelo, go ne ga lekelediwa dipolatefomo tse go neng go na le kgonego ya gore go dirisiwe tsone ka boikaelelo jwa gore go dirisiwe e e neng e solofetsa thata mo gare ga tsone – fa e sena go fitlhelela dipatlafalo tsotlhe tsa yunibesiti – ka Ferikgong 2022.

 

Cirrus e e dirisiwang mo inthaneteng e bula ditšhono di le dintsi

 

Polatefomo ya Cirrus e ne ya lebega e le tharabololo e e tlhomologileng ya go fitlhelela dipatlafalo tse di rileng tsa go ruta le go ithuta tsa YBB.

 

“Polatefomo eno e na le ditlhopho tse di farologaneng tsa mefuta ya dipotso e bile ga e ture, e bile tshegetso e re tswelelang pele go e newa ka ga tiriso ya yone ke ya maemo a a kwa godimo,” go bolela jalo Mop Herman van der Merwe, yo o etelelang pele setlhopha sa tiro se se ikarabelang ka go tsenya tirisong polatefomo eno ya Cirrus. Herman ke mothusa-modini wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi la go ruta le go ithuta.

 

O oketsa ka go re, “E kgontsha molekodi wa baithuti go tsenya ditshwaelo, e mo naya nako ya go tlhatlhoba tiro ya bone, e mo naya selekanyo se se rileng sa go baya tshireletso ya go lekolwa ga tiro ya bone leitlho.

 

Tetla go tswa go batlhatlheledi

 

Go tla go fitlha jaanong, badiri ba ntshitse ditshwaelo tse di molemo. Polatefomo e ntšha eno e na le mesola e e farologaneng mo batlhatlheleding, bao, ka sekai, ba tla kgonang go fitlhelela deitha e e neng e le ya go sekasekaditeko le dipotso tsa tekokitso ka go tobetsa konopo fela.

 

“Jaanong gape ba kgona go tsenyeletsa dipotso tsa dipalo le tsa IT, sengwe se go neng go le thata go se dira mo nakong e e fetileng ka teko kgotsa ka tlhatlhobo e e kwalwang ka inthanete,” Herman o bolela jalo.

 

A re go tloga fano go ya pele, Senthara ya Go Ruta le Go Ithuta e tlile go nna yone ya ntlha go tshegetsa katiso ya batlhatlheledi gore ba se ka ba nna la mathata a go dira ditekolo tsa eleketeroniki.

 

Polatefomo e ntšha eno e tla fetofetolwa go tlhomamisa gore e kopana sentle le porokeramo ya yunibesiti.

“Re dumela gore seno ke tshimologo fela ya dikgolo tse di santseng di tla le ditlhabololo tse dingwe go ya pele tsa tekolo ya eleketeroniki mo YBB,” Herman o bolela jalo.

 

Kgato eno e tla isa YBB kwa isagweng, e dirisa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo go feta otlhe go tlamela badiri le baithuti ka maitemogelo a a botoka a go ithuta .

 

 

 

 

Dintlha go ya pele ka polatefomo

 

Polatefomo ya Cirrus e ne ya tlhamiwa ke Cirrus kwa Netherlands. E na le diofisi kwa United Kingdom le kwa United States of America le ditlamo tsa tirisanommogo natso kwa Australia le mo Aforikaborwa.

 

Ke polatefomo ya segompieno, e e sireletsegileng e e direlang ka bonako e e tlamelang ka tharabololo ya mo isagweng ya go tshwaya diphoso mo mekwalong gore go fitlhelelwe dipatlafalo tsa YBB tsa konokono.

 

Polatefomo eno e laolwa ke Amazon Web Services, e e solofetsang gore e sireletsa deitha.

 

 

 

 

Go simolola bontle

 

Fa gare ga Tlhakole le Lwetse monongwaga, setlhopha sa tiro, se se nang le baemedi ba ba tswang kwa Senthareng ya Go Ruta le Go Ithuta, lefapha la IT, Yuniti ya Go Ithuta Kgakala le Setheo sa Thuto, Yuniti ya Tsweletsopele ya Thuto, le magoro otlhe a YBB, se ne sa akanyetsa dipolatefomo tse di farologaneng tsa tekolo tse di leng teng mo nageng ya rona le tsa dinaga di sele.

 

Ka nako ya totlelelo, go ne ga lekelediwa dipolatefomo tse go neng go na le kgonego ya gore go dirisiwe tsone ka boikaelelo jwa gore go tlhophiwe e e neng e solofetsa go di feta tsotlhe – fa e sena go fitlhelela dipatlafalo tsotlhe tsa yunibesiti – ka Ferikgong 2022.

 

 

Mop Herman van der Merwe, mothusa-modini wa go ruta le go ithuta wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, e ntse e le mankge wa ditekolo tse di dirwang ka inthanete mo YBB.

BAYA SESUPI GODIMO GA SENEPE GORE O BUISE GO YA PELE.

 

Maitemogelo a a Se nang Mathata

 

Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta, a re go dirisa polatefomo ya Cirrus e tla nna maitemogelo a a se nang mathata ape mo baithuting go ya ka mefuta ya tekolo. Gape e tshwanela tiro ya tekolo e e tswelelang pele ya YBB, e boleng jwa yone bo neng jwa bontshiwa gangwe le gape ka nako ya masetlapelo a Covid-19.

 

“Mesola ya polatefomo eno ya Cirrus ya tekolo e tla bo e ntse e le teng morago ga leroborobo la Covid-19, ka gonne baithuti ba tla kgona go tsaya karolo mo maitemogelong a go kwala tlhatlhobo ya mofuta ono, ba le mo khamphaseng kgotsa kwa mafelong mangwe a a kgakala,” Mop Robert Balfour, motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta o bolela jalo.

 

 

Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta.