Khamphase ya Mahikeng e itshupa go nna legae la bagaka ba  jiu-jitsu go ralala dingwaga di le mmalwa, khamphase e tlhagisitse bagaka ba le mmalwa ba bosetšhaba le ba dinaga di sele, mme wa bošeng jaana ke Elvis Moyo.

KELETSO YA GO IPHEMELA

Moithuti yono wa masetase yo o ithutelang go tsenya tirisong marang a saense le thekenoloji ke mongwe wa ba ba tshwanang le Tshepo Botipe le Moses Radebe ba ba neng ba newa sekgele sa go nna bommampodi ba bosetšhaba mme ba tswelela pele go nna bagaka ba jiu-jitsu mo lefatsheng.

 

Go ithutela dikgono tsa go iphemela

 

Elvis o simolotse go ithutela karate a le dingwaga di le tlhano, mme go batla go nna le dikgono tsa go iphemela, ke gone go dirileng gore a kgatlhegele motshameko wa  ju-jitsu.

 

“ Ju-jitsu ga e solegele motho molemo mo mmeleng fela mme gape e dira gore motho a itshepe e bile e ruta batho maano a go iphemela. Ke kgono e mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone,“ o bolela jalo.

 

“Lebaka le lengwe le le dirileng gore ke ithutele jiu-jitsu ke gore ga ke bolo go batla go nna rantwa yo o nang le bokgoni ka jalo ke ile ka ithuta ka yone fa ke sena go buisa athikele ka ga Moses, mongwe wa rona yo o yang Brazil,” go bolela jalo Elvis, yo o nang le lebanta  le le pududu.

 

Mo motshamekong wa jiu-jitsu, o ithuta maano a mašwa ka dinako tsotlhe, mme jalo o ithuta dikgono tse di ntšha ka dinako tsotlhe tse di tlhokegang go go sireletsa mo maemong a a tshosetsang, o bolela jalo.

 

O tsaya karolo mo motshamekong ono wa go lwa ka diatla ba eme ka dinao le wa setlhopha.

 

O gapile dikgele di le mmalwa

 

Elvis o na le dikgele di le mmalwa tsa porofense, tsa bosetšhaba le tsa kwa dinageng di sele mo motshamekong ono.

Ka 2019 o ne a gapa dimmentlele di le pedi tsa gauta kwa dikgaisanong tsa bommampodi mo Aforikaborwa le awate ya go nna molwi yo o ba gaisitseng botlhe kwa kgaisanong ya bommampodi jwa lefatshe lotlhe.

 

Pele ga kgaisano ya bommampodi ba lefatshe lotlhe, Elvis o ne a fitlhelela mmentlele wa gauta le wa selefera kwa dikgaisanong tsa bommampodi ba Aforikaborwa.

 

Ene le baithuti ba bangwe ba batlhano go tswa kwa khamphaseng ya YBB kwa Mahikeng, ba ne ba le maloko a setlhopha sa bosetšhaba sa jiu-jitsu se se neng se emetse Aforikaborwa kwa konkereseng ya bo 26 ya ngwaga le ngwaga ya kgaisano ya jiu-jitsu ya United Nations (United Nations of Jiu-Jitsu le kwa kgaisanong ya bommampodi ka 2018 kwa Gibraltar.

 

Elvis a re motshameko ono o gola ka lebelo mo Aforikaborwa.

Go tswelela pele ka one

 

“Jaanong re simolotse jiu-jitsu ya Morganti mo inthaneteng kwa yunibesiting. E tla thusa mongwe le mongwe go ithuta jiu-jitsu a le gongwe le gongwe mo Aforikaborwa le go kgona go palamela kwa mankalengkaleng a motshameko ono,” Elvis o oketsa jalo.

 

Kgato ya ntlha-ntlha ke go tshwara ditlelase tsa go iphemela ka jiu-jitsu ya Morganti go thusa baithuti le maloko a setšhaba a a ka tswang a le mo kotsing ya tirisodikgoka kgatlhanong le basadi.

 

Elvis o ikaeletse go tswelela pele go emela YBB ka go gapa dikgele tse dingwe gape tsa lefatshe le go alosa balwi ba bangwe ba maemo a a kwa godimo.

 

Ka ga jiu-jitsu

 

Jiu-jitsu ke motshameko wa karate wa bokgoni jwa go iphemela le go lwa jwa go mekamekana, go lwa lo robetse fa fatshe le go ngangatlela motho ka ka tsela e e dirang gore a ineele.

e rotloeditse baithuti go tsenela

About jiu-jitsu

 

Jiu-jitsu is a Japanese self-defence martial art and combat sport based on grappling, ground fighting and submission holds.

 

Ka 2019 moithuti e leng Elvis Moyo o ne a gapa dimmentlele di le pedi tsa gauta tsa dikgaisano tsa bommampodi mo Aforikaborwa le awate ya go nna molwi yo o ba gaisitseng botlhe kwa kgaisanong ya bommampodi jwa lefatshe lotlhe.