TSAMAISO E NTŠHA

 YA ELEKETERONIKI YA MO TIRONG

e tla tlhofofatsa matshelo a rona

Tlhagiso e re e newang ke bomankge e utlwala sentle: se salele kwa morago fa thekenoloji e fetoge go seng jalo o tla lebalwa! Go ikobela tlhagiso eno, YBB e ile ya dira kitsiso ka porojeke ya yone e e kopantsweng ya Botsamaisi jwa mo Tirong ka di 30 November 2020.

 

Ntlha fano ke gore tsamaiso eno ya eleketeroniki e tla thusa badiri go romela dikopo tsa bone tse di amanang le tiro kwa Lefapheng ka go tobetsa dikonopo di le mmalwa fela.

 

Ka sekai: A o batla go baakanya lebone mo ofising ya gago? Tobetsa dikonopo fela mme kopo ya gago e tla goroga kwa lefapheng la tirelo ka tsa eleketeroniki mme e tla rulaganyediwa go baakanngwa ka bonako.

 

Ka go tsenya tsamaiso eno tirisong, YBB e tsaya karolo mo mekgweng ya lefatshe lotlhe ya go dira kgwebo ka tsela e e sa jeng madi a mantsi – le gore gape ditheo tsa thutogodimo, go akaretsa le YBB, di letleletswe go dira diphetogo go ipaakanyetsa maemo a mo isagweng.

 

Mesola e a oketsega

 

Mo godimo ga go lepalepana le Phetogo ya Lekgetlo la Bone ya Diintaseteri le go tlhofofatsa matshelo a rona a tiro, tsamaiso eno gape e tsamaisana le dikarolo di le 17 tsa Thulaganyo ya Ditirelo tse re Tlamelwang ka Tsone tsa Lefapha la Thutogodimo le Katiso. Seno se botlhokwa ka gonne go ikobela melawana eno go raya gore re tla kgona go newa tshegetso ya madi mo isagweng.

 

Mo godimo ga moo, tsamaiso e ntšha gape e tla re thusa go tswelela pele ka mokgwa o re dirileng ditirelo ka one ka 2020.

 

Go sa kgathalesege leroborobo la Covid-19 le le ganyaolang matshelo a batho, setheo se kgonne go tswelela pele ka katlego ka tiro ya sone ya go ruta, go ithuta le go dira patlisiso – mme tsamaiso e ntšha e tla re thusa go gatela pele mo tirong eo.

 

Tsamaiso e ntšha eno e ka ga eng?

 

Boikaelelo jwa tsamaiso eno ke go tokafatsa dikago le ditirelo tse di dirwang mo dikagong tseno, IT, tlhabololo ya dikgwebo le mafapha a a amanang le yone mo YBB.

 

Go tsenngwa tirisong kgato ka kgato ga tsamaiso e ntšha eno e e kopantsweng go tla batla gore re fetole dithulaganyo tsa rona le mekgwa ya rona ya tiro gore re fitlhelele dipatlafalo tsa tsamaiso eno e e tlileng go dirwa.

 

Se boife fa thuso e le gaufi

 

Fa seno sotlhe se utlwala se le matsapa, se boife! Go tla bo go na le baporofešenale ba ba katisitsweng go go thusa ka Thulaganyo eno e e Kopantsweng ya Botsamaisi ya mo Tirong!

 

Fa tsamaiso e ntšha e tsenngwa tirisong, ga e kitla e ama botlhe ka tsela e e tshwanang, ka jalo batla kaelo e e bontshang ka fa tsamaiso eno e tlileng go ama lefelo la gago la tiro ka gone.

 

Re ka lebelela eng?

 

Kwa tshimologong, porojeke e e amanang le tsa botsamaisi mo tirong (e e akaretsang mabala a rona, dikago, diofisi le mafelo a mangwe) e tla tsenngwa tirisong ka dikgato di le tharo, mme ya ntlha e tla simolola ka di 1 Tlhakole 2021.

Tobetsa mo sekhutlong se sengwe le se sengwe go buisa go feta

  • Kgato ya ntlha

     

    Kgato ya ntlha e tla amana le dipaakanyo tsa fa go tlhagile bothata bongwe le dikopo-tirelo tse di dirilweng, mme e tla felela ka gore go tlhomiwe Mafelo le Lefapha la Thuso ka Ditirelo le Tlhokomelo ya dikago tsotlhe, le lefelo la dikopo tsotlhe tse di dirwang ke badiri la tlhokomelo ya dikago.

  • Kgato ya bobedi

     

    Kgato ya bobedi ya porojeke yone e tla amana le dilo tse di latelang:

     

    • Botsamaisi jwa sebaka mo teng ga dikago (tshedimosetso ka sebaka, go aba sebaka, go fudusa setlhopha sa botsamaisi le go beeletsa mafelo)
    • Go abela baithuti malao mo teng ga mafelobonno
    • Tlhokomelo e e rulaganyeditsweng pele ya dikago
    • Go laola matlotlo, ka sekai botsamaisi jwa rejisetara ya matlotlo
  • Kgato ya boraro

     

    Kgato ya boraro le ya bofelo yone e tla amana le dilo tse di tsayang lobaka lo lo leele tse di logetsweng maano tse di jaaka::

     

    • Madi a botsamaisi jwa porojeke
    • Botsamaisi jwa khiro
    • Botsamaisi jwa pholo le tshireletsego mo tirong, ka sekai, go bega kgobalo mo tirong.