BUISA GO FETA

DIKAKGELO

TSA MOTSELEGANYI

ITOKOFATSE KA THUTO YA MO MOWENG LE KA DATA E KGOLO

GetSmarter, setlamo se se rutang ka inthanete se se kwa Cape Town, se rekisediwa setlamo sa kwa Amerika sa thekenoloji sa thuto sa 2U, ka madi a a seng kana ka sepe a bokana ka $103 milione (mo e ka nnang R1,4 bilione)

 

Boikaelelo jwa ditlamo tseno ka bobedi ke go tlamela ka "thutogodimo ya boleng jo bo kwa godimo ya go golagana le baithuti   ka dijethale go tswa kwa dikholetšheng tsa maemo a a kwa godimo le kwa diyunibesiting", go ne ga bolela jalo 2U mo ditshwaelong tsa yone.

 

Madi ano a e rekisiwang ka one a boitshega e le tota. Potso nngwe e e tsogang mo mogopolong ke e e reng: A setlamo se se rutang ka inthanete se ka tura thata jaana?  E nngwe, e e ka tswang e le botlhokwa thata ya re: A thekiso eno e bontsha ka fa go ithuta kgakala le setheo sa thuto, go ithutela mo inthaneteng le thuto ya thekenoloji go leng botlhokwa ka gone?

 

Go bonala karabo ya dipotso tse pedi tseno e le ee. Ruri thuto e a fetoga e bile ditšhono tse di bulwang ke thekenoloji di setse di dirile gore go nne le mekgwa e meša e e tlhamiwang ya thuto.

 

Mo tokololong eno ya Eish! o ka buisa ka mongwe wa mekgwa eo o o kgatlhang fela thata:  go ithuta ka table-top le ka boto ya metshameko. ya eleketeroniki. Mo athikeleng eno go bonala sentle gore metshameko ya boto e na le seabe se se botlhokwa thata sa ka fa kokomana e ntšha ya barutwana, bao ba bidiwang bameleniamo, ba ithutang le go anya tshedimosetso e ntšha le dikgono ka gone.

 

Thuto e e ithutelwang mo inthaneteng e tsamaisana le go tlhamiwa ga thekenoloji ya maemo a a kwa godimo –  ka go dirisa bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa tshedimosetso ya dijethale le go e oketsa. Seno se re tlisa mo kgannyeng e nngwe gape, e leng ya data e ntsi, e e rayang ditlhopha tse di seng kana ka sepe tsa data, tse di kokoanngwang ka nako ya go dira patlisiso di bo di sekasekwa go bona gore dilo di sekametse kae. Mo athikeleng ya rona ya  “Tsepa go” mo tokololong eno, o ka buisa go le gontsi ka matsholo a data e ntsi ya YBB mo kgannyeng ya patlisiso ya go kokoanya tshedimosetso.

 

Morago ga go akanyetsa dilo tseno tsotlhe, re tlhomamisegile ka selo se le sengwe: mareo a a jaaka eLearning (Go ithuta ka tiriso ya eleketeroniki, dikhoso tse dikgolo mo inthaneteng (massive online courses [di MOOCs]) le data e ntsi ke mareo a a dirisiwang thata mo go tsa thuto.

 

Mme fa o ipotsa gore bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa data ya dijethale e e kokoanngwang letsatsi le letsatsi e tlile go bolokwa jang mo isagweng, o ka tobetsa fano go bona gore mmolekhule wa DNA ya go boloka tshedimosetso o tla re thusa jang go boloka tshedimosetso ya dijethale lobaka lo lo leele.

 

Re sa ntse re le foo: wena buisa ka boitumelo!

 

 

>

>