BUISA GO FETA

>

>

Goreng metshameko

ya diboroto

E le go feta

metshameko

le thabiso

fela

Morago ga go ja tlhogo ya boitlhamedi, ditlhopha di dirisana go aga metshameko ya diboroto ka nako ya bodirelo jwa metshameko ya diboroto tsa mo tafoleng le tsa seileketeroniki.

Go aga kago ka marshmallow, theipi, thapo le spaghetti? Iketle, iketle! ga re batho ba ba fentseng Kgwetlho ya Marshmallow ka nako ya bodirelo jwa metshameko ya diboroto. Bone ke David Risinamhodzi, Isaac Takaidza, Lance Bunt le Japie Greeff.

Maloko a badiri ba ba tseneng bodirelo kwa morago ke Lance Bunt, Japie Greeff, Monique du Plessis, Mop Seugnet Blignaut, Marie Preston le Veruschka Pelser-Carstens. Mo gare ke Ngk Carolina Islas Sedano, Mop Dawid Jordaan, Tanja Eksteen le Liana Venter. Mo pele go na le Ngk Verona Leendertz, Carin Venter, Marelise van der Westhuizen le Noory Yusuf.

Fa e le gore o akanya ka metshameko ya diboroto go nna fela nako e e monate le balosika le ditsala, o akanye sešwa gape. Metshameko ya diboroto le tlhabololo ya yone ke karolo e kgolo mo baneng ba gompieno, ba ba bidiwang "millennials " mme e laola gore ba ithuta jang mme ba amogela jang tshedimosetso mme ba ithuta jang bokgoni.

 

Ka go ela se tlhoko, go tshwerwe bodirelo jwa katlego e kgolo ka metshameko ya mo tafoleng le ya seileketeroniki fela maloba kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark ya YBB, mme ya tshwarelwa tlotlo ya karolo e e ntshwa ya patlisiso e e simolotsweng ya TELIT-SA(Technology Enhanced Learning and Innovative Education and Training in South Africa).

 

Mop Seugnet Blignaut, yo a etelelang pele setlhopha se sa TELIT-SA, a re bodirelo ga bo a ruta batsayakarolo fela go bopa metshameko ya mo tafoleng fela mme bo ne bo maatlafatsa bokgoni jwa jaanong jaana jwa go bopa le go bopa sešwa ka mekgwa ya go ruta le go ithuta.

 

Go kgatlhisa le go tshameka monate

Moitseanape wa lefatshe ka bophara wa metshameko Ng Carolina Islas Sedano go tswa kwa Yunibesiting ya Eastern Finland (UEF) ke ene yo o tsamaisitseng bodirelo. Mo tlhalosong ya gagwe ya LinkedIn, Carolina o itlhalosa ka go re ene ke mmueledi wa maemo, mme ke moithuti wa kgatlhego le wa go tshameka mme gape ene ke mogwebisimošwa mo pelong - tsotlhe ke dipharologantsho tse di ilweng tsa bonagala mo bodirelong.

 

Tiro e nngwe mo lenanetemeng e ne e le "Kgwetlho ya Di-Marshmallow" e e neng ya kopa batsayakarolo go aga kago e e telele jaaka go ka kgonagala e e ikemelang ka go dirisa  dithobane tsa spaghetti, theipi, metlhala le mashmellow e le nngwe. Kgwetlho e yona-yona e ne e tsepame mo go tlhabololeng ga dikgono jaaka go dirisana le setlhopha, dikgono tsa kakanyo le boalo, boitlhamedi le poposešwa.

 

Patlisiso-kgolo ya ga Carolina ke go akaretsa thekenoloji ka mokgwa wa poposešwa gore go fitlhelelwe diphitlhelelo kampo maitemogelo a a nneng a sa ye go fitlhelelwa. Ene gape o utulola mekgwa ya go dirisa thekenoloji go bopa maitemogelo a go ithuta le go ruta ka mekgwa e e monate e e nnang le bokao mme o tsenya tikologo ya go dira jalo mo ditirong tsa go ithuta ka go tshameka.

 

Batsayakarolo ba bodirelo ba kopile gore go nne le bodirelo gape ya go latela gore ba kgone go utulola le go batlisisa tshiamo ya go ka dirisa metshameko ya diboroto go ruta le go ithuta.