>

>

BADIRI KA NNA BA BA RATEGANG,

Molaetsa wa

MOTLATSAMOKANSELIRI

Tshwetso e e dirilweng ke Lekgotla la Thutogodimo la go dira kitsiso ka lenaneothuto la LLB e ne ya gakgamatsa thata ba le bantsi.  Fa kitsiso e sena go dirwa, go ne ga bodiwa dipotso tse di jaaka tse di latelang: A ga se rona ba re feditseng dingwaga di le dintsi re di goga kwa pele mo go tlhagiseng baalogi ba LLB? A boleng jwa lenaanethuto la rona la akatemi bo ka belaelwa? A seno ga se tsietso ya sepolotiki?

 

Go tlhaloganya kitsiso ya CHE re tshwanetse go tlhaloganya kgopolo e le nngwe fela ya motheo, ya gore go tlisa diphetogo ga go a tshwanelwa ga kgaoganngwa le boleng.

 

Mma ke tlhalose seno ka tsela e sele gore ke gatelele ntlha: boleng jwa mananeothuto a yunibesiti ga bo bonwe fela ka mabaka a "akatemi".

 

Tshwetso ya teng e amana le tsela e lenaanethuto leno le tlamelang baithuti ka gone ka legae le le ba siametseng. Fa seno se sa fitlhelelwe, go ka nna ga dirwa kitsiso ka lenaanethuto leno.

 

Re ka bo re ile ra ganetsa seno fela thata le go nganga gore lenaanethuto la rona la LLB ke la maemo a a kwa godimo le le nang le baithuti ba nako e e fetileng mo mafelong otlhe a a nang le babueledi ba semolao mo go one.  Re ka bo re ile ra ema kgatlhanong le pego eno ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Mme ke ne ka bona go le botoka go e tlogela mo boemong jwa go baakanya selo se se nang le mathata.

 

Ka lesego Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e setse e na le ajenda e e nonofileng ya go tlisa diphetogo. Re a itse gore re na le ditlhaelo tse di rileng e bile re amogetse togamaano e ntšha, thulaganyo le molao o o re kaelang le o o re rotloetsang.

 

Ka ntlha ya seno, ke rotloetsa badiri botlhe go tlhaloganya lebaka la togamaano e ntšha le thulaganyo ya teng le go tshegetsa ka botlalo go tsenngwa ga yone tirisong. Jaaka karolo ya thulaganyo eo, re tshwanetse go itshekatsheka ka mo go tseneletseng le go nna ba ntlha go tsaya kgato ya go ntšhafatsa mokgwa o dilo di dirwang ka one mo setheong sa rona (go akaretsa le go dira ga rona ka dipuo). Seno se ama ditlhopha tsotlhe tsa serutwa, dikolo le magoro.

 

Fa re simolola go iteba jaaka batlhanka ba yunibesiti yotlhe, ba go ruta, go dira patlisiso kgotsa ba kemonokeng, re tla akaretsa badiri-ka-rona le baithuti ba dikhamphase tse dingwe mo megopolong le mo ditirong tsa rona. Fa re gakololana le go rulaganya mmogo ka go tshegetsana, go dirisana mmogo, re tla fetola YBB  go nna yunibesiti e e seoposengwe e mo go yone go nang le tekatekano, tiro ya maemo a a kwa godimo le go tlhokomelana. Ka nako eo, re tla bo re fitlheletse boleng jwa mmatota e bile go sena sepe se re ka se boifang.