>

>

Matsholo

k a

data e ntsi

Tsepa go

Lefapha la yunibesiti la Thekenoloji ya Tshedimosetso (Information Technology [IT]) le dira ka natla le babatlisisi go bona ditšhono tse dintšha le ditharabololo tsa tlhamosešwa tsa dikgwetlho tse go kopanwang le tsone mo patlisisong ya go kokoanya tshedimosetso.  Eish! E ne ya bua le Anelda van der Walt, mogakolodi ka tsa eResearch, ka matsholo a maša a YBB a data e ntsi e e kgatlhang thata.

P:  YBB e ne ya tshwara dikopano di le pedi tsa ditogamaano tse di neng di tsepile go matsholo a data* e ntsi. Re bolelele go ya pele ka tsone.

K: Boikaelelo jwa dikopano tseno, tse di neng di tshwerwe ka Tlhakole, e ne e le go sedifaletsa babatlisisi ka dikgonego tse dintsi tse di amanang le dithekenoloji tsa data e ntsi le go ruta badiri dikgono tsa tiro. Ditšhono tseno di amana ka mo go kgethegileng le African Research Cloud le Inter University Institute for Data Intensive Astronomy (IDIA). Dikopano tseno di neile babatlisisi ba ba neng ba le teng mo go tsone botlhale jwa ka fa ba neng ba ka nna le seabe ka gone le go solegelwa molemo ke matsholo ka data e ntsi. Kopano ya ntlha e ne e bua segolobogolo ka matsholo a data e ntsi le dikgwetlho tse go kopanwang le tsone mo serutweng sa fisika, mme kopano ya bobedi yone e ne e amana le dirutwa tse dingwe, go akaretsa le dithuto tsa mekgwa ya batho le disaense.

 

Sebui e ne e le Mop Russ Taylor, modulasetulo wa mmatlisisi mmogo wa Marang a Radio a a Tswang kwa Lefaufaung kwa Yunibesiting ya Cape Town (UCT) le kwa Yunibesiting ya Kapa Bophirima (Western Cape [UWC]), le Mop Rob Simmonds, mokaedi-mmogo wa Dithekenoloji tse Dintšha kwa IDIA.

 

Dikopano tseno di ne di rulagantswe ke Mop Frikkie van Niekerk, mothusa motlatsa-mokanseliri wa YBB wa patlisiso, tlhamosešwa le thekenoloji.

 

P: YBB e amana jang le IDIA mme boikaelelo jwa setheo ke bofe?

K: YBB ke mothei-mmogo wa IDIA. Setheo se dirisana mmogo le diyunibesiti tsa Aforikaborwa le diintaseteri mme tirisanommogo eno e ne e diretswe go mekamekana le kgwetlho ya setlha se se ntšha sa data e ntsi mo tirong ya go lepa dinaledi. Le fa bolepadinaledi bo eteletse pele tlhabologo e e nnang gone mo IDIA, didirisiwa tse dingwe tsa patlisiso tse di jaaka go kokoanya tshedimosetso le go e sekaseka di sologelwa molemo ka tlhamalalo go tswa mo letsholong leno.

 

Badirisanimmogo ba akaretsa NWU, UCT, UWC, Yunibesiti ya Pretoria mme bošeng jaana Ditharabololo tsa Karolofefo ya Khomphiutha ya SAP. Boikaelelo jwa IDIA ke go kopanya mmogo babatlisisi ba tsa bolepadinaledi, saense ya khomphiutha, dipalopalo, dikhomphiutha tse di bonako, didirisiwa tse dingwe tsa patlisiso le dithekenoloji tsa eResearch go tlhama didirisiwa le bogolo jwa data ya saense le ditharabololo tsa yone.

 

P: Matsholo mangwe ka data e ntsi ke afe a YBB e nnang le seabe mo go one ga jaanong jaana kgotsa a e amanang le one?

K:  YBB e na le seabe mo ditirong tse dintsi tsa data e ntsi le saense ya data. A a umakiwang fano ke matsholo a le mmalwa fela a a kgatlhang le diporojeke tse di tla goleletsang YBB kwa mankalakaleng gore e atlege mo tirong ya go kokoanya data.

 

Mo go tsa karolothata ya khomphiutha, ga jaanong jaana YBB e thusa babatlisisi go dirisa didirisiwa tsa boditšhabatšhaba tse di jaaka Senthara ya Dikhomphiutha Tsa Lobelo lo Logolo (Centre for High Performance Computing [CHPC]), le go tlhabolola didirisiwa tsa dikhomphiutha tsa lobelo lo logolo le African Research Cloud.

 

Matsholo a a kgatlhang a go ruta badiri dikgono tsa tiro a akaretsa Karolofefo ya Khomphiutha le dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa go bopa data le Sekolo sa Selemo sa Patlisiso ka Saense ya Data ya CODATA-RDA. Babatlisisi ba bannye ba ba nang le maitemogelo ba YBB ba ne ba le teng kwa ditiragalong tseno.

 

Gape YBB ke leloko la setlhopha sa Sedirisiwa sa Bosetšhaba sa E-Science sa Morago ga Kalogo sa Go Ruta le go Ithuta (National E-Science Postgraduate Teaching and Training Platform [NEPTTP]). NEPTTP ke lenaanethuto la masetase le le tla thusang baithuti go boloka selekanyo sa data ya saense ka manaanetiriswa a khomphiutha a a farologaneng jaaka a tsa ditšhelete, temothuo, tshedimosetso e e feletseng ya dijini, disaense tsa loago, dithuto tsa dijethale tsa mekgwa ya batho le tse dingwe tse dintsi.

 

P: Babatlisisi ba ka nna le seabe jang mo matsholong ano a YBB a data eno le e nngwe e ntsi?

K: Ba ka romela imeile kwa atereseng ya eresearch@nwu.ac.za. Re tla ba naya kgakololo go ya ka ditlhoko tsa bone tse di kgethegileng. Gape ba ka nna ba re sala morago ka Twitter go @NWU_eResearch go ithuta go ya pele ka ditiragalo tsa morago-rago le ka matsholo ano.

 

* Data e ntsi e raya data e bontsi jwa yone bo boitshegang e e kokoanngwang ka nako ya patlisiso. Gantsi data eno e a sekasekwa go tlhotlhomisa gore dilo di sekametse kae.