>

PHETLOLELA KWA TLASE

MOP MARTIN OOSTHUIZEN
MOP MARTIN OOSTHUIZEN
Mop Martin Oosthuizen, mothusa-motlatsamokanseliri wa go ruta le go ithuta, a re baithuti ba tshwanetse go di goga kwa pele mo go sengwe le sengwe se se dirwang sa go ruta le go ithuta. "Baithuti ba tshwanetse go rutwa go dira le go tshela mo gare ga setšhaba sa ditso tse di farologaneng. Ba tshwanetse go amogela dipharologano tsa batho ba ditso di sele le go leba seno e le se se tla ba thusang, e seng se se tla ba tshosetsang. O dumela gore diyunibesiti tse e leng tsone fela tse di tla atlegang mo isagweng e tla nna tse di nang le maemo a boleng jo bo kwa godimo.

YBB e tsamaisa sentle mothusa-motlatsamokanseliri wa rona wa go ruta le go ithuta. Mop Martin Oosthuizen o dirile go tlala seatla tota go tlhomamisa gore yunibesiti e tla tlhagisa baalogi ba ba rutegileng dingwaga di le dintsi tse di tlang. O tlotla ka lobaka lwa gagwe lwa fa a ne a dira mo YBB le dilo tse dintsi tse di tlhomologileng le tse di gwetlhang tse a kopaneng le tsone.

 

Le fa a itumetse jaana, kwa tshimologong Martin o ne a inyatsa malebana le namane e tona ya tiro e e neng e larile kwa pele ga gagwe fa a ne a nna leloko la YBB ka Seetebosigo wa 2011. "E ne e le tikologo e e marara ya dikhamphase di le tharo tse di tlhomologileng, nngwe le nngwe e na le hisetori ya yone le porofaele ya yone ya akatemi malebana le badiri le baithuti  le lefelo le e neng e le mo go lone. Ke ne ka bona ka bonako seabe se se botlhokwa se yunibesiti e nang le sone ka boleng jwa botshelo le go tlamela e seng fela Porofense ya Bokone Bophirima ka dilo tse e di tlhokang mme gape le Gauteng wa borwa.”

 

Maitemogelo a gagwe a dingwaga di le 21 kwa Yunibesiting ya pele ya Port Elizabeth le kwa Yunibesiting ya Nelson Mandela Metropolitan mo tirong ya go rulaganya, ya botsamaisi jwa tsa boleng le thutabomodimo di mo thusitse go tokafatsa dilo go fetola ka katlego tiro ya go ruta le go ithuta gore e nne ya maemo a a kwa godimo thata e e dirang gore YBB e nne kwa godimo ga ditheo tsotlhe tsa thuto tsa go ruta le go ithuta.

 

O simolotse a le mo dipharagobeng

 

O ne a le mo dipharagobeng fa a simolola kwa YBB. "Re ne re na le dikgwedi di le thataro tsa go wetsa thulaganyo ya semmuso ya go lolamisa dithuto tsotlhe tsa akatemi tsa yunibesiti le mananeothuto ka go latela dipatlafalo tsa taolo tsa Thulaganyo ya go Tshwanelegela Thutogodimo. Ke ne ka gakgamala tota fa ke fitlhela gore go fitlha ka nako eo go ne go sa dirwa tiro epe e e kalo go simolola ka thulaganyo eno."

 

Martin a re nako e e gwetlhang eno ke yone e e neng ya mmontsha ka fa badiri ba YBB ba nang le bokgoni ka gone jwa go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla. "Ke ne ke le lesego go dira le setlhopha se se ineetseng mo tirong kwa Ofising ya Porojeke le kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Kemonokeng ya Akatemi. Tiro eno ya bone, mmogo le tirisanommogo e e molemo ya magoro le tiro e e dirilweng ka natla, e ne ya dira gore re kgone go wetsa tiro ka letlha le le beilweng."

 

Go simolola ka dikgwetlho go fitlha ka tiro ya boleng

 

Mo dingwageng tsa ntlha tse pedi tsa go laola potefolio ya YBB ya go ruta le go ithuta, Martin o ne a tsepa mogopolo mo dithulaganyong tsa tsamaiso, dithulaganyo le go amogelwa semmuso ga mananeothuto a akatemi. "Re ne ra tshwanelwa ke go dira ka natla go tlhomamisa gore re na le ditsela tse di tlhaloganyesegang sentle tsa puisano le tse di dirang sentle gore re tokafatse boleng jwa dikopo tsa rona fa re dira kopo ya go newa tetlelelo-semmuso."

 

O ne a itse sentle ka botlhokwa jwa go tlhama ditsamaiso tsa khomphutara go laola potefolio ya go ruta le go ithuta. "Mo tirong ya go ruta le go ithuta o tshwanetse go boloka direkoto tse di siameng le tshedimosetso ka mananeothuto otlhe le dithutego. Go botlhokwa gore Lefapha la Thutogodimo le Lekgotla la Thutogodimo di amogele tsotlhe tseno semmuso. Tsamaiso e e siameng ya khomphutara gape ke yone e o ka e dirisetsang go rulaganyetsa isagwe le go lemoga ditšhono tse di ntšha."

 

A re nngwe ya dintlhakgolo e ne e le go tlhomiwa ga Christa North go nna mogakolodi-mogolo wa dithulaganyo le diporojeke tse di kgethegileng ka 2013. "Ka kaelo ya gagwe, re ile ra kgona go tlhama tsamaiso ya eleketeroniki ya go amogela mananeothuto semmuso le go bereka ka tshedimosetso yotlhe e e maleba e e amanang le Mananeothuto a a Farologaneng le Dithutego a re ka kokoanyang tshedimosetso ka one." A re sedirisiwa se se mosola seno se eteleditse YBB kwa pele ga setheo le go ba thusa go fedisa ditlhaelo dipe tse di neng di le teng kwa tshimologong.

 

Go ya dinageng tsa bophirima

 

Martin a re o re sadisa sentle mme ga a ele ruri. O batla go tswelela pele ka seabe sa gagwe sa go ruta le go ithuta mo YBB ka nakwana. Gape o batla go nna le seabe mo diporojekeng tsa bosetšhaba tsa tlhomamiso ka tsa boleng.

 

O tlile go ya go bona ba lelapa la gagwe kwa Somerset West kwa Kapa Bophirima.  "Ke gakaletse go ipona ke na le bone."

 

Motho a ka akanya gore Martin o ne a tla rola tiro morago ga go lebana le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe tsa tiro ya go ruta le go ithuta, mme a re o sa ntse a batla go lekeletsa mowa wa gagwe wa bogatlhamelamasisi. O solofela gore o tlile go swaya baesekele go tswa Cape Town go ya Cairo, le go ya mafelong a mantsi, go akaretsa le St Petersburg kwa Russia le go ya kwa Scandinavia go ya go bogela dipone tsa dinaga tsa bokone.

SUPA GO BUISA GO FETA

BUISA GO FETA

>