BISMARK

o tsaya marapo mo Lekgotleng

Ngaka Mzubanzi Bismark Tyobeka, mongwe wa bomankge ba ba di gogang kwa pele mo go tsa maatla a nyutlelia mo lefatsheng, ke modulasetulo yo mošwa wa Lekgotla la YBB.

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

PHETLOLELA KWA TLASE

Bismark, yo o tlhomilweng kwa kopanong ya Lekgotla ka di 16 Mopitlwe 2017 o tla etelela Lekgotla pele dingwaga di le tharo tse di tlang. Seno se direga jaana morago ga go fela ga lobaka lwa tiro lwa modulasetulo wa nako e e fetileng ka di 30 Mopitlwe 2017, e leng Mmueledi Johan Kruger SC – Johan ga a tlogela phatlha ya gore go kgonege go mo tlhopha gape.

 

Bismark, modulasetulo wa ntlha wa Lekgotla la YBB, o sa le a le leloko la Lekgotla go simolola ka Ngwanaitseele 2014. Ga jaanong jaana ke modulasetulo wa Lekgotla la Komiti e e Okamelang go Tlisiwa ga Diphetogo, mme bošeng jaana o ne a tlhomiwa go nna Leloko la Komiti ya lone e e Okamelang Baithuti.

 

O na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe

 

Moithuti yo o motlotlo yono wa nako e e fetileng wa YBB o kile a nna le maemo a bo CEO mo setlamong sa Balaodi ba Bosetšhaba ba Metšhini e e Fetlhang Maatla a Nyutlelia (National Nuclear Regulator of South Africa [NNRSA]) fa e sa le ka 2013 mme o na le seabe se segolo mo matsholong a a farologaneng a Setlamo sa Boditšhabatšhaba sa Maatla a Diatomo (International Atomic Energy Agency [IAEA]).

 

Ke leloko la Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Bogakolodi ya Pabalesego ya Nyutlelia, ke Motlatsa-Modulasetulo wa Foramo ya Koporasi ya Boditšhabatšhaba, mme gape ke motlatsa-modulasetulo wa Foramo ya Ditlamo tsa Balaodi ba Maatla a Nyutlelia mo Aforika.

 

Prior to his appointment as CEO of the NNRSA, he worked as a nuclear engineer at the IAEA in Austria for about five years. In the five years before that, he was a senior reactor physicist at Penn State University, and held the same position at Eskom for two years from 2000.

 

Dithutego tse di seng kana ka sepe

 

Go sa kgathalatsege go itsege ga gagwe kwa dinageng di sele, Bismark ga a lebale kwa a tswang gone mme o nna a golagane thata le baithuti ba nako e e fetileng ba jaanong ba dirang mo intasetering ya maatla a nyutlelia mo Aforikaborwa.

 

O ithutetse didikerii tsa BSc (1999) le MSc (2001) kwa Yunibesiting ya pele ya Bokone Bophirima mme ka 2004 a ithutela dikerii e nngwe ya MA ya Boenjenere jwa Nyutlelia kwa Penn State University kwa USA.

 

Ka 2005 o ne a nna le dikerii ya MA ya botsamaisi jwa porojeke kwa Colorado Technical University kwa USA mme ka 2007 a ithutela PhD ya Boenjenere jwa Nyutlelia kwa Penn State University.

 

Ka 2013, Bismark o ne a tlotlwa ka go newa Awate ya Maemo a a kwa Godimo ya Baithuti ba Nako e e Fetileng ba YBB ka ntlha ya diphitlhelelo tsa gagwe tsa botho le tsa tiro ya gagwe, mme segolobogolo ka ntlha ya thuso e kgolo ya gagwe mo saenseng ya maatla a nyutlelia mo lefatsheng lotlhe.

PHETLOLELA KWA TLASE

PHETLOLELA KWA TLASE

Ngaka Mzubanzi Bismark Tyobeka, ke modulasetulo yo o sa tswang go tlhomiwa wa Lekgotla la YBB.

Mmueledi Johan Kruger SC ke modulasetulo yo o weditseng bodulasetulo jwa gagwe jwa Lekgotla la YBB.

Go emela setheo mmogo

 

Mo puong e a neng a e neela morago ga go tlhomiwa go nna modulasetulo, Ngaka Bismark Tyobeka o ne a leboga Lekgotla go bo le mo neile tšhono ya go direla YBB le batho ba yone le go ikanngwa ga gagwe ke bone.

 

O ikaelela go tsweledisetsa pele tiro e e molemo, go momaganya setšhaba le tiro ya ka natla ya ba a ba tlhatlhamang. "Ke a itse gore ga e tle go nna tiro e e motlhofo, mme ke na le tsholofelo ya gore ka tirisanommogo ya maloko otlhe, le boineelo jo maloko otlhe a YBB a nang le jone tiro eno e tla atlega, re tla e kgona.

 

"Ke tsaya marapo a bodulasetulo jwa lekgotla mo nakong e e botlhokwa thata ya yunibesiti. Lekgotla le weditse ka katlego tiro e kgolo ya Leano, Thulaganyo le Melao - ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mmueledi Johan Kruger. Ke akgola badiri-ka-nna mo Lekgotleng le setlhopha sa botsamaisi go bo ba dirile tiro e e molemo.

 

"Kgato e e latelang ke ya go tsenngwa tirisong ga dithulaganyo tseno. Maikemisetso le maikaelelo a me ka kgato eno ke gore e dirwe e beilwe leitlho fela thata ke Lekgotla le ke dikomitipotlana tsa lone, go tlhomamisa gore baamegi botlhe ba a akarediwa. Gape ke leboga setlhopha sa botsamaisi go tlhomamisa gore go rulaganngwa seša ga mafapha ga go kitla go ama badiri ka tsela e e sa siamang malebana le go latlhegelwa ke ditiro.

 

"Ono ke motlha wa go momagana wa yunibesiti eno go nna e le nngwe fela ya YBB, e bile ponelopele ya me ka YBB ke gore e nne kwa mankalakaleng mo go tsa akatemi mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele, e le yunibesiti e le nngwe e e seoposengwe. Go na le mesola e le mentsi ya go bona kgato e ntšha eno e weditswe gore baamegi ba rona ba nne motlotlo go bo ba le karolo ya yunibesiti ya maemo a a kwa godimo jaaka ya rona.

 

"Ke lebile pele go setlha tsela le YBB, mme rotlhe re tlile go nna baemedi ba setheo seno," o bolela jalo.

Modulasetulo yo o weditseng tiro o leboga YBB

 

Mmueledi Johan Kruger SC o sa le a nna modulasetulo wa Lekgotla la YBB ka kgwedi ya Ngwanaitseele 2014, mme o ne a etelela yunibesiti pele go ralala dinako tse di thata.

 

"Thulaganyo e ntšha e e logetsweng maano ya YBB le go rulaganngwa seša ga mafapha e ntse e le kgang e e raraaneng e e masisi, mme lobaka lwa tiro ya me jaaka modulasetulo ruri e nnile lwa maitemogelo a a rutang tota mo botshelong jwa me," o bolela jalo.

 

"Bokgoni jwa batho ba ke neng ke dira le bone, bo nnaya tsholofelo ya isagwe ka naga ya rona le ka setheo sa rona. Go ntse jalo le ka jwa ba ba nnang le seabe: Maloko a lekgotla, setlhopha sa botsamaisi (sa setheo le sa dikhamphase), mmogo le badiri ba akatemi le ba kemonokeng. Ke nnile le tshiamelo e kgolo ya go dirisana le maloko a a farologaneng a badiri ka tsela ya semmuso le e e seng ya semmuso. Ga nkitla ke lebala seo le ka motlha.

 

"YBB, ke a lo leboga, lo ntlhofofaleditse tiro,” o konela jalo.

 

Ka di 16 Mopitlwe 2017, mo kopanong ya bofelo e Johan a neng a le teng kwa go yone, Mop Dan Kgwadi, motlatsamokanseliri, o ne a mo leboga mo boemong jwa setlhopha sa botsamaisi, badiri le baithuti, ka ntlha ya kaelo ya gagwe ka nako ya lobaka lwa gagwe lwa bodulasetulo jwa Lekgotla la YBB

PHETLOLELA KWA TLASE

PHETLOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO