Bošeng jaana, Tona ya Thutogodimo e ne ya saena molao o montšhwa wa YBB, o morago o gatisitsweng mo Kaseteng ya Puso. Seno ke tshimologo ya lobaka lwa dikgwedi di le 12 lwa gore yunibesiti e diragatse maikarabelo a yone a semolao a go tsenya molao ono tirisong. Eish! e ne ya buisana le Mop Marlene Verhoef, mokwadisi wa mo setheong, ka thulaganyo eno, botlhokwa le marara a Molao ono o mo ntšha.

"Molao ono o tlisa thulaganyo mo yunibesiting. Ga se pampirinyana fela, e na le maatla a go tlisa diphetogo," go bolela jalo Marlene. O dumela gore ke tokomane e e maatla e e tshwanelang le e e mo nakong. "Molao ono o tlhamilwe morago ga dikgakololano tse dintsi le diura tse dintsi tsa tiro ya ka natla e e neng e dirwa ke setlhopha se se ineetseng sa bomankge ba semolao le ba molaomotheo. Ke bosupi jwa se YBB e batlang go nna sone."

Mop Marlene Verhoef, mokwadisi wa mo setheong, a re jaaka mankge wa dipuo, o ne a gakgamadiwa thata ke botlhokwa jwa puo fa a ntse a kwala Molao o mo ntšha. "Re ne re tshwanetse go ela tlhoko gore lefoko lengwe le lengwe le le dirisitsweng le siame le gore phegelwana nngwe le nngwe le letshwaopuiso di mo maemong a a tshwanetseng."

BUISA GO FETA

>

>