PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

Setlhopha sa baithuti ba ngwaga wa boraro sa Legoro la tsa Molao mo Khamphaseng ya Potchefstroom se bone maemo a bobedi ka go latelana a baithuti ba ngwaga wa boraro mo khamphaseng mo kgaisanong e e atlegileng e e rategang thata ya ngwaga le ngwaga ya Tsheko ya go Ikatisa ya YBB ya Juta

 

Michell Brits, Christoff Kalp, Marijke van Jaarsveld le Johandri Wright ba ne ba ntsha bokgoni jwa bone fa e ne e le baemedi ba molatofadiwa mo kgetseng ya tlhaselo mo makgaolakgannyeng a tsheko, e e neng e

 

Ba ne ba fenya setlhopha sa baithuti ba ngwaga wa boraro sa YBB se maloko a sone e neng e le a dikhamphase tse tharo tsa YBB. Setlhopha sa YBB e ne e le sa baemedi ba Puso mme se ne se emetswe ke Sergio dos Santos, Asma Haffejee,  Thando Kunene le ke Davin Olën.

 

Moatlhodi yo o tlotlegang o okametse kgetsi

 

Moatlhodi Monica Leeuw, Poresidente yo e leng Moatlhodi wa Kgotlatshekelo e e Kwa Godimo ya Bokone-Bophirima, o ne a okametse dikgetse tsa kgotlatshekelo. O ne a fitlhela gore setlhopha sa baemedi ba Puso se ne se sa kgone go ntsha bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore go omana ga monna le mosadi go ne ga felela ka tlhaselo mme kgetsi ya fenngwa ke baemedi ba molatofadiwa. Mmueledi Mark Adams o ne a okametse seka-makgaolakgang letsatsi pele ga leno.

 

Jaaka mo dingwageng tse di fetileng, ditsheko tsa go ikatisa tsa ngwaga ono di ne di ratega fela thata. Baithuti ba ba fetang 150 ba ne ba tsaya karolo mme ditlhopha go tswa kwa dikhamphaseng tse tharo tsa YBB di ne tsa gaisanela tlotlo. Gape go ne go tlile baeng ba ba tlhomologileng ba ba farologaneng mo tiragalong eno go tswa mo mafapheng a semolao. Baeng ba ne ba akaretsa Mmagiseterata-Mogolo wa Bokone Bophirima, Mmagiseterata-Mogolo wa nakwana, Tlhogo ya Boatlhodi kwa Potchefstroom, bommagiseterata ba le mmalwa le Motšhotšhisi-Mogolo, le batšhotšhisi-bagolo ba bangwe go tswa mo kgaolong yotlhe.

 

Ponelopele e e felelang ka kgaisano e e rategang

 

Kgaisano ya Tsheko ya go Ikatisa ya Juta ke tiragalo e e boleletsweng pele ke Mmueledi René Koraan, motlhatlheledi kwa Legorong la tsa Molao mo Khamphaseng ya Potchefstroom. O ne a leba seno e le tšhono ya baithuti ba ngwaga wa bobedi le wa boraro wa go bapala maitemogelo a mantsi a a tlhokegang.  "Ditsheko tsa go ikatisa di ba thusa go ipaakanyetsa ditiro tsa bone tsa boitshediso le go ba ruta go dirisa molao fa ba le mo tirong." O ne a lebogela batshameki botlhe go tsaya karolo ga bone le go boloka kgaisano e tletse botshelo.

 

Mop Martin Oosthuizen, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta wa YBB, a re kgaisano ya YBB ya Tsheko ya go Ikatisa ya Juta e bontsha dikgono, ditalente le boineelo jwa baithuti ba YBB ba ba ithutelang molao. "Ke bosupi jwa mmatota jwa boineelo jwa baithuti ba YBB le badiri ba magoro a molao," o ne a bolela jalo.

 

"Mo godimo ga moo, kwa YBB, sengwe sa dilo tse re di dirang le se re kgaratlhelang go se dira ke go thusa baithuti ba rona gore ba kgone go amanya kgopolo le tiro. Ba tshwanetse gore ba kgone go tsaya se ba se ithutang mo teng ga phaposi ya botlhatlheledi mme ba utlwe gore go se dirisa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi go utlwala jang. Tsela e baithuti ba tla itshwarang ka yone jaaka baporofešenale e tla nna le diphelelo tse di molemo thata mo setšhabeng."

 

Malebana le ntlha eno o ne a re Ditsheko tsa go Ikatisa tsa YBB tsa Juta di fetogile go nna tiragalo e e botlhokwa thata ya Legoro la tsa Molao.

CLICK TO SCROLL DOWN

PHETLOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO