Didirisiwa tse di thusang ka patlisiso mo lekgolong la dingwaga la bo21

 

>

>

Go thusa babatlisisi go nna le dikgono tse di ntšha tse ba di tlhokang tsa go dira ka difalanatshedimosetso tse dikgolo thata gompieno, YBB e tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di ba rutang dikgono tse di botlhokwa tsa go dira ka dikarolofefo tse di farologaneng tsa khomphiutha.

Ka ntlha ya lebelo le thekenoloji e tokafalang ka lone gompieno, babatlisisi ba na le difalanatshedimosetso tse di farologaneng thata tse dikgolo go feta tsa dingwaga tse di fetileng. Go fetoga ga mokgwa o patlisiso e dirwang ka one go ba thusa go araba dipotso tse ba ntseng ba sa kgone go di araba, mme gape go dirile gore go tlhokege thata gore ba bapale dikgono tsa go dira ka difalanatshedimosetso tse dikgolo tseno

PHETLOLELA KWA TLASE

PHETLOLELA KWA TLASE

Lefapha la Thekenoloji ya Tshedimosetso (Information Technology [IT]) la YBB le na le tharabololo ya bothata jono jo bo gwetlhang. Le dirisana mmogo le Mokgatlho wa Software Carpentry le mokgatlho-potlana wa one e leng, Data Carpentry, go tshwara metseletsele ya dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse boikaelelo jwa tsone e leng go thusa babatlisisi go ithuta dikgono tsa go dirisa khomphiutha le tshedimosetso.

 

Anelda van der Walt, mogakolodi wa eResearch kwa YBB, o ntse a na le seabe ka Software Carpentry mo Aforikaborwa fa e sa le ka 2014. Porokeramo eno, e gantsi e dirisang dikarolofefo tsa sesolo tsa khomphiutha, e simolotswe kwa Canada. Fa e sa le ka nako eo, di ile tsa tsenngwa tirisong mo lefatsheng lotlhe, ka go dira gore bomankge ba batlhatlheledi ba tshware dikokoano tsa go ruta babatlisisi dikgono tse di botlhokwa tsa khomphiutha tsa mananeo a a farologaneng a khomphiutha.

 

Go tsepiwa mogopolo mo dikgonong tse di botlhokwa

 

Dikokoano tseno di tsepa mogopolo mo go ruteng dikgono tse di botlhokwa tse di tlhokegang mo tirong ya go dira patlisiso mo lekgolong la dingwaga la bo21 e bile di ka rutwa babatlisisi ba dirutwa tse di farologaneng. Software Carpentry gantsi e akaretsa matseno a R kgotsa Python, didirisiwa-taelo tse tiro ya tsone e leng go dira gore ditiro tse di ipoeletsang di itlhagise ka botsone kwa ntle ga gore di dirwe gape, le dintlha-kakaretso tsa Git le GitHub tsa go laola tokololo le tirisanommogo. Data Carpentry e amana le dirutwa tse di kgethegileng mme e tsepa mogopolo mo didirisiweng tse di dirisiwang mo mannotirisong a khomphiutha a a kgethegileng a a jaaka boithuta ditogwa tsa tsalo, , dirutwa tsa dijetale kgotsa ditshedi le tikologo ya tsone.

 

"Go na le kgonego ya gore Karolofefo le Data Carpentry di rarabolole bothata jwa tlhaelo ya dikgono tsa saense mo lefatsheng lotlhe tsa go dira patlisiso. Moithuti mongwe le mongwe wa morago ga kalogo o tshwanetse go tsaya karolo mo go nngwe ya dikokoano tseno," go bolela jalo Anelda, yo o simolotseng kamano ya gagwe le Software Carpentry kwa Yunibesiting ya Cape Town mme a tla ka bokgoni jwa gagwe mo Yunibesiti ya Cape Town mo ngwageng o o fetileng.

 

Go setse go fetile mo e ka nnang dingwaga di le 18 fa e sa le go tlhamiwa dithuto tsa mahala di bo di phasaladiwa ka fa tlase ga laesense ya Creative Commons.  Karolofefo ya khomphiutha le Data Carpentry e naya babatlisisi tšhono ya go rutana mekgwa e e siameng go e gaisa yotlhe ya go dira tiro gore ba kgone go tswelela ka tiro ya bone ya go dira dipatlisiso, go bona dilo ka leitlho la mogopolo le go abelana tshedimosetso ya patlisiso. Gape babatlisisi ba ka kgona go ruta dikokoano tseno ka ditšhono tsa go katisa batlhatlheledi.

 

Gape go na le serutwa sa go katisa batlhatlheledi

 

Katiso ya ntlha ya go katisa batlhatlheledi go lebanwe difatlhego nabo mo Aforika e ne ya tshwarwa ka Moranang wa ngwaga ono kwa YBB. Tiragalo eno e ne ya etelelwa pele ke ngaka Aleksandra Pawlik wa Software Sustainability Institutekwa Manchester, kwa Engelane, mme e ne e tsenetswe ke babatlisisi ba le 23 le ba morago ga kalogo go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa Aforika. Mo gare ga batsayakarolo go ne go na le maloko a le robedi a badiri ba YBB le baithuti ba ba neng ba ithutile ka letsholo leno mo kokoanong e e neng e tshwaretswe kwa YBB ka Ngwanaitseele wa ngwaga o o fetileng.

 

Batsayakarolo ba kokoano eno ba tswa mo maemong a farologaneng a patlisiso. Mo kokoanong eno ya go tlhabana botlhale ya Ngwanaitseele, go ne go tlile baemedi go tswa kwa dikhamphaseng tsotlhe tse tharo tsa YBB.

 

Anelda a re dikokoano tseno di ratega fela thata. "Babatlisisi ba simolola go bona tsela e ntšha ya dilo tse ba ka kgonang go di dira ka tshedimosetso ya khomphiutha. Ba tla mo kokoanong eno ka dilepotopo tsa bone tse di tsentsweng karolofefo ya mahala. Seno se ba letla go tlanya fa motlhatlheledi a ntse a ba tlhatlhelela.

 

"Go sa ntse go na le bothata jwa go tshegetsa dikokoano tsa go tlhabana botlhale ka madi mme le fa go ntse jalo, re kgonne go netefatsa gore go na le dikokoano tse dingwe gape di le mmalwa tse di sa ntseng di tlile go tshwarwa go tloga jaanong go fitlha kwa bokhutlong jwa ngwaga. Re solofela gore batho ba ba oketsegileng ba tla tsaya karolo mo go tsone le go re kgontsha go tshwara dikokoano tseno tse di oketsegileng tsa go tlhabana botlhale ka metlha."

 

Ya ntlha ya tsone, e e itebagantseng le disaense tsa loago, disaense tsa thutatshelo, le boithuta ditogwa tsa tsalo, e ne ya tshwarwa ka di 29 Phatwe le ka di 1 Lwetse kwa Khamphaseng ya Mafikeng mme e e latelang e tla tshwarwa go simolola ka di 26 go fitlha ka di 29 tsa Lwetse kwa Khamphaseng ya Potchefstroom.

Boela Morago

TOBETSA GO BUISA GO FETA