CHA-CHA

Gregory Sekobotsane &

Thandi Moqhendlane

Fa a bua ka diphitlhelelo tsa gagwe, o bua ka boitumelo tota a nyenya la motlhagare. O rata tantshe ya ballroom mo go maswe.

Go rata tantshe ga gagwe go dirile gore a tsenele dikgaisano tsa yone tse dintsi.  "Ke simolotse go tsaya karolo kwa dikgaisanong tsa ngwaga le ngwaga tsa Bommampodi fa ke ne ke le dingwaga di le 16 mme ke sa ntse ke tsaya karolo ngwaga le ngwaga."

Gore motantshi mongwe le mongwe a tshwanelege, o tshwanetse gore bobotlana a tseye karolo mo dikgaisanong di le tharo tsa Super Series mo ngwageng. Gantsi kgaisano ya ntlha e tshwarwa ka Moranang kwa Gauteng, ya bobedi ka Seetebosigo kgotsa ka Phukwi kwa Cape Town, mme ya boraro yone ka Phatwe kwa Mafikeng.  (Bidio e e mo tsebeng eno e dirilwe ka di 19 Mopitlwe 2016 kwa Johannesburg, koo Gregory le motantshi ka ene ba duleng maemo a boraro mo kgaisanong ya “Dance to be wild” gone.)

 

Tobetsa ditalama go buisa go feta

>

>