Tobetsa ditalama go buisa go feta

* Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe se se tlhomologileng kgotsa se

se kgatlhang mo botshelong jwa gagwe a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Willie du Plessis tshedimosetso kwa atereseng ya  willie.duplessis@nwu.ac.za.

Shhh, ke sephiri...

 

Mokgele wa ga Gregory wa go tantsha o simolotse a na le dingwaga di le 10, fa a ne a lemoga gore ka Mantaga le ka Laboraro, o ne a seke a bona ditsala tsa gagwe a sa itse gore di kae. Fa a sena go lemoga gore ba ne ba palama bese go ya kwa ditlelaseng tsa go tantsha, a swetsa ka gore a tsamaye le bone – mamaagwe a sa itse.

 

"O ne a akanya gore ke ne ke ile go etela ntsalaake, mme o simolotse go itse ka tantshe fa a sena go bona foromo e e tswang kwa tlelaseng mo potleng ya me fa a tlhatswa diaparo. Ke nnile lesego la gore ga a ka a nna le bothata bope ka go tantsha ga me."

 

Ka bonako-nako ka iketlo, ka bonako-nako ka iketlo

 

"Ke ne ka tsenela ditlelase tsa teng go fitlha ke tshwara dingwaga di le 16 mme ka tantsha ke le nosi mo dingwageng di le pedi tse di latelang. E re ka jaanong ke gaisana mo Karolong ya Bommampodi ba Federation’s Youth Rising Star, ke na le bakatisi ba babedi ba ba nang le bokgoni ba ba tswang kwa Stilfontein ba ba ntlholang Matlhatso mongwe le mongwe.

 

"Ke itlhamela metsamao ya me ya go tantsha, mme ka dinako tseno re sekaseka metsamao e ke e tlhamilweng, re ithuta disetepe tse dintšha, re tlhabolola botegeniki jwa tsone le go tlotla ka dithulaganyo tsa kgaisano e e latelang."

 

Gregory ke mankge wa ditaele tsa Latin Amerika tse di jaaka cha-cha-cha, samba, rumba, jive le  pasodoble, le ditaele tsa tlelasiki tsa ballroom tse di jaaka waltz, tango le quick step. Jaanong o katisa baša ba ka nna 20 ba ba tantshang kwa Kanana, Orkney.

Se tshwenyege ka madi

 

Tantshe ya ballroom e tura thata. "Motantshi wa mogolo wa monna o tshwanetse go duela mo e ka nnang R1 500 go fitlha go R2 500 go reka diaparo tsa go tantsha le madi a a fa gare ga R700 le R1 800 go reka ditlhako tsa teng. Morago ga moo o tshwanetse go duela tuediso ya go ikwadisa ya R300 go tsenela kgaisano nngwe le nngwe, le madi a sepalangwa le marobalo."

 

Ija. Jaanong goreng a e tsenela?

 

"Fa ke tantsha, go ntse jaaka e kete ga go na batho bape gotlhelele fa e se nna fela, motantshi ka nna le fuluru e re tantshetsang mo go yone. Ke kgaogana le sengwe le sengwe mme mo diureng di le pedi go ya go tse tlhano tse re ikatisang ka tsone, ke phutha mogopolo otlhe wa me."

 

Go tsenya marapo dinameng le go itlhomela mekgele e megolo

 

Mokgele o Gregory a nang le one ke go ya go tantsha kwa Dikgaisanong tsa Bosimega jwa Lefatshe tsa World Dance Council Amateur League. "Ka bonako fela fa ke sena go tlhophiwa gore ke emele naga ya Aforikaborwa… ” o oketsa jalo ka monyenyo o mogolo.

Mme rona re konela ka go dirisa puo ya lenaneo la TV:  Ka jalo re a re O KGONA go tantsha e le tota.

 

 

 

>

>