Maloko a badiri a dira go feta ka fa go lebeletsweng ka gone
YBB e na le badiri ba ba ineetseng mo tirong bao ka gale ba dirang tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone. Mo athikeleng ya bobedi ya Eish! ya motseletsele wa yone o o ka ga go thusa ba bangwe kwa ntle ga go ipona tsapa, re akgola badiri ka rona ba ba tlisang pharologano mo matshelong a ba bangwe.
Tobetsa mo setshwantshong go buisa go feta.
Blanch Carolus
Bonita Maboeta, mmenejara wa Employee Wellness wa Khamphase ya Potchefstroom, o tlhopha Blanch Carolus, tlhogo ya yuniti ya baithuti ba ba nang le bogole kwa Ingrypsentrum ya khamphase eno. “Blanch ga a dira fela gore setlhopha sa botsamaisi sa YBB se lemoge ditlhoko tsa batho ba ba nang le bogole, mme ke mmueledi yo mogolo wa gore batho ba ba nang le bogole ba tshwarwe ka go lekalekana le ba bangwe.”
Mieke du Plessis
Mop Olubukola Babalola wa Sekolo sa Disaense tsa Baeoloji kwa Khamphaseng ya Mafikeng a re a ka bo a ile a latlhegelwa ke madi a gagwe a NRF fa e ka bo e ne e se ka thuso ya ga Mieke du Plessis, motlhankedi wa moemanokeng ka tsa patlisiso ya go tlamela ka madi mo Ofising ya Setheo. "O ne a dira tatediso mo boemong jwa me mme a sireletsa madi a me. Boineelo jwa gagwe le go tsaya kgato ga gagwe ka bonako ka diimeile di le mmalwa bo nthusitse thata."
Marieta Olivier-du Preez
“Tiro ya gagwe ya ka natla le boineelo jwa gagwe di thusitse maloko a mangwe a badiri go dira tiro ya one.” Petrus Cloete, mothusimogolo ka tsa tsamaiso mo lefapheng la go faela la ofisi ya go amogelwa ga baithuti mo setheong mo Khamphaseng ya Mafikeng, a re Marieta Olivier-du Preez, motlhankedi wa Ditsamaiso tsa Botsamaisi mo Ofising ya Setheo, ke modiri yo o thusang ba bangwe kwa ntle ga go kopiwa pele yo o tshwanelwang ke go akgolwa.
Renet Rothman
Renet Rothman, motlhatlheledi wa mmetshe wa Sekolo sa Disaense tsa Ikonomi wa Khamphase ya Potchefstroom, ga a ipone tsapa go thusa baithuti ba gagwe. "O ba rotloetsa ka go ba naya dimonamone. Fa ba lapile, o ba naya dipilisi tsa Bioplus kgotsa Red Bull,” go bolela jalo Mop Ewert Kleynhans, moporofesa mmogo wa sone sekolo seo. Gape Renet o dirile tsebe ya Facebook ya leina le le reng "Wiskunde trippel een" (Mmetshe 111) go abelana le baithuti ba gagwe botlhale jwa gagwe le lerato le a nang le lone ka mmetshe.
Jackie van der Merwe
Petro Beukes, mokwaledi mo Sekolong sa Botsamaisi jwa Kgwebo sa Khamphase ya Potchefstroom, a re Jackie van der Merwe, mothusi ka tsa tsamaiso mo sekolong seno, ga a ipone tsapa go dirisa ditalente tsa gagwe go direla YBB. "Ke mankge e bile o swatola batho mo mathateng e bile o agisanya ba ba sa utlwaneng. Ga go na kabelotiro epe e kgolo thata kgotsa e e mo katlang tlhogo.” Petro a re ke tshiamelo e kgolo tota go dira le Jackie. "O amile botshelo jwa me fela thata."
Prof Fanus van der Merwe
Mop Fanus van der Merwe o ne a le mmenejara wa tsamaiso kwa Legorong la Disaense tsa Botsamaisi le Ikonomi la Khamphase ya Potchefstroom mme le fa a ile a rola tiro kwa bokhutlong jwa 2015, o sa ntse a thusa kwa legorong leno go fitlha kwa bokhutlong jwa ngwaga ono.
Ga a ipone tsapa ka go rotloetsa baithuti, o tla a ntse a ba gakolola le go ba tlhagisa. Judie Coetzee, motlhankedimogolo wa tsa ditšhelete, a re ke ene fela yo o kgonang go rarabolola ka katlego dingongorego tsotlhe tsa baithuti, tsa batsadi le tsa batlhatlheledi. "Ga re ka ke ra kgona go dira sepe fa re sa re 'tsamaya o ye go botsa Mop Fanus'."
Fa e le gore o ka rata go tlhopha modiri-ka-wena yo gantsi a sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe, tsweetswee romela imeile kwa go willie.duplessis@nwu.ac.za. Gakologelwa go supa maemo a gago a tiro le leina la lefapha la gago kgotsa sekolo, mmogo le tsa batho ba o ba tlhophang. Gape ntsha mabaka a gore ke eng fa o akanya gore motho yono ga a ipone tsapa go thusa ba bangwe.