Tsepa

GO

Tobetsa ditalama go buisa go feta

YBB e amogela kgololesego ya puo ka botlalo. Mme bošeng jaana, didirisiwa tse di farologaneng tsa mmedia wa botsalano mo Aforikaborwa di tletse ka melaetsa e e senyang ba bangwe leina, mo e leng gore mo mabakeng mangwe, seno se bakile go gobadiwa ga bangwe le tirisodikgoka. Gape e mentsi ya yone e ne e se e e ka fa molaong.

 

Mokaedi-khuduthamaga wa nakwana wa lefapha la kgatelopele ya setheo, e leng Louis Jacobs, o ne a gakolola badiri le baithuti bošeng jaana ka imeile gore molato e tla nna wa bone fa maina a bone, kgotsa direto dipe tsa bone le mainatiriso a bone a a golaganeng le maina a bone a dirisiwa ka tsela e e sa siamang , mo mmedieng wa botsalano.

 

Eish! e ne ya bua le Moira Muller, mankge wa webosaete mo ofising ya webo ya YBB, ka ga go dirisa sentle didirisiwa tsa mmedia wa botsalano.

P: Go nnile le diathikele di le dintsi mo metsweding ya dikgang jaaka athikele ya bošeng jaana mo News24* e e neng e tlhalosa gore badiri  ba ka lelekwa mo tirong ka ntlha ya go kwala melaetsa e e sa tshwanelang, e e bontshang tlhaolele kgotsa e e bontshang go sa akanyetse maikutlo a ba bangwe mo mmedieng wa botsalano. Athikele nngwe ya bošeng jaana mo kuranteng ya Star** le yone e ne ya gatelela gore melaetsa e e kwalwang mo inthaneteng e e lejwang e le puo ya bopeloetlhoi e ka felela ka gore motho a atlholelwe bokebekwa. YBB e leba jang seno?

K: Go kwala melaetsa e e senyang ba bangwe leina le e e rotloetsang tirisodikgoka ke go tlola melaometheo e e botlhokwa e rona yunibesiti re dirang dilo go ya ka yone. Badiri le baithuti ba ka nna ba tseelwa dikgato-kgalemo fa ba kwala dilo tse di ntseng jalo kgotsa fa ba letla maina a bone go amanngwa le ditiro tse di jaaka go tshwaya kgotsa go thwita gape melaetsa e e thwitilweng e e bontshang puo ya bopeloetlhoi.

Mmedia wa

botsalano o ka

go tsenya mo dipharagobeng

>

>