Tsepa

GO

Mmedia wa

botsalano o ka

go tsenya mo dipharagobeng

P: Badiri le baithuti ba tshwanetse go dirang fa mongwe a kwala melaetsa e e senyang ba bangwe leina, e e kotsi kgotsa e e seng ka fa molaong mo mmedieng ope wa botsalano o o golaganeng le bone?

K: Go botlhokwa go ntsha molaetsa oo ka bonako kgotsa go kopa motho yo a o kwadileng gore a o ntshe. Gape o tshwanetse go itshwaolola fa e le gore o tshwailwe mo molaetseng oo. O ka nna wa bega seno kwa moemeding wa gago wa mmedia wa botsalano. Gape o ka o bega kwa go ba Facebook kgotsa ba sedirisiwa sa mmedia wa botsalano.

 

P: E re ka mmedia wa botsalano o na le dikotsi tse di ntseng jalo, a badiri le baithuti ba sa ntse ba rotloediwa go dirisa didirisiwa tseno?

K: Ee ruri. Didirisiwa tseno, fa di dirisiwa sentle, ke didirisiwa tse di maatla tsa puisano. Di bula tsela ya puisano le tirisanommogo. Di go letla go itse batho ba o buisanang le bone le

 

 

ditlhoko tsa bone. Didirisiwa tsa mmedia wa botsalano ke tsela e e di gaisang tsotlhe ya go romela dikgang ka bonako le go tlhama dikgang tse di monate le go di abelana le ba bangwe. Selo sa botlhokwa ke go dirisa didirisiwa tseno sentle.

 

P: Badiri le baithuti ba ka ikgolaganya le mang fa ba batla go itse go le gontsi ka go dirisa sentle mmedia wa botsalano?

K: Ope fela yo o akanyetsang go dirisa mmedia wa botsalano malebana le ditiro tsa YBB o tshwanetse go buisana le moemedi wa gagwe wa mmedia wa botsalano. Bone ke:

 

Ofisi ya Setheo

Gregory Sekobotsane X85 2015

 

Khamphase ya Mafikeng

Koos Degenaar X89 2509

 

Khamphase ya Potchefstroom

Jimmy Presly X99 2790

 

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Dumile Mlambo X10 3182

Buisa go feta athikele e e tletseng

Tobetsa ditalama go buisa go feta

>

>