Tsepa

GO

Mmedia wa

botsalano o ka

go tsenya mo dipharagobeng

Tobetsa ditalama go buisa go feta

P: A melaetsa kgotsa dithwiti di lejwa di tshwana fela le dikgang tse di gatisitsweng?

K: Melaetsa le dithwiti di bonala sentle kwa ntle ga bothata bope mo inthaneteng. Di abelanwa le go anamisiwa motlhofo. Ga o ka ke wa laola gore molaetsa kgotsa thwiti e felele kae. O ka nna wa akanya gore o kwalela tsala molaetsa mo sephiring, mme tsala eo e ka nna ya go kopololela go sele kgotsa go o thwita. Tsela e e botoka ke gore o se ka wa kwala molaetsa ope o o se kitlang o rata go o bona mo botong ya papatso e e fa thoko ga tselakgolo e e tlhanaselang ka gonne  mmedia wa botsalano ga o na bosephiri.

 

Le fa molaetsa kgotsa thwiti e phimotswe ka bonako e ka tswa e tserwe senepe ka sekerini mo metsotswaneng e sekae fela mme ya dirisiwa kgatlhanong le wena mo isagweng. Seno gape se ama melaetsa ya didirisiwa tse di jaaka tsa Whatsapp.

 

P: Fa re bua ka melaetsa le dithwiti, a di akaretsa le dinepe, dibidio le melaetsa e e boeleditsweng?

K: Di akaretsa sepe fela se o se dirang mo diakhaontong tsa gago tsa mmedia wa botsalano, e ka tswa e le ditshwantsho, kgotsa dibidio. Gape di akaretsa go abelana digoke le go gokaganya melaetsa. Le fa o tshwailwe mo molaetseng o ka nna wa pegwa molato.

 

 

P: A melaetsa le dithwiti mo inthaneteng di bewa leitlho?

K: Ee, go na le setheo se se bayang leitlho diakhaonto tsa yunibesiti. Motlhankedi wa mmedia wa botsalano o beile leitlho diakhaonto tsa setheo mme khamphase nngwe le nngwe e na le baemedi ba mmedia wa botsalano ba ba bayang diakhaonto tsa dikhamphase leitlho.

 

Batho ba tla tshwarwa fa ba nna le seabe mo go kwaleng melaetsa e e senyang ba bangwe leina. Ga go sepe se o se dirang mo inthaneteng se se tla nnang se le mo sephiring ka dinako tsotlhe. Le fa setheo se se beileng diakhaonto leitlho se sa tshware molaetsa o o kgethegileng kgotsa thwiti, maloko a mangwe a badiri a tla kgona go o bona le go o senola.

 

P: Ke mamena afe a magolo a badiri le baithuti ba ka welang mo go one fa ba dirisa mmedia wa botsalano?

K: Gantsi batho ga ba nne kelotlhoko ka tsela e ba tlwaetseng go nna kelotlhoko ka yone fa ba le mo tirong.

 

P: Dikaelo tsa YBB ke dife ka tiriso ya mmedia wa botsalano?

K: Pholisi ya mmedia wa botsalano le dikaelo tsa mmedia wa botsalano le go dira blogging di tla nna gone kwa bokhutlong jwa ngwaga ono. Go sa ntse go ntse jalo, ope fela yo o akanyetsang go dirisa dikanale dipe tsa mmedia wa botsalano tsa YBB o tshwanetse go buisana le moemedi wa bone wa mmedia wa botsalano go kopa kgakololo le dikaelo mo go ene.

>

>