Ditso tsa mefuta e e farologaneng

Mo motseletseleng wa diathikele tse dintšha, Eish! e tlotla ka ditso tsa mekgwa e e farologaneng le ka fa tsotlhe di tlatseletsang ka gone go mefuta e e farologaneng ya botshelo jwa Baaforikaborwa. Mo athikeleng eno re leba mokgwa o Batswana ba duelang bogadi ka one, jo gape bo bidiwang lobola ka Sexhosa, Sezulu le ka ditso tse dingwe.

Ngaka Richard Letsholo, motlhatlheledi kwa Sekolong sa Thuto ya Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago mo Khamphaseng ya Potchefstroom

Mo ditsong tse dingwe tsa kwa dinageng tsa bophirima banyalani ba tshwanetse go kopa tetla pele mo batsading ba bone ya go nyala. Mo setsong sa Batswana, sa Maxhosa le sa Mazulu, go dira kitsiso ya gore o batla go nna le molekane wa botshelo jotlhe gape go patwa ka go ntsha kgomo go bontsha gore motho o leboga lelapa la mosadi yo a tlileng go mo nyala. Mo dinakong tsa segompieno, mokgwa wa go ntsha madi o tlwaelegileng thata mme o dirile gore tlwaelo eno e nne e e raraaneng.

 

Ngaka Richard Letsholo, motlhatlheledi kwa Sekolong sa Thuto ya Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago mo Khamphaseng ya Potchefstroom, a re kgopolo ya go ntsha bogadi kgotsa lobola gantsi e nna kgang e e marara ka ntlha ya go sa tlhaloganngwe ga yone sentle ke batho ba ba sa tsweng mo setsong sa yone.

 

"Le fa go ntse jalo, ga go ise go ko go direge gore tlwaelo eno e tlogelwe. Go ne ga bo ga buiwa thata ka yone fa lefoko la Senguni la lobola le ne le lebega e le lone le dirisiwang thata le mo ditsong tse dingwe tsotlhe."

 

Richard a re bogadi kgotsa lobola e ikaegile ka maemo le setso, e bile e ka tlhaloganngwa fela mo setsong le mo ditlwaelong tse di rileng tsa Maaforikaborwa. Ke lone lebaka la go bo athikele eno e bua ka tlwaelo ya Batswana fela.

 

Bogadi le Batswana

 

Go ya ka Richard, Batswana ba leba bogadi e le tlwaelo e e supang go tsena mo bonneng: go ipaakanyetsa botshelo jwa lenyalo.

 

"Batswana ba lekanya bogadi le dikgomo ka gonne bo raya 'mpho'. Se tota bogadi e leng sone, ke sesupo sa go itlama, sa boineelo le kanaanelo e e tswang pelong e e bontshiwang lelapa kgotsa batho mo setšhabeng se mosadi a tswang mo go sone yo monna a ikaeletseng go mo tsaya jaaka mosadi wa gagwe."

 

Richard o tswelela pele go bolela gore bogadi ke netefatso ya gore ruri monna o itumetse e bile o kgotsofaletse gore lelapa kgotsa losika lo longwe le mo tsaletse mosadi.

 

"Go ntse jalo ka gonne Batswana ke setšhaba sa batho ba ba tshedisanang mmogo. Fa go tliwa mo dikgannyeng tse di jaaka tsa lenyalo, batho ba dira dilo mmogo jaaka batho ba lelapa le le lengwe, losika le setšhaba se segolo se bomalome le borakgadi ba etelelang dithulaganyo tsa lone pele."

>

>

Ka fa bogadi bo duelwang ka gone

 

Richard a re fa go sena go dumalanwa ka bogadi, ga go motlhofo gore monna a latlhe maikano ao a ikanneng ka one. "Fa monna a sa ntshe mpho e a dumetseng gore o tla e ntsha, losika lotlhe lo tla nyatsega. Bogadi bo rotloetsa go ikanyega mo lenyalong e bile bo gakolola monna gore mosadi wa gagwe o tshwanetse go sirelediwa le go tlhokomelwa ka dinako tsotlhe.

 

"Gantsi mpho e e ntshiwang ke dikgomo mme e farologana go ya ka mafelo, malapa le masika gore go tla ntshiwa dikgomo di le kae.

 

Mo gare ga baagi ba Batlokwa kwa Madikwe, gantsi go ne go ntshiwa dikgomo di le pedi, poo le kgomo e namagadi, tse di emelang batho ba babedi ba ba batlang go nna balekane.

 

A re go ya ka setso sa segompieno se mo go sone bogadi e leng madi a mantsi thata ka dinako tse dingwe, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore mokgwa ono ga se kgwebo. "Ga go reye gore mosadi o rekisediwa monna ka gonne seno se ka baka mathata a a rileng moragonyana mo botshelong jwa bone."

Go ipala mabala a kgaka

 

Batswana ba ipala mabala a kgaka mo mosading yo ba tla mo nyalang mo isagweng: “Go tlhoma letlhokwa”.

 

Gantsi batsadi ba mosimane ba tlhopha lesea la mosetsanyana mme ka sewelo ba mo tlhopha le a ise a belegwe. Gantsi batsadi ba kaelwa ke dikgolagano tsa lelapa, go itsege ga lelapa le mekgwa e mengwe e mentle e e tsamaisanang le go batlela ngwana wa bone wa mosimane mosetsana yo o siameng gore ba sireletse leina le lentle le lelapa le nang le lone.

 

Ba tla ya go ipala mabala a kgaka kwa lelapeng la mosetsana gore a nyalwe ke ngwana wa bone wa mosimane fa nako ya teng e goroga. Fa batsadi ba mosetsana ba dumela, tumalano eo e a ba tlama. Le ka motlha ga go kitla go fetolwa tumalano eo ntle le fa mosimane kgotsa mosetsana a ka tlhokafala..

 

Richard o dumela gore bogadi ke jwa boleng jo bo kwa godimo mo setšhabeng se se ntshang bogadi. "Bo tlhomamisa gore ga go nne le ditlhalo kgotsa tirisodikgoka mo lelapeng," o konela jalo.

Eish! e kopa badiri go re bolelela ka dingwao le ditlwaelo tsa bone. Romela dintlha tse o di kwadileng kwa go mmegadikgang wa Eish!, e leng Willie du Plessis kwa atereseng ya willie.duplessis@nwu.ac.za.