Bontsi jwa maatla le dikgakgamatso

 tsa ditlhare

Go ralala diketekete tsa dingwaga, batho ba ne ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka ditlhare. Dingwe tsa dikgopolo tseno e ne e le ditlhamane fela di patilwe ke maselamose le ke dikinane, mme tse dingwe tsone e ne e le tse di boammaaruri, tse di neng di tshegediwa ke bosupi jwa saense.

 

Dikgopolo ka mesola ya ditlhare mo bathong le tsone di ne di sa tshwane. Bangwe ba ne ba re ditlhare di na le maatla a go fodisa mme ba bangwe bone ba re dikgwa ke motswedi wa phodiso ya maikutlo le tlhaloganyo.

 

Mokgwa wa Sejapane wa “go itheetsa kwa sekgweng”, ka sekai, o fetogile mokgwa o o tumileng thata mo lefatsheng lotlhe wa go iphodisa ka maemo a tikologo. Ba re go ja kgobe ka mmutla mo gare ga ditlhare go fokotsa kgatelelo ya madi e bile go fokotsa “go sia kgotsa go lwa”.

 

Mop Stefan Siebert wa Boithuta-Dimela o dumalana le ntlha eno. “Patlisiso e bontshitse gore go tsamaya-tsamaya mo sekgweng go a ritibatsa e bile go mosola thata mo go fokotseng kgatelesego ya tlhaloganyo e bile go fokotsa le go ubela ka bonako ga pelo.”

 

Malebana le polanete ya rona le isagwe ya rona, ga go pelaelo gore ditlhare di dira gore re nne le dinonofo tse di siameng.

 

Jala ditlhare gore o nne le maemo a a botoka a go tshela

 

Stefan a re ditlhare di na le seabe se se molemo thata sa go fokotsa go thuthafala ga lefatshe ka bophara ka go monya khabonetaeokosaete le go e boloka. Gape di tlhagisa okosijene e ntsi thata, di nitamisa mmu e bile ke motswedi wa botshelo jwa ditshedi tse di farologaneng.

 

Di tlamela ka boitshubelo jwa ditshedi e bile ke motswedi wa dijo tsa dinonyane tsa methalethale, ditshenekegi, bolele, magaga le bokuamesi. Ditlhare tsa moswane, tse di jaaka tse di leng mo mebileng ya Potchefstroom, di ka fitlha go mefuta e le 500, Stefan o bolela jalo.

 

“Segolobogolo mo ditoropong le mo metseselegaeng e e nang le kgotlhelesego e e kwa godimo thata le go nna le dibaka di sekaenyana fela tse di bulegileng, ditlhare di na le seabe se se botlhokwa sa go fodisa batho mmele le tlhaloganyo.”

 

O tlhalosa gore matlhare a ditlhare a a dirang moriti a dira jaaka setlhotlhi se se tshwarang lerole le dileswafatsi tse di mo moweng.

“Mo godimo ga moo, di dira moriti le go tlhama tlelaemete e e tsiditsana. Matlhare a a dirang moriti gape a fokotsa modumo o o tlalang mo tikologong.”

 

Ditlhare dingwe, tse di jaaka setlhare sa Maidenhair mo  tselaneng ya ditlhare mo Khamphaseng ya Potchefstroom, di na le molemo o o fodisang. Ga twe molemo o o dirwang ke matlhare a setlhare seno o thusa ka go dira sentle ga boboko le kelelo ya madi mo mmeleng wa motho.

 

Stefan a re dikgwa tse di dirilweng ke batho di simolola go tuma thata jaaka motswedi wa thuto mo metsesetoropong.

 

“Go ise go ye kae, go tlile go nna le batho ba le bantsi ba ba nang mo ditoropong le mo metseselegaeng e bile go nna botlhokwa go ya pele go tlhaloganya seabe se se botlhokwa se ditlhare di nang le sone mo tikologong,” o bolela jalo.

 

E ka ne pelo ya gagwe e batlana le kgomotso ya semoya mo ditlhareng kgotsa gore a mogopolo wa gago o anaanela mosola wa tsone wa saense, re tshwanetse go lebogela ditlhare. E ka tswa re dumela dilo dingwe ka tsone tse di boammaaruri kgotsa tsa ditlhamane fela, re tlhoka ditlhare tseno tse dikgolo tse di mosola.

Go tswa kgakala, letlhare le legolo le eme tsi, le sa tshikinyege. Ke fela fa o fitlha fa moriting wa lone, o fitlha o kgoma lekwati le setlhare sa lone le le magwata le go utlwa molodi wa dinonyane mo gare ga matlhare a sone a a boneseditsweng ke marang a letsatsi o tla lemogang gore setlhare seno se a tshikinyega e bile go modumo o montsi mo go sone.

 

Mop Stefan Siebert wa Boithuta-Dimela o tshwaela ka gore go botlhokwa go jala ditlhare mo tikologong e di golang mo go yone, ka sekai, mo dikgweng tse di golang mo go tsone kgotsa mo nageng. Gape o ka thusa go lwantsha kgotlhelo ka go jala ditlhare mo metsesetoropong.

Le fa go ntse jalo, ga go botlhale go jala ditlhare mo mafelong a a bulegileng jaaka mo mabaleng a a apesitsweng ke bojang kgotsa mo mafelong a ditlhatshana tsa fene ka gonne go dira jalo go tla tshwenyana le mokgwa o ditshedi mo mafelong ano di tshedisanang ka gone, e bile go dira jalo go tla tsenya mo kotsing diphologolo tse di leng mo tikologong eo.

Go tsosolosa tsholofelo ka go jala ditlhare di le 20 milione mo dingwageng di le 20

 

Batho ba le babedi, mokgatlho o le mongwe, dingwaga di le 20 le ditlhare di le dimilione di le pedi. Ano ke mafoko le dipalo tse di bopang kgang e e itumedisang pelo ya motsayadinepe wa Brazil e leng Sebastião Salgado le mosadi wa gagwe e leng Lélia Deluiz Wanick Salgado.

 

Jaaka motsayadinepe, Sebastião o ne a romelwa kwa Rwanda go ya go bega ka polao ya kgailo ya kwa Rwanda.

Ka 1994, fa Sebastião a boela kwa kgaolong ya Brazil e a goletseng kwa go yone, o ne a fitlhela e le 0,5% fela ya lefelo le e neng e le sekgwa sa pula le le neng le santse le eme. Banyalani bano ba ne ba akanya gore ba simolole go jala sekgwa seo gape.

 

Dingwaga di le someamabedi morago ga moo, Instituto Terra, e leng mokgatlho o monnye o ba neng ba ipuletse one, o jadile ditlhatshana di le dimilione, go tsosolosa tsholofelo ya isagwe e e tla kgonang go itsetsepela ya batho mo polaneteng eno.

Motswedi: boredpanda