Fa o ka itshega, go raya gore ga o na bothata ka gone,

Helei, yo e leng mothusi wa ga Mop Herman van der Merwe, e leng mothusa-modini wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, o feditse dingwaga tse di fetang someamabedi e le leloko la setlhopha sa ba mmala o o phepole.

Helei Jooste wa Khamphaseng ya Vanderbijlpark o feditse dingwaga di le 25 a le leloko la YBB. Fa a bodiwa gore ke eng se a se ratang go gaisa mo tirong ya letsatsi le letsatsi, a re: “Ke rata karolo e e nkgwetlhang ya tiro ya me, go ithuta dilo tse di ntšha le go bona ditsela tse di seng matsapa tsa go dira.”

Mo athikeleng eno, o re bolelela go le gonnye ka ga gagwe le ka fa a godileng ka gone.

 

O na le nako e kae o le leloko la YBB?

Ke simolotse go dira mo YBB ka 1996 jaaka mothusi wa tsa tsamaiso wa nakwana mme ka nna mothusi wa tsa tsamaiso wa leruri ka 2000.

 

O tsene jang mo setheong sa thutogodimo?

Fa ke ne ke gola, ke ne ke batla go nna modirediloago, mme mama o ne a tlhola a mpolelela gore ke ne ke le ngwana yo o ratang go lela, ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go akanya ka mokgele o sele wa tiro.

 

Ka 1995, nna le monna wa me Petri, re ne ra fudugela kwa Vanderbijlpark. O ne a neilwe tiro ya go nna motlhatlheledipotlana mo Khamphaseng ya Vanderbijlpark.  Mongwe wa bahumagatsana ba tsamaiso mo setlhopheng sa serutwa sa mmetshe o ne a rola tiro mme ke ne ka tlhomiwa ka nakwana mo maemong a gagwe, mme a feleletsa e le maemo a me.

 

O goletse kae?

Ke goletse kwa Brits, gaufi le Pretoria, mme ke ne ke nwa metsi a mantsi go tswa mo Letamong la Hartebeespoort.

 

Ke nako efe ya bongwana e o e ratileng thata?

Go etela bonkoko le borremogolo kwa polasing ya bone kwa Jan Kempdorp Keresemose mongwe le mongwe go fitlha ba tlhokafala fa ke ne le dingwaga di le robedi. Gape ke akanya ka dinako tsa fa ke ne ke tshameka kgwele ya dinao le bana ba badiri ba mo dipolasing, re nna ka fa tlase ga ditlhare re ja magapu ka keresemose.

 

O ithutile thuto efe e e botlhokwa go tswa bongwaneng?

Rre ke monna yo o botlhale; o nthutile dithuto di le dintsi tse di botlhokwa. Ya botlhokwa bogolo ke ya go amogela Jesu Keresete jaaka Mmoloki. Thuto e nngwe e ke sa e lebaleng ke ya gore ke se ka ka tsaya botshelo motlhofo, ke bo itumelele thata, ke nne motho yo o ratang go tshega le go se itseye masisi.

 

O rotloediwa ke eng kgotsa ke mang yo o go itumedisang?

Ke rotloediwa ke ka fa Mother Teresa a neng a neetse botshelo jwa gagwe mo go Keresete ka gone le go thusa bahumanegi. Fa banake, ba lelapa le ditsala ba itumetse, ke nna ke itumetse le nna.

 

O dira eng ka nako ya fa o sa dire sepe?

Ka nako ya fa ke sa dire sepe, o tla mphitlhela ke buisa dibuka le go fetsa nako ke na le ba lelapa le ditsala.

 

Pina e o e ratang go di gaisa tsotlhe ke efe?

Ke na le di le mmalwa tse ke di ratang, mme fa ke ka tshwanelwa ke go tlhopha, e tla nna ya Blessings ya ga Laura Story.

 

O ipona o le kae mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang?

Covid-19 e fetotse tsela e ke lebang botshelo ka yone. Jaanong ke tshela botshelo ka botlalo mme ke tshela letsatsi le le lengwe ka nako.

 

O batla go gopolwa ka eng?

Ke batla go gopolwa jaaka motho yo o pelonomi, yo o kutlwelobotlhoko le yo o thusang ba bangwe.

 

O na le nako e e kae o nyetswe mme o na le bana ba le ba kae?

Nna le Petri re na le dingwaga di le 29 re nyalane.  Ke dingwaga tse di fetang tsa fa ke ne ke sa nyalwa. Re segofaditswe ka basetsana ba bararo, Dané, yo mogolo, le mawelana, Bernice le Beuhla, bao go belegwa ga bone go katoganeng ka metsotso e le sekae fela.

 

Ke kgakololo efe e o e nayang ba ba tsayang malebela mo go wena?

Ke e buisitse mo bukeng, ya The Way of Wisdom - Inspiring Stories and Poetry from Around the World:

“Aba se o nang le sone ka bopelotshweu, seno ga se reye dithoto fela. Fa o itumetse, nyenya, fa o kgonne go palama thaba, e palame le ba bangwe gore ba tle go ipelela pono e ntle go tswa kwa godimo.

 

“Gakoo ka metlha gore fa o ka tshega ka gone, go raya gore ga o na bothata ka gone. Dilo ga di tle go nna motlhofo, le e seng, mme fa lefatshe le re, ‘Ineele,’ Tsholofelo e a go sebela ya re, ‘Leka gape.’ Le ka motlha, o se ka wa ineela.”

eish! e leboga maloko otlhe a badiri ba ba dirileng gore re ba itse botoka. Mo ngwageng o o tlang, re tla tswelela pele go kopa dintlha ka maloko a badiri ba rona mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Letela tokololo e e latelang ya rona ya eish!

eish! e boditse Helei go itlhalosa ka mafoko a mararo…  tobetsa ditalama go bona dikarabo tsa gagwe

Helei o bolela jalo

Mo karolong ya rona ya bofelo e e itumedisang ya ngwaga ya a re itsaneng, eish! e bua le Helei Jooste wa Khamphase ya Vanderbijlpark.