Go newa ga motho wa ntlha dikerii eno go diregile mo Metlheng ya Bogare

 

Ga twe tlwaelo ya go naya batho dikerii ya tlotlo e boela morago kwa dingwageng tsa Metlha ya Bogare, koo dikerii ya tlotlo ya ntlha go abiwa e le e e neng ya abelwa Lionel Woodville kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1470 ke Yunibesiti ya Oxford.

Ba ineetse ka bojotlhe mo go direleng ba bangwe e bile leo ke lengwe la mabaka a go bo bošeng jaana YBB e ileng ya abela Justice Bess Nkabinde le Ngaka Geraldine Fraser-Moleketi didikerii tsa bongaka tsa tlotlo.

Fa o leba “dingaka mo setheong sa rona sa YBB” tse pedi tseno tse di ntšha, go tsoga nngwe ya dipolelo tse di neng tsa buiwa ke Mahatma Ghandi mo mogopolong wa rona: “Tsela e e molemo ya go ikitse sentle, ke go ineela ka bojotlhe mo go direleng ba bangwe.”

 

Seno ke sone se baamogedi ba bošeng jaana ba didikerii tsa bongaka tsa tlotlo tsa YBB ba se dirileng. Justice Nkabine, yo o amogetseng dikerii ya gagwe ya bongaka ka di 21 Diphalane 2021 o thusitse fela thata ka porofešene ya semolao le ka tshiamiso mo loagong mo Aforikaborwa. Ngaka Fraser-Moleketi o ne a akgolelwa tiro ya gagwe ya lobaka lo lo leele mo setšhabeng le mo tirong ya sepolotiki ya Aforikaborwa. O amogetse dikerii ya gagwe ka di 19 Ngwanaitseele 2021.

 

Go tsaya malebela mo go ramolao

 

Moithuti wa nako e e fetileng wa YBB e leng Justice Nkabinde o ne a tlhophiwa ke legoro la tsa Molao, le a santseng a na le kamano e e siameng le lone, ka ntlha ya go bo a thusitse thata ka tsa molao mo nageng ya rona le go bo e le motho ya ba le bantsi ba ka tsayang malebela mo go ene, segolobogolo basadi mo tirong ya semolao, mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele.

 

O ne a tlhophiwa go nna moatlhodi mo Kgotlatshekelong ya Molaotheo ka Ferikgong 2006. Go ralala dingwaga, o ne a nna mothusa motlatsa moatlhodi mme moragonyana a nna moatlhodimogolo wa nakwana wa Repaboliki ya Aforika Borwa, mmogo le go nna moatlhodi wa nakwana wa tsa boikuelo kwa Kgotlatshekelong e Kgolo ya Namibia.

 

Gape ke moakatemi. Moatlhodi Nkabinde, yo o nang le dikerii ya Bproc go tswa kwa Yunibesiting ya Zululand le LLB go tswa kwa Yunibesiting ya Bokone Bophirima, o neetse dipuo kwa ditheong tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba. Gape o ile a nna motlhatlheledi wa tsa molao wa Molaotheo wa Aforikaborwa go fitlha ka baithuti ba morago ga kalogo kwa Sekolong sa Semolao sa Maryland kwa United States.

 

Go dira lefatshe go nna lefelo le le botoka

 

Ngaka Gerlandine Fraser-Moleketi o ne a tlhophelwa go newa dikerii ya bongaka ke Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho.

 

E re ka e le mmueledi yo o nonofileng wa diphetogo tsa loago le ikonomi mo Aforikaborwa le mo Aforika, o nnile le seabe se se botlhokwa mo dipuisanong tsa makoko a a farologaneng ka Molao wa Puso ya Temokerasi ya Aforikaborwa (Convention for a Democratic South Africa [CODESA]) tse di neng tsa felela ka go theiwa ga puso ya temokerasi ya molaotheo wa Aforikaborwa.

 

Fa a ne a le Tona ya Tirelosetšhaba le Tsamaiso go simolola ka 1999 go fitlha ka 2008, nngwe ya diphitlhelelo tsa gagwe e ne ya nna go simololwa ga thuso ya madi a go tlhokomela bana. Gape o ile a simolola kgopolo ya tlhabololo ya dikgono tsa tiro tsa baagi e le tsela ya go tswala phatlha fa gare ga puso le maloko a baagi ao ditshwanelo tsa one di gatakelwang.

 

O na le dikerii ya masetase go tswa kwa Yunibesiting ya Pretoria mme a wetsa Khoso e e di Gogang Kwa Pele ya Phetogo mo Setlamong kwa Wharton Business School, kwa Yunibesiting ya Pennsylvania. Yunibesiti ya Nelson Mandela e mo neile kabelo ya DPhil Honoris Causa.

 

Dikai tseno tse pedi  – ke sa sa maemo a a kwa godimo sa go nna motlhomasekao mo go ba bangwe mo dilong tsa semolao mme se sengwe ke sa go tokafatsa botshelo jwa batho ba ba sa kgoneng go ithusa ka sepe – thalela mafoko a a botlhale a ga Mahatma Ghandi. Go bonala e kete go ineela ka bojotlhe mo boeteledipeleng jwa go direla ba bangwe ruri ke go bontsha gore o ikaeletse eng mo botshelong.

YBB e aba jang dikerii ya tlotlo?

 

YBB e na le pholisi ya go tlhomamisa gore e dirisa thulaganyo e e sa gobeleleng ope le e e senang bofitlha fa go tlhophiwa maina a bao ba tla newang dikerii eno.

 

Mo pholising eno o ka kgona go buisa go le bontsi ka ditlhopha dingwe tsa yone tse mo go tsone baamogedi ba yone ba bontshitseng bokgoni jo bo tlhomologileng, ka thulaganyo ya go tlhophiwa ga maina a ba ba tla newang dikerii eno le ka Komiti ya Dikabelo tsa Tlotla, ka Senete le ka Lekgotla la YBB mo thulaganyong e e tla latelwang.

 

Dintlha dingwe tse di kgatlhang tsa pholisi eno ke tse:

 

  • Badiri ba ba santseng ba le mo tirong le baetleetsi ka madi – fa go ka nna le mogopolo wa gore boikaelelo jwa go aba dikabelo ke jwa gore Yunibesiti e newe madi go ya pele – ga ba tshwanelegele didikerii tsa tlotla tseo.
  • Gantsi go abiwa dikerii ya bongaka e le ngwe fela legoro ka lengwe ka ngwaga.
  • Modini-mogolo wa legoro le go amogetsweng leina la ntlhopheng kwa go lone, o nna teng kwa kopanong ya Komiti ya Dikabelo tsa Tlotla go tla go aba leina la yo o ka tlhophelwang dikerii eno.
  • E re ka patlafalo ya dikerii eno e le e e tlhomologileng, go ka feta dingwaga go se ope yo o newang dikerii eno.

Dipholisi le Melawana ya Bongaka ba Tlotlo

mo setheong sa YBB

Go na le dingaka tse pedi tse di ntšha (tsa tlotlo)