e ka fokotsa go tlhologelelwa gae ga baithuti ba dinaga di sele

Ngaka Shernice Soobramoney, mokaedi wa dipuisano le dinaga tse dingwe kwa YBB, o simolotse porojeke ya go tlhama buka ya diresipe tse di tswang mo baithuting ba dinaga di sele le baakatemibagolo ba morago ga gerata ya bongaka e le tsa dijo tsa dinagamagae tsa bone.

Buka ya boditšhabatšhaba

YA DIRESIPE

Seno ke se gantsi se diregang ka barutwana ba rona ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba sa kgoneng go ya gae ka ntlha ya go tswalwa ga melelwane ka ntlha ya leroborobo.

 

Ngaka Shernice Soobramoney, mokaedi wa puisano le dinaga di sele kwa YBB, o ne a swetsa ka gore a simolole porojeke ya buka ya diresipe go dira gore baithuti botlhe ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ikutlwe ba amogelesegile le go ratwa ke ba bangwe.

 

O umaka fano gore leroborobo la Covid-19 le fetotse matshelo a bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa batho mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le a baithuti.

 

Bothata jwa go sa kgone go kopana le baratiwa ba bone

 

E re ka melelwane e santse e tswetswe, bontsi jwa baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ka tswa ba sa kgone go tswa ka ditoropo kgotsa ka dinaga tse ba ithutelang kwa go tsone.  Gape ba ka nna ba nna le mathata a tlhaloganyo kgotsa a ditšhelete ka ntlha ya go bo ba sa kgone go kopana le baratiwa ba bone, kgotsa ka ntlha ya go bo baratiwa ba bone ba latlhegelwa ke ditiro mme ba sa kgone go ba thusa ka madi.

 

Dilo tseno tsotlhe di ka nna tsa dira gore baithuti ba ikutlwe ba le nosi mo lefatsheng la seeng.

 

“YBB e na le baithuti ba ba tswang kwa ditšhabeng di ka nna 66 mme re batla gore botlhe fela ba ikutlwe gore ke karolo ya YBB, go sa kgathalesege gore ba ka tswa ba jewa ke bodutu go le go kana kang,” Shernice o bolela jalo.  Ke gone ka moo a ileng a simolola porojeke ya go tlhama buka ya boditšhabatšhaba ya diresipe ya baithuti e e nang le diresipi tsa dinaga tse baithuti ba tswang kwa go tsone.

 

Menu wa yone

 

Shernice o kopa gore a romelelwe diresipi di le tlhano tsa sengwe le sengwe sa ditlhopha tsa dijo tse di fa tlase fano, tse di akaretsang dinkgwe, dijonyana tsa pele go jewa, disopo, dijo tse di nonofileng, dino, dijeme, dijeli, merogo e e innweng mo botšarareng, di-dessert le dikuku.

 

O rotloetsa baithuti botlhe ba ba tswang kwa dinageng di sele le baakatemi-bagolo ba morago ga gerata ya bongaka go romela diresipe tsa bone go PC-internationalrecipe@nwu.ac.za.

 

“Maloko a badiri a kopiwa gore ka tsweetswee a rotloetse baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele mo mafapheng a bone gore ba romele diresipe tsa bone,” o oketsa jalo. Letlha la go tswalelwa ga tsone ke 31 Phukwi 2021.

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka go romelwa ga diresipe, e e jaaka gore go akarediwe tshedimosetso efe, baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ka leba tsebe ya webo ya YBB ya baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele.

 

“Porojeke eno e tla bontsha baithuti ba dinaga di sele ba re nang le bone le go keteka bogone jwa bone mo YBB, mme re solofela gore lo tla rotloetsa baithuti ba lona gore ba tseye karolo mo maitemogelong a a kgatlhang ano. Tsweetswee ba boleleleng gore baithuti botlhe ba ba romelang diresipe ba tla romelelwa buka eno ya eleketeroniki,” Shernice o oketsa jalo.

 

Go apaya go amana le batho botlhe, mme dijo di ka kaiwa e le segoke se se gokaganyang batho botlhe. Go sa kgathalesege gore batho ke ba lotso lofe, ba ja mmogo gongwe le gongwe mo lefatsheng.

Monko wa sinamone, tatso ya phasta e e lobebe le go gaburega ga letlalo le le omeletseng la ditapole tse di besitsweng go ka dira gore o ikutlwe e kete o kwa gae kgotsa go ka go gopotsa dinako tsa fa o na le baratiwa ba gago.

“Porojeke eno e tla bontsha baithuti ba dinaga di sele ba re nang le bone le go keteka bogone jwa bone mo YBB.”

 

- Ngaka Shernice Soobramoney