Morago ga gore bogwebi bo tsenngwe jaaka serutwa* se sešwa, le go tsenngwa ga sone mo dirutweng tse di leng teng mo kharikhulamong ya ga jaanong ya Aforikaborwa, eish! e ne ya buisana le mankge yo mosha wa thuto wa YBB ka ga botlhokwa jwa go tsenya barutwana mowa wa bogwebi ba sa le bannye.

 

Ngaka Adri du Toit, motlhatlheledi-mogolo wa Legoro la Yuniti ya Patlisiso ka tsa Thuto ya Go Ithuta ka Go Ikaela, a re bontsi jwa batho ba leba bogwebi jaaka tiro ya ikonomi le go nna le madi, mme gape e na le boleng mo loagong le mo tikologong.

 

Dilo tseno tse pedi di na le seabe se se botlhokwa mme ga di amane le madi gore di fetole maemo a setšhaba go nna botoka. Mme fano, ke teng fa IK e kgonang go nna le diphelelo tse di molemo teng.

 

Kgato ya ntlha ke go simolola ba sa le bannye

 

“Go ya ka metswedi e e farologaneng ya puisokwalo, basha ba le bantsi ba ikutlwa gore ga ba a baakanyediwa tiro le botshelo sentle ka mo go lekaneng morago ga sekolo,” Adri o bolela jalo.

 

Ba ikutlwa ba sena thuso epe, segolobogolo fa ba lebane le botlhoka-tiro jo bo kana kana. “Bontsi jwa barutwana ba tlogela sekolo mo mophatong wa borobongwe mme go botlhokwa gore bogwebi bo rutwe pele ba fitlha mo go one – go ka nna molemo gore seno se dirwe ka bonako.”

 

Adri a re Lefapha la Thuto ya Motheo le ne la tlhama lenaneo ka 2016 la gore bogwebi bo bo tsenyeleditswe mo mephatong yotlhe ka 2030. Gone jaanong, thuto ya bogwebi e tsentswe fela mo dithutong tsa kgwebo le mo dithutong tsa badirisi ba dikumo.

 

“Mme gone ga go a lekana gore bogwebi bo rutwe mo dirutweng tse dintsi jaaka serutwa se se ikemetseng ka nosi. Gape re tlhoka tshegetso ya barutabana go dira gore e nne serutwa se se kgatlhang le gore barutwana ba se kgatlhegele. Ka ntlha ya moo, mokgele wa lobaka lo lo leele wa ntlha ke go dira gore barutabana ba akanye jaaka bagwebi gore ba tle ba kgone go leba thuto ya bogwebi sentle jaaka e e mosola mo barutwaneng.”

 

Ke teng fa IK e tsenang gone:  barutabana ba tshwanetse go ruta le go rotloetsa barutwana ba bone go dirisa kitso ya bone ya setso fa ba leka go batla go bulega ga ditšhono tsa bogwebi mo tikologong ya bone kgotsa kwa mafelong a a gaufi le bone.

 

Seabe sa IK mo bogwebing

 

Adri a re mekgwa ya dinaga tsa Bophirima ke yone e e siametseng go simolola tsela ya go rotloetsa bogwebi, segolobogolo kwa sekolong. “Re a itse gore seno se batla phetogo e kgolo thata le gore botlhokwa jwa IK mo thutong ya bogwebi bo tshwanetse go tlhomololwa.”

 

A re seno ga se fela go tlosa bokolone mo kharikhulamong; ke go naya kokomana ya ga jaanong kitso e e ba tshwanetseng. “Re bone ka fa kitso ya setso e butseng ditšhono tse dintsi ka gone tsa batho ka bongwe le tsa maloko a baagi.”

 

Go simolola ka rooibos go fitlha ka dikipa tsa Seaforika le diboko tsa mopane

Adri o tlhalosa gore sekai se se itsegeng sentle ke sa go rekisa rooibos mo baaging ba ba mo tikologong. “Go na le dikai tse dingwe tse dintsi tse mo go tsone kitso ya setso e nnileng le tlhotlheletso e e molemo ya maiteko a tlhamosešwa mo bogwebing.

 

“Sengwe sa tsone ke sa kwa Limpopo sa lekawana le le dirang dikipa tsa setso tsa Seaforika le bo le di rekisetsa bajanala. Sekai se sengwe gape mo go yone porofense eo ke sa go omisa le go rekisa diboko tsa mopane tse di lejwang e le dijo tsa maemo tsa Seaforika.”

 

Diporojeke tse di tlang tsa bogwebi di akaretsa go gweba ka lekwati la setlhare sa Moologa jaaka se se kobang ditshenekegi, go gweba ka dino tse di farologaneng tsa setso tse di titietsweng, le tiriso ya semela sa Lippia javanica, se gape se bidiwang setlhare sa Lejaja, se se dirang gore motho a se ka a tshwarwa ke tlala.

 

“Maloko a baagi a ntsha ga tshwene fa a lemoga bokgoni jo kitso ya setso e ba godileng ba na le yone e nang le jone mme ba simolola go e dirisa ka tsela e e nang le boikarabelo le ka mokgwa wa tlhamosešwa, e seng fela go berekela go itlamela mme gape go dira gore lefatshe e nne lefelo le le botoka. Ke dumela gore seno se ka dirwa ka go nna le mogopolo wa bogwebi le go o tshegetsa go tloga bonnyaneng.”

 

*Go ya ka Lefapha la Gauteng la Thuto ya Motheo, dirutwa tse go okeditsweng ka tsone bosheng jaana mo kharikhulamong ya sekolo di akaretsa go kwala melawana e e kgonang go buisiwa fela ke diroboto, Dipuo tsa Seaforika le tsa bogwebi. Dithuto tsa thutatshelo ya ditshedi tsa mo metsing le dithuto tsa maatla a nyutlelia le tsone di amogetswe semmuso jaaka dirutwa tse di tla rutwang mo dikolong dingwe tse di tlhophilweng.

Ga se fela kgang ya madi

 

Ngaka Adri du Toit o rata thata bogwebi ka mefuta ya jone e e farologaneng.

“Ke dumela gore jaaka babatlisisi le diyunibesiti, seabe sa rona ke go thusa barutabana le barutwana go tlhaloganya boleng jo bo feletseng jwa bogwebi.”

 

A re go ruta batho ba megopolo e e sekametseng mo kgwebong gape go tlhabolola dikgono tsa bone tse di jaaka go rarabolola mathata, bokgoni jwa go tlhama, go sekaseka dilo ka kelotlhoko, puisano e e mosola, go tsaya karolo ga dithaka le go akanya ka kelotlhoko e kgolo.

 

“Ke dumela gore boleng jo bogolo jwa bogwebi bo bonwa mo mokgweng wa Ubuntu ― diphelelo tse di mosola tseo seno se ka nnang le tsone mo baaging.

 

“Bogwebi jo bo tlhomang mogopolo mo go rarabololeng dikgwetlho tsa mo baaging mo boemong jwa go dira madi  bo ka rarabolola mangwe a mathata a a masisi mo baaging  jaaka a go tlamela ka metsi le motlakase le go tlamela bagodi ka ditharabololo, ka sekai.

 

“Ka bokhutshwane, eno ke kgang ya go akanyetsa mafelo a a mo tikologong le ditlhoko tsa one le dikgwetlho tsa one le go dira gore botshelo jwa botlhe mo go one bo nne botoka.”

 

Ka fa bogwebi bo ka solegelang tikologo molemo ka gone

 

Ngaka Adri du Toit a re batho mo lefatsheng ba simolola go lemoga boikarabelo jwa bone mo tikologong le dikotsi tsa go fetoga ga tlelaemete, kgotlelo le mathata a go utswiwa ga ditsompelo tsa tlhago. Ba simolola go tsepa mogopolo go boleng jo bogwebi bo nang le jone mo tikologong.

 

“Bogwebi jo bo atlegang bo ruta batho gore mogwebi ga a tshwanela go dira a le nosi fa a batla go atlega le gore go tlhama dikumo ga se selo se mogwebi a ka se dirang a le nosi. Tiro e le nngwe ya bogwebi e ka ama e nngwe mme ka go dira jalo, gape e ama tikologo ka tlhamalalo. Go dira jalo, go rotloetsa mogwebi go dira kgwebo ka tsela e e nang le maikarabelo le go sireletsa le go babalela tikologo.”

e bula ditšhono tse dišwa tsa bogwebi

KITSO YA SETSO

Ngaka Adri du Toit a re kitso ya setso e buletse batho ka bongwe le baagi ditšhono di le dintsi, ka sekai, go gweba ka rooibos ga baagi mo tikologong

Sekai sa ka fa batho ba dirisang kitso ya bone ya setso ka gone mo diporojekeng tsa bogwebi, ke go omisa diboko tsa mopane ba bo ba di rekisa, tse di lejwang e le dijo tsa manobonobo tsa Seaforika.

Go ruta  barutwana ka kitso ya setso (indigenous knowledge [IK]) le gore ba ka e dirisa jang mo ditirong tsa kgwebo go ka bula ditšhono tse disha mo Aforikaborwa.