Baithuti ba kopolola mekwalo fela jaaka e ntse, ga ba nopole mo go yone ka bobone mme ba a kopelana. Bangwe ba bile ba Kôpa batho bangwe go ba direla dikabelotiro tsa bone kgotsa go ba kwalela diteko.

 

Seno se tlhoka go fetolwa mme gore re dire jalo, Sekolo sa YBB sa Filosofi, se se dirisanang le lekwalopaka la Transformation in Higher Education, e ne ya tshwara dithutano tse di tshwarwang ka mafaratlhatlha ya setlhogo se se reng “Go tsietsa, go tlhoka boikanyegi le go Kôpa ka nako ya go ruta le go ithuta mo mafaratlhatlheng. Baithuti bone ba a reng? A re ka kgona go setola seno gotlhelele?”

 

Go ntsha bothata ka metswe

 

Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri  wa go ruta le go ithuta, o ne a amogela batsayakarolo ba ba fetang 100 mo thutanong eno e e tshwarwang ka mafaratlhatlha ka webinara.

 

Bomankge ba ne ba ntsha mabaka a filosofi, a boithutatlhaloganyo le a thutogodimo a go ruta le go ithuta le dipono tsa baithuti ka go tsietsa, go tlhoka boikanyegi le go Kôpa.

 

Ngaka Yolandi Coetser, motlhatlheledi wa mo Sekolong sa Filosofi, o tla a tlotla ka mekgwa e le mmalwa ya tsamaiso-sentle e e ka rotloetsang baithuti gore ba se ka ba tsietsa le go Kôpa.

 

Ngaka Tertia Oosthuizen wa Sekolo sa Boitekanelo jwa Tlhaloganyo o ne a bua gore go tsietsa, go tlhoka boikanyegi le go Kôpa ke maitshwaro a a ithutwang. A re bontsi jwa baithuti ba ba sa ikanyegeng mo dithutong tsa bone tsa akatemi ba go fitlhela go le motlhofo go dira jalo ka gonne ba bone seno se dire gongwe kwa gae kgotsa mo baaging bao ba tswang kwa gare ga bone.

 

Matshwao a bothata jo bogolo go feta

 

Mop Emmanuel Mgqwashu, mokaedi wa kemonokeng ya  go ruta le go ithuta mo legorong kwa Senthareng ya Go Ruta le Go Ithuta, o ne a re go Kôpa – go sa kgathalesege gore a go dirwa ka nako ya go ruta le go ithuta go dirisiwa mafaratlhatlha kgotsa ka mokgwa o sele – ke letshwao la gore go na le bothata bongwe jo bogolo thata.

 

A re gantsi baithuti ga ba itse gore ditsela tse di amogelesegang tsa go bapala kitso, ke eng se tota e leng kitso, le gore ba ka buisa le go ithuta ka kitso eo jang ka ditsela tse di amogelesegang tse di kgethegileng tsa go ikgalemela.

 

O ne a tlhalosa gore go tlhatlhoba baithuti ke go batlisisa go bona gore ba tlhaloganya eng fa ba buisa. Fa baithuti ba sa rutwa ka mo go kgethegileng tsela ya go buisa ka katlego, ba ka nna ba raelesega gore ba kope go tlatsa diphatlha tse di senang kitso mo go bone.

 

Se YBB e se dirang ka bothata jono

 

Thutano eno e e tshwarwang ka mafaratlhatlha e tlhalosa gore yunibesiti e diragatsa seabe sa yone jang go fokotsa bothata jwa go Kôpa.

 

Ngaka Kristien Andrianatos wa Sekolo sa Dipuo ba ne ba neela puo ka ga Referella , porojeke ya go dira ditshupetso e e diretsweng go thusa baithuti ba YBB go nopola metsweditshedimosetso ya bone sentle, gore ba kgone go fokotsa go Kôpa.

 

Mop Marilise Smurthwaite, modini wa nako e e fetileng wa akatemi kwa Kholetšheng ya St Augustine mo Aforikaborwa le moeteledipele wa tiragalo, o ne a umaka Dipuo tsotlhe tse di neng tsa neelwa le dikarolo tse go tshitshintsweng gore di sekasekwe thata le go dira dipatlisiso ka tsone.

 

Go konela thutano eno e e tshwarwang ka mafaratlhatlha, Mop Dumi Moyo, mokhuduthamaga-mogolo wa Legoro la Dithuto Tsa Mekgwa ya Batho, o ne a tlhalosa gore ono ke motlotlo le thulaganyo e e tswelelang pele e mo go yone baithuti, baakatemi le yunibesiti di tshwanetseng gore di dire mmogo.

 

E re ka jaanong go ruta le go ithuta go direlwa mo mafaratlhatlheng ka ntlha ya dithibelo tsa Covid-19, go tlhoka boikanyegi ga baithuti mo dithutong go oketsegile thata mo ditheong tsa thutogodimo, ga ba ikanyege e bile ba a Kôpa.

 

Go emisa go tlhoka boikanyegi ke tiro ya ga mang?

 

Kwa thutanong  ya rona, baithuti ba ne ba batlana le ditharabololo mo batlhatlheleding tsa go tila go tsietsa, go tlhoka boikanyegi le go Kôpa, fa batlhatlheledi e le bone ba neng ba lebeletse gore baithuti e nne bone ba tlang ka ditharabololo.

 

Fa ba bodiwa gore ke eng fa ba tsietsa kgotsa ba Kôpa, ba re go ithuta ka tiriso ya mafaratlhatlha ke maitemogelo a mantšha e bile ba na le bothata jwa go laola nako ya bone sentle le go tswelela ka mokoa wa tiro e ba e newang. Gape ba iphitlhela ba le ka fa tlase ga kgatelelo, e e dirang gore ba feleletse  ba sa ikanyege kgotsa go Kôpa.

 

Go ya ka baithuti, fa batlhatlheledi ba ka tlhoma mogopolo mo mofuteng wa dipotso tse di batlang gore ba tlhalose, tila go boeletsa dipotso tsa dipampiri-tlhatlhobo tse di fetileng le go rotloetsa go dira jaaka setlhopha, go tsietsa, go tlhoka boikanyegi le go Kôpa go tla fokotsega.

 

 

Ka nako ya webinara, baitseanape ba ne ba tlile ka dikakanyo ka ga go tsietsa, go tlhoka boikanyegi le go kôpa ka pono ya sefilosofi, sesaekholoji le ya go ruta le go ithuta mo thutogodimong.

SUPA MO GODIMO GA DITSHWANTSHO GO BUISA GO FETA.

Baithuti le batlhatlheledi ba tshwanetse go dira mmogo go tlhomamisa

GORE GO DIRWA KA BOIKANYEGI