POROKERAMO YA BOTSAMAISI

ya mo tirong e ne ya simolodisiwa – mme ya dirisiwa ke badiri

Ka go tobetsa dikonopo di sekae fela, maloko a badiri a ile a romela dikopo di le 3 175 tse di amanang le dikago kwa lefapheng la dikago ka Tlhakole 2021.

 

Ba dirile jalo ba dirisa Porokeramo e ntšha ya eleketeroniki e e Kopantsweng ya Botsamaisi ya mo Tirong e e bidiwang Planon, morago ga go tsenngwa tirisong ga kgato ya ntlha ya tse tharo ka di 1 Tlhakole.

 

Bontsi jwa dikopo tse di neng tsa tsenngwa e ne e le tsa go baakanngwa ga kago, mme tsa latelwa ke tsa mathata ka didirisiwa tsa motlakase, mme mathata ka go dutla ga metsi e ne ya nna a boraro a a neng a begwa thata.

 

Mo godimo ga go dira dikopo tseno ka go tobetsa dikonopo di sekae fela , gape badiri ba ne ba kgona gore lekgetlo la ntlha-ntlha, ba tseye mathata a dikago tsa bone ka motlhala go fitlha a rarabolwa otlhe.  Mo godimo ga moo, thulaganyo eno e tshegediwa ke Lefapha la Tirelo ya Dikago le le santseng le le lesha.

 

Dikopo tse o ka di tsenyang

 

Dikopo tsa ditirelo tse badiri ba ka di tsenyang mo porokeramong eno mo kgatong ya ntlha di akaretsa tsa go baakanngwa ga dikago, boalo jwa mabala le ditsela mo dikhamphaseng, mmogo le dikopo ka ga didirisiwa tsa motlakase le tsa metšhini, ditirelo tsa polao ya disenyi le dikoloi tsa mo tirong.

 

Ga jaanong jaana dikopo tsa tirelo tsa mo isagweng tsa kgato 2 tse go santseng go baakanyediwa ka tsone di akaretsa dikopo tsa ditlamelwa le tsa go kopa sebaka se se phuthologileng, go segelwa dibaka tseo le dikopo tsa go fudusa dikantoro mo dithulaganyo tsa go fuduga.

 

E re ka maloko a badiri a a oketsegileng mmogo le bana-le-seabe ba rona ba ba kwa ntle ba tlile go dirisa porokeramo eno ya botsamaisi ya mo tirong, go dirwa dithulaganyo tsa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o itse ka fa porokeramo eno e tlileng go ba tlhofofaletsa dilo ka gone fa e simolola go dirisiwa mo dikgweding tse di tlang.

Tobetsa mo sekhutlong se sengwe le se sengwe go buisa go feta

Bona dikarabo tsa dipotso tsa gago

 

Dingwe tsa dipotso tse di ka tswang di go tshwenya di arabiwa fa tlase:

 

Ke ka fitlhelela jang porokeramo e e kopantsweng eno ya botsamaisi ya mo tirong?

 

Tobetsa konopo ya “Dikopo tsa paakanyo le ditirelo tsa dikago” mo tsebeng ya Facilities webpage o bo o latelela ditaelo go tswa moo.

 

Ke tshwanetse go dirang fa ke na le bothata jwa go fitlhelela kgotsa go dirisa porokeramo eno?

 

Ke tshwanetse go dirang fa ke na le bothata jwa go fitlhelela kgotsa go dirisa porokeramo eno?

 

Nomore e ntšha ya call centre ya dikago tseno e e tla bong e dira go simolola ka beke ya ntlha ya Moranang ke X285 3100.

 

Gape o ka nna wa tobetsa konopo ya “Ikgolaganye le lefapha le tirelo” mo tsebeng ya webo ya Dikago e e tla go isang kwa tsebeng e kwa go yone o tla fitlhelang dintlha tsa go ikgolaganya le badiri mo dikhamphaseng tse di farologaneng mme bone ba tla go tsenyetsa kopo.

 

Tlhopho e nngwe ke go romela imeile kwa Lefapheng la Tirelo la Dikago mo khamphaseng ya lona, mme bone ba tla go tsenyetsa kopo ya gago mo porokeramong. Diaterese ke tseno: Facilities-MC@nwu.ac.za, Facilities-PC@nwu.ac.za le Facilities-VC@nwu.ac.za.

Fa o santse o ise o tlhomamisege gore porokeramo ya rona ya botsamaisi ya mo tirong ya Planon e akaretsa eng, o ka nna wa leba diporokeramo tsa go ithuta ka yone tsa khompiutara tse di khutshwane tseno gore di go kaele.