e ntle e tokafatsa metshameko kwa YBB

TEBEGO E NTŠHA E NTLE

“Re tlile go tlhomologa go ya pele jaaka lengwe la mafelo a metshameko mo nageng ya rona leo bontsi bo batlang go tla kwa go lone,” go bolela jalo Jean Verster, mmenejara wa Setheo sa Go Dira ka Natla (High Performance Institute [HPI]).

 

Ditlhabololo di amana le Kago K2 e e tlhabolotsweng bosheng le go rulaganngwa bosha, e e tla rolelwang go beng ba yone kwa bokhutlong jwa Motsheganong 2021.

 

Go ikaeletswe gore go tsenwe mo go yone kwa bokhutlong jwa ngwaga.

 

Kago K2 e tla nna le lefapha la HPI le diyuniti tse dingwe tsa patlisiso le thuto jaaka Senthara ya Pholo le Go Dira ga Batho le Setheo sa Thuto ya Tsamaiso ya Methapo ya Mmele, se ga jaanong jaana se leng kwa Cachet Park kwa kagong ya Virgin Active.

 

Lefapha la ditirelo tsotlhe tsa baatlelete

 

“Fa re fudugela kwa kagong e ntšha, re tlile go nna lefapha la ditirelo tsotlhe tsa baatlelete. O ka se dumele se se tlileng go direga,” go bolela jalo Jean.

 

Go ruta le go ithuta ga baatlelete go tla direlwa kwa Kagong K21, mme dikago tsa go itshidila mmele le tsa tsamaiso tsone di tla nna kwa Kagong K2.

 

Gape, mo isagweng kago eno e tla tsenya le mafapha a metshameko e mengwe jaaka ya rakabii, kirikete, bolotlowa, hokhi, diatleletiki le kgwele ya dinao, gareng ga tse dingwe, mmogo le lefelo la dijiminasi le dikago tse di ntšha tsa  kgopololo.

Dikago tse di ntšha di tla akaretsa mafelo a go ikoka ka didirisiwa tse di dirisang serame, Phaposi ya okosejene, sedirisiwa se go tabogwang fa godimo ga sone se se senang maatla-kgogedi, didirisiwa tsa kgatelelo tsa NormaTec mme gongwe phaposi ya didirisiwa tse di tlhagisang serame (go ikoka ka didirisiwa tse di dirisang serame).

Ke bogologolo go ntse go itsiwe gore YBB e na le mafelo a maemo a a kwa godimo a metshameko. Mafelo ao a tla tokafala le go nna mantle go ya pele fa go tlhabololwa ga Mabala a Metshameko kwa Fanie du Toit kwa Khamphaseng ya Potchefstroom go sena go wediwa mo bogautshwaneng.

Eno ke kago ya ga jaanong ya Setheo sa Go Dira ka Natla.

Setlhopha se se sa tshwaneng le sepe .... Go tswa ka fa molemeng ke Jerry Motsau wa HPI (mothusi wa tsa tsamaiso), Ruben Gouws (mookamedi wa go maketa, wa mmedia wa botsalano le ditiragalo), Norman Smith, (tlhogo ya karolo ya lefapha la HPI), Jean Verster (mmedia wa botsalano wa HPI) le Tebogo Motlogelwa (mothusi wa tsa tsamaiso) fa pele ga kago ya K2.

 

Fa kago eno e sena go wediwa, e tlile go nna kago ya maemo a a kwa godimo ya ditšhono tse dintsi.

 

“Diphuduga tseno di tla tlhoma mogopolo thata mo tirong ya patlisiso le go tlamela baatlelete botoka ka ditlhoko tsa bone, mme ka kakaretso, YBB e tla ngoka baatlelete go feta pele,” go bolela jalo Jean. .