Ga twe totlelelo ya lefatshe ka bophara e naya batho nako ya go ntsha bokgoni jwa bone jwa go tlhama fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II ka gonne batho ba batla ditsela tse di sa tlwaelegang tsa go tsweletsa pele mekgwa ya bone ya boitapoloso, mekgele ya bone ya tiro le dikamano tsa bone le ba bangwe.

 

Mongwe wa ba ba dirileng jalo ke Ria Booysen, motlhatlheledi-mogolo wa Legoro la Thuto kwa Khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Ria a re tsela e batho ba lebanang ka yone le go borega e botlhokwa mo botsogong jwa bone jwa tlhaloganyo. A sa ntse a rialo, o lwantsha go borega e bile o ipoloka a itekanetse sentle mo mogopolong ka go boloka diatla le tlhogo ya gagwe di tshwaregile ka tiro.

 

“Ke na le dilo di le dintsi tsa go ikentsha bodutu,” Ria o a tshega, a tlhalosa gore gantsi o simolola porojeke ya gagwe ya go ikentsha bodutu ka tlhagafalo e kgolo, a bo a dira halofo ya yone fela a bo a e baya mo khabotong. O ntse a tshwaragane le bo baakanya bothata joo ka nako ya totlelelo ya ga jaanong jaana, ka gonne jaanong o na le nako e a ntseng a e tlhoka ya go feleletsa diporojeke tsa bogologolo a bo a simolola go rulaganyetsa dilo tse di ntšha tsa go ikentsha bodutu.

 

Banna! O ntse a tshwaregile tota!

 

Mme fa o ithaya o re ke tsone fela dilo tse Ria a neng a di dira, ene o tlhalosa gore o ile a bo a leka go tsenya setlogolo sa gagwe sa mosimane, e leng Laurence, sekolo sa mo gae, o na le dintša di le tharo tsa mofuta wa Yorkshire terrier le papalagae ya mo Aforika ya Mmala o Mosetlha tse a di tlhokomelang, e bile o akanyetsa go tsenela botaki jwa ditshwantsho tse di bopilweng ka majana a a kgomareditsweng.

Ria yo o tlhaga o baka kuku.

Tobetsa dikonopo tse di ka fa molemeng go ithuta go le gontsi ka ga dilo tse Ria a di ratang thata tsa go ikentsha bodutu: go dira mo tshingwaneng, go baka dikuku, go taka ditshwantsho le go loga.

It appears you don't have Adobe Reader or PDF support in this web browser.

Click here to download the PDF

Go bonala polelo e e latelang fano e le boammaaruri, e e reng: Fa tiro e tsamaya sentle, ga o batla go e tlogela!

Fa o le motho yo o sa kgoneng go nna felo go le gongwe fela mme o sa itse gore o direng ka diura tse dintsi tsa totlelelo tse o nang le tsone, goreng o sa ntshe bokgoni jwa gago jwa go tlhama?

Ria o ntsha bokgoni ka nako ya totlelelo

GO THIBELA

GO BOREGA

Tobetsa dikonopo tse di ka fa mojeng go ithuta go le gontsi ka ga dilo tse Ria a di ratang thata tsa go ikentsha bodutu: go dira mo tshingwaneng, go baka dikuku, go taka ditshwantsho le go loga.

Tobetsa fa go gatisa resipe e.

Go kgatlhegela thata

RESIPE YA GA RIA

Eno ke resipe ya lofo ya dipanana e Ria a e ratang thata: