Simolola letsatsi ka

cAPPuccino

Alamo e a lela. O a apara, o dira dilonyana tsa lelapa, o nwa kopi ya kofi kgotsa ya tee ka bonako, o bo o tswa o ya khamphaseng. Yho!. A o lebetse sengwe? Ee, o tshwanetse go araba dipotso tsa sediriso sa YBB tsa go tlhatlhobiwa pele o tsena mo khamphaseng.

 

O dira jalo fa e le gore o setse o weditse teko ya katiso ya Covid-19 mo eFundi.

 

Ya kwa eFundi mme o tsene ka nomoro ya gago ya Modiri le khunololamoraba ka go tobetsa LOGIN mo sekhutlong sa moja kwa godimo. O tla bona kgokaganyo ya kwa Katisong ya COVID 19 ya batho ba ba batlang go tsena mo Khamphaseng mo setlhogong sa “Message of the day” mo lefelong la tsebe ya go tsena mo eFundi.

 

Molao o o beilweng wa gore go arabiwe dipotso tsa sediriso pele letsatsi le letsatsi, ke wa gore o tshwanetse go fitlhelela 100% mo tekong ya tsone. Fa o sena go dira teko eo (gangwe le gape, fa go tlhokega) mme jaanong o na le maduo otlhe, maduo ao a tla tlhaga kwa godimo ga lenaane la dipotso tsa patlisiso la sekerini sa go tlhatlhobiwa pele, mmogo le leina la gago le nomore ya yunibesiti.

 

E re ka jaanong o fitlheletse maduo ano, o ka simolola go sala morago dikaelo tsa sediriso seno tsa letsatsi le letsatsi.

 

Tsela ya go fitlhelela sediriso

 

Sediriso seno sa mo inthaneteng sa DIY se ka fitlhelelwa ka sedirisiwa sepe fela sa eleketeroniki.

 

Go se fitlhelela bonolo, dirisa sedirisiwa sa go fenyenkolola (jaaka Google) gore se go ise kwa tsebeng e go tla bulegang yone ya YBB, mme o tobetse DIY Services mo sekhutlong se se kwa tlase ka fa mojeng wa tsebe. Fa o sena go tsena mo go CAS ka nomore ya gago ya yunibesiti le ka khunololamoraba, tobetsa aekhone ya Go Thatlhobelwa CovID-19 Pele. E tla go isa pele kwa tsebeng ya tholoboikarabelo, morago ga moo kwa lenaaneng la dipotso tsa patlisiso tsa letsatsi le letsatsi.

 

Fa o dumalana le seane se se reng setshwantsho se tlhaloganyesega bonolo go gaisa mafoko, tobetsa fano go leba setshwantsho-tshedimosetso se se bontshang tsela ya go fitlhelela sediriso mo seleng ya gago.

 

Ka bonako fela fa o sena go araba dipotso, sediriso se go romelela imeile le sms ya letshwao le lehibidu kgotsa le le tala, le o tla tshwanelwang ke go le supa fa o goroga kwa botsenong jwa khamphase.

 

Se se kaiwang ke matshwao ano

 

Go amogela letshwao le lehibidu go kaya gore o mo kotsing ya go ka tswa o tsenwe ke Covid-19. Mo kgannyeng eno, o ka nna wa romelwa kwa senthareng ya pholo ya khamphase, kgotsa kwa modireding yo mongwe wa tsa kalafi yo o itlhophelang ene, mme ga o kitla o letlwa go tsena mo YBB ka bowena.

 

Fa o amogela letshwao le le tala, go raya gore ga go na mathata. O tla letlwa go ya kwa lefelong la go tlhatlhobelwa matshwao a bolwetse jono kwa botsenong, koo go tla fitlhang go tsewa thempereitšha ya gago gone. Go ikaegile ka gore thempereitšha ya mmele wa gago ya reng, le gore a o amogetse tetla pele ya gore o ka boela mo tirong le gore a karata ya gago ya badiri e tsosolositswe gore o kgone go tsena, o tla letlwa gore o ye kwa lefelong la gago la tiro.

 

Go tweng ka tshedimosetso ya poraefete?

 

Ka go araba dipotso tsa sediriso, o romela tshedimosetso e e ka tswang e le ya khupamarama e bile e le ya poraefete, mme o ka tlhomamisega gore YBB e tlotla tshedimosetso ya gago ya poraefete.

 

Yunibesiti e tla tlotla le go sireletsa tshedimosetso yotlhe go ya ka fa molao o o tlhomilweng o letlang ka gone, go akaretsa le melawana e e kgethegileng ya Covid-19.

Dintlha go ya pele ka dipotso tsa sediriso

 

Fa o sena go fitlhelela sediriso, o tla tshwanelwa ke go araba dipotso di le tlhano ka pholo ya gago, le tse nne ka batho ba o kopaneng le bone bošeng jaana le hisitori ya maeto a o a tsereng, le gore a dipholo tsa tlhatlhobo di bontshitse gore a o na le Covid-19.

 

Mo karolong ya ntlha, o tshwanetse go supa gore a o ile wa ikutlwa o na le matshwao a bolwetse a a jaaka letshoroma kgotsa go sitwa, kgotlholo, mometso o o botlhoko, go felelwa ke mowa kgotsa mathata a go hema, le diphetogo dipe mo kgonong ya ya go utlwa tatso kgotsa go dupa

 

Karolo ya bobedi e ka ga metsamao ya gago ya bošeng jaana, e go botsa gore a o ile wa amana gaufi thata le mongwe yo o nang le Covid-19, le gore a o ile wa tsaya loeto go tswa porofenseng (kgotsa naga) e nngwe go ya kwa go e nngwe le gore a teko e bontshitse gore a o na le Covid-19.

Sediriso seno se tlhamilwe ke bomang?

 

Bomankge ba IT, mmogo le bana-le-seabe ba bangwe ba YBB, ba ne ba sesa bosigo dibeke di le nne ba tlhama sediriso seno.

 

Mme eo e ne e se yone fela tiro ya bone. Go ntse go ntse jalo, ba ne ba tlhama sediriso se sengwe gape se se ka dirisiwang ke badiri ba disenthara tsa tlhokomelo ya pholo tsa khamphase go boloka direkoto ka sone morago ga go tlhatlhoba badiri le baithuti.

 

Tobetsa fano go buisa ka tiro e e seng kana ka sepe eno, e e neng ya wediwa ka tlhagafalo e kgolo le ka boineelo.

 

 

 

Goreng sediriso seno se tlhokega

 

Sediriso seno ke sekai se sengwe sa ka fa YBB e bontshang mokgwa wa yone wa go amega ka ba bangwe. Botshelo jwa baithuti le jwa badiri bo botlhokwa mo go  rona, e bile re batla go ba boloka ba sireletsegile mo nakong eno ya leroborobo la Covid-19.

 

Mo godimo ga kamego ya rona e e tswang pelong ka maloko a rona, molao gape o re tlhoka gore re thibele kanamo, le kgonego ya go ka amana le batho, ba ba nang le Covid-19. Gore re kgone go dira jalo, re tsaya dikgato tse di farologaneng:

 

• Re naya baithuti le badiri kgono ya go "itlhatlhoba pele”, pele ba etela YBB.

• Re tlhatlhoba batho kwa dihekeng tsa YBB.

• Go tlhomamisa gore batho ba ba leng mo dikagong tsa YBB ba ngaparela melao ya go tsenya dimmaseke, go katogana go thibela tshwaetsano le go itlwaetsa mekgwa ya go boloka bophepa.