Setlhopha se se dirang ka natla sa Laeborari le sa Tirelo ya Tshedimosetso (Library and Information Service [LIS]) se ne sa tswelela pele go tlhomamisa gore badiri le baithuti ba ne ba kgona go tswelela ka tiro ya bone le ka dithuto tsa bone, ka go newa ga bone tshegetso e e di gaisang tsotlhe.

 

Le fa dikago tsotlhe tsa laeborari tsa YBB di ne di tswetswe ka maemo 4 le a 5 a totlelelo, badirisi ba ne ba santse ba kgona go fitlhelela ditirelo ka laeborari ya inthanete.

 

“Tota le e leng bogologolo pele ga totlelelo, re ne re na le dilaeborari tsa mefuta e mebedi — ditirelo tsa laeborari ya inthanete le laeborari ya mmatota,” go bolela jalo Ngaka Mathew Moyo, mokaedi-mogolo wa Laeborari le Tirelo ya Tshedimosetso. O oketsa fano ka go re laeborari ya mo inthaneteng ke yone ya konokono e e neng ya dira gore ditirelo di kgone go tswelela pele ka nako ya totlelelo.

 

Se boife fa thuso e le gaufi

 

Mathew a re setlhopha sa LIS se tlhomile dikgato di le dintsi tsa go tlhaeletsana le badirisi ka ga ditirelo tsotlhe tse di neng di le teng mo inthaneteng.

 

Tsebe ya webo ya laeborari e ne ya fetolwa go sekae gore e tlamele ka tshedimosetso e e amanang le kemonokeng, ditirelo le go fitlhelela metswedi ya tshedimosetso ya eleketeroniki (e-resources), ka tirelo ya go tlotla mo inthaneteng, ya LibAnswers le ya FAQs.

 

Nomore ya WhatsApp ya LIS (066 028 7119) e ne ya bulwa gape mme badiri ba laeborari le bone ba kgona go ikgolaganya le badiri ka tlhamalalo ka sedirisiwa sa go tlotla sa Ask Us. Badiri botlhe, mme segolobogolo badiri ba laeborari ba legoro, ba fuduseditrse megala ya diofisi tsa bone kwa diselefounong tsa bone mme ba abelana dinomoro tsa bone le badirisi gore ba ba thuse fa go tlhokega.

 

Gape badirisi ba ka kgona go golagana le badiri ka diimeile le ka diakhaonto tsa mmedia wa botsalano.  Badiri ba laeborari ba legoro ba santse ba le teng ka nako ya diura tsa tiro go simolola ka 8:00 go ya go 16:30 go thusa badiri le baithuti ka dipotso tse ba nang le tsone le ka tshedimosetso.

 

Ditirelo tsotlhe di kgona go fitlhelelwa

 

Mathew a re laeborari ya mo inthaneteng ga se laeborarinyana. E dira diura tsotlhe letsatsi lengwe le lengwe la beke, e bile ditirelo tsotlhe di kgona go fitlhelelwa mahala.

 

O rotloetsa badiri le baithuti gore ba tswelele ba dirisa dibuka le makwalopaka a bone a inthanete. Metswedi ya tshedimosetso  ya mo inthaneteng gape e akaretsa didirisiwa tsa mahala tsa Covid-19 le tshedimosetso e e abilweng ke batlamela ka dithoto bangwe ba LIS.

 

Mathew a re lobaka lwa nako ya go dirisiwa ga didirisiwa tseno tsa mahala lo simolola ka Mopitlwe go fitlha mo e ka nnang ka Lwetse 2020. “Ka metswedi ya tshedimosetso yotlhe e re nang le yone mo inthaneteng, le kemonokeng e re tlamelang ka yone, molaetsa wa rona go badiri ke o o reng: golagana le rona o le kgakala mme ruri re tla go thusa.”

 

Go gatela pele

 

Go ya ka Mathew, katiso ya setlhopha e tla tswelela ka Seetebosigo. Katiso eno ya badirisi e tla tlhoma mogopolo mo tirisong ya dibuka tsa eleketeroniki (e-books), EndNote, ditshupetso le go kôpa. "Re rotloetsa badiri go romela dikopo tsa bone go badiri ba laeborari ya legoro la bone kgotsa go beeletsa mo inthaneteng nako ya go katisediwa go dirisa Laeborari le tsebe ya webo ya Tirelo ya Tshedimosetso.

 

“Fa dikgato tsa totlelelo di letla, gape re rulaganyetsa go simolodisa ditirelo tsa go romelelwa didirisiwa kwa gae. Seno se tla thusa badirisi go beeletsa dibuka tse di porintilweng ka khataloko ya mo inthaneteng. Mothusi o tla ba isetsa tsone ka koloi ya gagwe mme a fitlhe a phake mo go kailweng gone."

 

Go tloga fano go ya pele, LIS e tla tswelela pele go tsenya tirisong dikgato tse di gagametseng tsa go katogana go thibela tshwaetsano, segolobogolo mo teng ga dikago tsa laeborari ka botsone mo dikhamphaseng di le tharo.

 

“Boitekanelo jwa badirisi ba rona le badiri bo botlhokwa thata mo go rona mme re tla tswelela pele go thusa ka go lwantsha kanamo ya mogare wa korona re ntse re tlamela badiri le baithuti ka ditirelo tsa maemo a a kwa godimo.

 

 

Ngaka Mathew Moyo ke mokaedi-mogolo wa Tirelo ya Laeborari le Tshedimosetso.

Mo dinakong tseno tse re sa tlhomamisegeng ka tsone tsa Covid-19, le ka nako ya fa totlelelo e ne e le ya maemo a a gagametseng go a feta otlhe, re ne re tlhomamisega ka selo se le sengwe – badirisi ba laeborari ya YBB ba ne ba kgona go fitlhelela ditirelo le didirisiwa ntle le kgoreletsego epe.

Tobetsa diaekhone tse di fa tlase go bona ka fa tiriso ya LibGuides le metswedi e mengwe ya tshedimosetso e e ratwang thata e tlhatlogileng ka bonako ka gone.

 

Dipalo di a tlhatloga

 

Mathew a re go kgothatsa tota go bona gore badirisi ba amogetse dilaeborari tsa mo inthaneteng tsa YBB ka diatla tsoopedi.

 

“Dipalopalo tsa go fitlhelelwa ga ditirelo dingwe ka nako ya totlelelo di tlhatlogile jaanong, di kwa godimo go feta tsa lobaka lono ka 2018 le ka 2019. Sekao se se molemo sa seno ke laeborari ya tsebe ya webo. Go tsenwe mo go yone gangwe le gape makgetlo a le 352 364 go simolola ka Mopitlwe go fitlha ka Motsheganong. Mo makgetlong mangwe, palo ya go tsena mo go LibGuides* e ne ya batla e menagana sebedi go feta ya dingwaga tse di fetileng.

 

A re ka Motsheganong fela, go ne ga tsenwa mo go Boloka, e leng Bobolokelotshedimosetso jwa Setheo sa YBB,  makgetlo a le 74 457 go dira patlisiso mme DaYta Ya Rona, polatefomo ya YBB ya patlisiso ya go laola tshedimosetso, e ile ya lejwa makgetlo a le 776 le go laisololwa makgetlo a le 388. Go simolola kwa bokhutlong jwa Mopitlwe go fitlha kwa tshimologong ya Motsheganong, sefalana-tshedimosetso sa makwalopaka a eleketeroniki (e-journals) a ne a etelwa ga 137 319.

 

Badiri ba laeborari ba ne ba faraferwe ke tiro. Badiri ba laeborari ba legoro ba ne ba amogela diimeile di le 1 144 tse di neng di kopa kemonokeng ka tiriso ya inthanete kgotsa ka tshedimosetso nngwe, gape ba amogetse megala e le mentsi. Mathew a re tirelo ya go sekena (ya metswedi ya tshedimosetso e e neng e bonwa fela ka fomete e e porintilweng) e ne e ratwa thata e bile e tswelela pele e le e e ratwang thata ke badiri ba baakatemi ba ba neng ba tlhoka didirisiwa tsa tiro le tsa go dira patlisiso.

 

* LibGuides ke dikaedi tsa laeborari tsa dirutwa tse di totobetseng.

 

  • Metswedi e e rategang ya tshedimosetso ka nako ya totlelelo

    Dibuka tsa eleketeroniki (e-books) di ne tsa dirisiwa thata mo maemong a ntlha a mabedi a totlelelo ya naga yotlhe. Kgolo ya tiriso ya e-book Central (eBrary) e ne ya fitlha go palo ya 16 484 ka Motsheganong, fa e bapisiwa le palo ya 4 991 ka Moranang 2020. Palogotlhe ya tiriso ya buka ya eleketeroniki (e-book) ka Moranang e ne e le 45 832, le 49 273 ka Motsheganong.

     

    Dikaelo-tshupetso le tsone di ne di ratwa thata, jaaka go bontshitswe mo lenaanethalong la kabo:

    Leina-Kaelo Mopitlwe 2020 Moranang 2020 Motsheganong 2020
    Kaelo-Tshupetso ya Harvard ya YBB 25 010
    11 155 14 844
    Kaelo-Tshupetso ya Molao wa YBB
    4 513 3 748 3 972
    Kaelo-Tshupetso APA 1 740 1 043 2 164
  • Mekgetlo a go tsena mo di LibGuides tsa serutwa

    LibGuides ke dikaelo tsa laeborari tsa ditlhopha tse di rileng tsa serutwa. Boikaelelo jwa dikaelo tseno ke go naya badiri tshedimosetso e e kgethegileng e e amanang le matswedi e e leng teng le diteng-thuto tse di tsamaisang le thuto e ba e ithutelang.

    Ditebego tsa Tsebe ya LibGuides 2018 2019 2020
    Mopitlwe 39 983
    45 226 77 857
    Moranang
    30 542 28 963 43 212
    Motsheganong 33 020 22 596 45 242

YBB e isa badirisi ba laeborari kwa

LAEBORARING YA INTHANETE