Pholisi ya Laeborari
le Ditirelo tsa Tshedimosetso:
LEBAKA LA
GO BO E LE BOTLHOKWA
MO GO WENA
Seno se boammaaruri segolobogolo kwa setheong sa akatemi jaaka sa YBB, e leng lone lebaka la go bo pholisi ya Laeborari le ya Ditirelo tsa Tshedimosetso (Library and Information Services [LIS]) e le botlhokwa thata.
Pholisi eno e ne ya tlhamiwa go akantswe ka maikaelelo a a latelang:
Pholisi ya LIS e tlhalosa seabe sa setlhopha sa botsamaisi sa go dira gore banaleseabe botlhe ba kgone go fitlhelela dipholisi, melao le melawana e bile e tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore LIS e tshwanetse go tsaya karolo ka tlhagafalo mo mokgweng o mošwa wa go ruta le go ithuta le mo go direng patlisiso ya maemo a a kwa godimo mo YBB. Ditirelo tse e tlamelang ka tsone, tse e di bolokang di le gone le go di tokafatsa e tshwanetse go nna tsa lobaka lo lo leele e bile di sa ture.
Go ya pele, LIS e tshwanetse go nna nngwe ya dilaeborari tsa lefatshe ka bophara ya ditirelo tsa tshedimosetso e e rotloetsang tirisanommogo ya bosetšhaba le ya boditšhabatšhaba.
Pholisi e tswelela pele go tlhalosa mathata a tsa taolo, a tlhaeletsano, a go tlamela ka tshedimosetso e e tlhokwang le botsamaisi, go direla batho ditirelo, go katisetsa batho tshedimosetso ya puisokwalo, tshegetso ya go dira patlisiso le tirisanommogo le ditlamo tse di kwa ntle.
Diabe, ditshwanelo le maikarabelo a setlhopha sa botsamaisi sa LIS le badirisi ba yone le tsone di a tlhalosiwa mo pholising eno.
Fela jaaka go ntse ka dipholisi tse dingwe tsotlhe kwa YBB, pholisi ya LIS e tshwanetse go tlhabololwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano le go rebolwa ke Senete le ke Lekgotla, mme go akanyediwe ditshitshinyo dipe fela tsa badirisi ba laeborari tsa tlhabololo.
Mokwadi Neil Gaiman o kile a re: "Google e ka go busetsa dikarabo di le 100 000, modiri wa mo laeboraring ene a ka go busetsa e e opang kgomo lonaka."