Lefapha la ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale le ikarabela ka dilo tse di latelang:
Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale di tlhomamisa gore re kgona go gaisana le ditheo tse dingwe. Ka go tlhaloganya mekgwa, dikotsi le ditšhono mo teng ga setheo sa thutogodimo, batsamaisibagolo ba ka atlega mo go direng gore thulaganyo ya YBB e fitlhelele mekgele ya yone.
Seno ke se se dumelwang ke Rre Jan-Hendrik Viljoen, mmenejara wa Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale tse e leng karolo ya yuniti ya *Thulaganyo e e Kopantsweng le Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale (Integrated Planning and Strategic Intelligence [IPSI]) e e neng ya tlhomiwa bošeng jaana fa Yuniti e ne e rulaganngwa boša.
Dikgang go ya pele ka Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale
Kgopolo eno ya ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale e simolotse kwa sesoleng, mme e kgona go tsenngwa tirisong gongwe le gongwe fela e bile e na le boleng. Gompieno jaana, e kgona go dirisiwa mo ditheong tse dintsi thata, go bolela jalo Jan-Hendrik.
Lefapha la Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale le kopanya dikgopolo tse di jaaka tshedimosetso ya botsamaisi, Tshekatsheko ya Tshedimosetso le go Thusa Beng ba Yone ka Ditshwetso tse di Siameng, ka botlhale jwa go gaisana le ba bangwe le ka kitso ya botsamaisi.
Mo YBB, ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale di dirisediwa go tlhaola deitha ya thutogodimo le go e tlhalosa le go bapisa boemo jwa YBB mo setheong seno le boemo jwa ditheo tse dingwe le go dira patlisiso ka jone. Boleng jwa botlhale jo bo dirisitsweng ke gore bo letla modirisi go lemoga dikotsi le ditšhono, le go dira ditshitshinyo tsa ka fa dikotsi di ka fokodiwang ka gone le go sola molemo ditšhono tseo.
Jan-Hendrik o tlhalosa gore mo nakong e e fetileng lefapha la gagwe le ne le tlhomile mogopolo thata mo go tlameleng badirisi ka deitha le ise le e sekaseke pele le go ba tlhaba botlhale ka yone. Fa e sa le ka nako eo, go tlhomiwa mogopolo mo sengwe se sele, e leng go ba tlamela ka tshedimosetso e e tla ba thusang le go tlhama kitso ka go batlana le deitha, dipalopalo le go bona gore boemo bo tlile go felela jang, jalo le jalo. Morago ga moo tshedimosetso eno e dirisediwa go diragatsa leano la YBB le go laola ditiro tsa letsatsi le letsatsi.
Ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale le tshekatsheko ya tshedimosetso le tsone di nna karolo ya thulaganyo ya go rarabolola mathata ka go naya badira-ditshwetso tšhono ya go akanyetsa maemo a a farologaneng ka ga ditiragalo tsa mo isagweng, go fetofetoga ga maemo, matshosetsi, dikotsi le ditšhono.
Sekao se se mosola
Sekao se se siameng sa go kokoanya tshedimosetso ke patlisiso e e neng ya dirwa ke lefapha la ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale mo ngwageng o o fetileng kago atlega ga baithuti mo mananeothutong a go okeditsweng ka one. Maloko a setlhopha a ne a leba tiro e e dirwang ke baithuti mo mananeothutong a a farologaneng le ka fa ditshupo tse di farologaneng tsa tiro di neng di ba rotloetsa ka gone tse di jaaka dipholo tsa materiki, Maduo a go amogelwa mo setheong (Admission Point Scores [APS]) le puo e ba e buang. Setlhopha sa botsamaisi se ne sa romelelwa ditshitshinyo tsa ka fa bothata bo ka rarabololwang ka gone, jaaka go tlhabololwa ga dipatlafalo tsa go amogelwa mo setheong.
Thulaganyo ya Maemotiro:
Lefapha la ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale le epela kwa teng go batlana le botlhale
Mop Linda du Plessis
Mothusa Motlatsa-Mokanseliri: Dithulaganyo le Ditiro tsa
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa
Riaan
Jansen van Vuuren
Mankge wa Ditogamaanobotlhale
Ditogamaano ka Botlhale
Jan-Hendrik Viljoen
Mokaedi wa Ditogamaanobotlhale
Sanri
Joubert
Mankge wa Ditogamaanobotlhale
Anton
Styger
Mankge wa Ditogamaanobotlhale
Retha
van Deventer
Mankge wa Ditogamaanobotlhale
Phatlhatiro
Mankge wa Ditogamaanobotlhale
Ronell
Pietersen
Motlhankedimogolo wa Tsamaiso
Phatlhatiro
Mankge wa Ditogamaanobotlhale
A o ne o itse?
Tshedimosetso e e tlhagisitsweng ke lefapha la Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale e ka fitlhelelwa ke leloko lengwe le lengwe la badiri ba YBB ba ba kgonang go fitlhelela deitha le mo dipego di beilweng gone.
Ga e kitla e fitlhelelwa fa karolo ya deitha e e kopiwang e na le tshedimosetso ya poraefete e e welang ka fa tlase ga Molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya Poraefete. Fa go ntse jalo, lefapha la YBB le la Ditirelo tsa Kgwebo le tsa Tshedimosetso ya Bolaodi le tshwanetse go romelelwa kopo ya semmuso ya go newa tshedimosetso.
Lefapha la Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale le na le phothale ya go romela pego mo interaneteng ya badiri e e nang le mefuta e e farologaneng ya deitha, go akaretsa le baithuti, badiri le deitha ya patlisiso. Phothale eno e ka kgona go fitlhelelwa ke badiri botlhe ba ba dirisang mainatiriso le dikhunololamoraba tsa bone tsa yunibesiti. (E ya kwa interaneteng ya badiri mme o tobetse Resources mo bareng e e fa godimo, o bo o tobetsa Strategic Intelligence: HEDA Dashboards.)
Ka dinako tse dingwe, deitha e modirisi a ka tswang a e batla e ka tswa e le ntsi thata e bile e raraane. Dikopo tseno di ka romelwa kwa go Ronell Pietersen.
*IPSI gape e na le diyuniti tse dingwe tse pedi, ya Tokafatso ya Boleng (leba Eish! e e fetileng). le Setheo sa Patlisiso (setheo seno se sa ntse se tlile go tlhomiwa). Mmenejara wa lefapha kwa IPSI ke Mop Linda du Plessis, yo e leng mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le ditiro tsa khamphase mo Vanderbijlpark.
Mo athikeleng eno e e ka ga motseletsele wa rona ka dithulaganyo kwa YBB, re leba lefapha la Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale, le le kileng la bo le bidiwa Tshedimosetso ka tsa Botsamaisi.
Thulaganyo e e Kopanetsweng le
Ditogamaano ka Botlhale (IPSI)
Tokafatso ya Boleng